Safety										Tswana

Pabalesego e tla pele



Instructions: 

Folio strap: Pabalesego 

Byline: Tshedimosetso e tswa mo kaeding ya Grain SA: Diterekere le didiriso tsa polase

Insert: Tsiboso



Jaaka beng ba diterekere le didiriso, o tshwanetse go elwa tlhoko ntlha ya gore o rwele maikarabelo a mongwe le mongwe yo o dirang ka didiriso tsa gago re ka fa tlase ga melao e e farologaneng e e tsamaelanang motlakase, kgeleloleswe, tsenyomowa, diaparotshireletso, phepafatso dimatšhine gammogo le peoleitlho ya bao ba ba dirang ka didiriso tse kotsi. 



Maemo a a sa babalesegang gantsi ke a a amanang le:

Lebelo le le kwa godimodimo;

Hhokego ya tirise ya didiriso tsa pabalesego;

Nyalanyo ya metšhine e e tsamayang;

Hhaelo ya dithebe tsa tshireletso.



Melawana ya pabalesego

Ishoboko ya melawana ya pabalesego ya tiriso ya didiriso tsa bodirelo ke e:

Dirisa sediriso se se siameng: Ae pateletse didiriso tse dinnye go dira tiro ya sediriso sa tiro e e bokete.

Hamela didiriso ka tlhokomelo: Ishola didiriso di le bogale kgotsa di nyalantswe sentle mme o di phepafatse gangwe le gape. Netefatsa gore mekgothi e gagamaditswe ka tshireletsego.

Dirisa digalase tsa pabalesego le didiriso tse dintsi. Dirisa maseke wa sefatlhego le lorole fa tiro ya go sega e diragala mo loroleng.

Ishola disireletsi di le mo maemong le seemo sa go dira.

Kgaphela bana kwa thoko: Baeng botlhe ba mo bodirelong ba tshwanetse go nna sekgala se se babalesegileng go tswa kgaolong ya bodirelo.

Ishola kgaolo ya bodirelo e le phepa: Dikgaolo tse di makgerokgoro le dibanka di laletsa dikotsi.

Boloka didiriso tse di sa direng: Fa di sa dirisiwedidiriso di tshwanetse go bolokwa – go tswa mo tseleng. Gokolola didiriso tsa motlakase tsotlhe fa di sa dire.

Apara diaparo tse di maleba: Diapare tse di masabusabe di kgona go tshwarega mo dikarolong tse di tsamayang.

Sireletsa tiro: Dirisa ditlelempe kgotsa baese go tshwara tiro. Go babalesegile go na le go dirisa mabigo a gago e bile go golola mabogo a gago oomabedi go dirisa sediriso.

Se pateletse sediriso: Se tlaa dira tiro botoka le ka pabalesego ka selekano se se se diretsweng.

O se ke wa gabalala: Eina sentle o balansitse ka dinako tshotlhe.

Goga dipannere – se di kgorometse. Fa o tshwanela go kgorometsa, dirisa serethe sa seatla mme seatla se nne se bulegile. Se se tlaa boloka dinoko tsa menwana.

Dirisa didiriso tse di motsu di sa leba kwa go wena. Ka tsela e o tlaa efoga kgobalo fa sediriso se relela.

Didiriso tsotlhe tsa motlakase di nne le “earth”. Dirisa polaka ya dintlhatharo kgotsa adapotara ka mogala o o gokeletsweng fa go tshwanetseng.

O nne le lesedi le tsenyomwa tse di lekaneng. Netefatsa gore kgaolo ya ditafole tsa go berekola di na le lesedi le le lekaneng le gore mesi yotlhe ya diekesoso e tswela kwa ntle ga bodirelo.

Nna le lebokoso la thusopotlako gaufi ka gale. Alafa dikgobalo tse dinnye ka bonako go thibela tshwaetso.



