Resources									Tswana



Ditlamelwana – o di dirisa jang?



Instructions:

Folio Strap: Tsamaiso

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Kaeding ya Agribusiness Management



Tshekatsheko le tiriso e e feletseng ya ditlamelwana tsotlhe tse molemi a nang natso di masisi thata mo katlegong ya sematlole ya bofelo ya molemi mongwe le mongwe.



Ditlamelwana tse dikgolo tse molemi o nang natso di ka aroganngwa ka tsela e e latelang:

Lefatshe le polase – go akaretsa tiriso ya lefatshe, boleng jwa lefatshe, bong (ownership) jwa lefatshe le sebopego tsa tsamaiso ya polase.

Metsi le metsitlane – go akaretsa ditshenyegelo tsa nosetso le metsi, boleng jwa metsi, seemo sa metsitlane le melebo.

Kitso le bontshadikuno – go akaretsa lotso lwa dijalo le diphologolo, patlisiso le tlhabololo, baeyothekenoloji mo temothuong le kgolo ya dikuno tsa ntshodikuno tse di nonofileng.

Tsamaiso ya ntshodikuno tsa temothuo – go akaretsa tsamaiso ya kgwebo ya polase, tsamaiso le tshomarelo ya mmu, mekgwatiriso ya tsamaiso ya disenyi, mekgwatiriso ya tsamaiso ya dikotla, mekgwatiriso ya ntshodikuno ya diphologolo, le tikologo, tsamaiso ya metsi a nosetso, tsamaiso ya thekenoloji ya tshedimosetso le dithulaganyo tsa ntshodikuno di kopantswe le mekgwatiriso ya tshomarelo e e siameng.

Ntlha ya botlhokwa e nngwe e e ka tsewang e le karolo ya tsamaiso ya thekiso – kwa ntle ga mmaraka wa dikuno, ga go mosola go di ntsha.



Le mororo dintlha tsotlhe tse di le maleba tota mo kgwebong ya temothuo e e atlegileng le e e tswelelang, kgannyana e e tla tsepama mo tshekatshekong ya kgono ya lefatshe le tsamaiso ya lefatshe jaaka tlamelwana e e nang le maungo gore go kgonwe go dira kgwebo e e nang le poelo le e e tswelelang. Dintlha tse dingwe tsotlhe di tshwanetse go tsewa tsia fa go dirwa ka mekgwa ya ntshodikuno e e tla tlhagisang ditshenyegelo tsa tlhamalalo le tse di sa tlhamalalang tse di batlegang fa go logiwa maano a kabo ya ditlamelwana tsa madi, mo tshetshereganong ya kumogotlhe ya kgwebo ya gago ya polase.



Lefatshe

Lefatshe le magareng a ditlamelwana tsa botlhokwatlhokwa tsa naga nngwe le nngwe. Batsamaisi ba dipolase ba tsaya ditshwetso ka tiriso ya lefatshe letsatsi le letsatsi go ya fela ka maemo a mmaraka, dipholisi tsa mmuso le dipharologantsho tse di kgethegileng tsa lefatshe ka bolona. 



Ditiriso tsa lefatshe tse dikgolo kwa ntle ga ditoropo tse dikgolo le ditharabololo tsa madirelo tse di lekanyeditsweng go farologana le mokgwatebo wa temothuo ke:

Bofulo jwa tlhago;

Bofulo le dikgwa tse di jetsweng; le

Masimo a dijalo a a akaretsang 

A a sa nosiweng; le 

Masimo a a nosiwang.



Mo ditirisong tse go akareditswe dikgaolo tse di diriseditsweng thwalo ka dipalangwa, dirapa le naga ya diphololgolo tse di tlhaga tsa dinagamagae, ditiriso tsa phemelo le madirelo, bonno jwa polase, ditsela tsa dipolase le ditoropo tsa magae. Tshalelo ya lefatshe e abelwa metsitlane, ditsopotla, mekgatsha, dinoka, matamo, matlapa a a sa tlhogang sepe le kgaolo ya sebaka.



Dikgaolo tsa metsitlane di botlhokwa thata ka di:

Tlamela ditlhapi le diphologolo tse di tlhaga ka bonno;

Boloka boleng jwa metsi;

Dira jaaka tshitatshikinyego mo kgonagalong ya tshenyo ya merwalela;

Tlamela ka mafelo a a bulegileng le mafelo a boitapoloso; le

Godisa methalethale ya diphologolo tse di tlhaga,



Balemirui mo Aforikaborwa ba ka iponela ditlamelwana tse ka go tlhagisetsa batshwaratlhapi ba bojanala le bathuntshanonyane ditšhono, ka go dira jalo ba itirela lotseno lo lo sa amaneng le ntshodikuno ya tlhamalalo. Ditlamelo tse di abelwang lefatshe di ka tlhagisiwa ka dipoelo tse di amanang le ditiriso tse di gaisanang tse di farologaneng mme di ka farologana go ya ka boleng jwa lefatshe le kgaolo e lefatshe leo le leng mo go yona.



Lefatshe la Temothuo

Lefatshe la Temothuo la ntshodikuno e e kwa godimo thata le tlhalosiwa ke batho jaaka lefatshe le le nang le kopanyo e e gaisang ya dipharologantsho tsa sebopego le sekhemikale tsa go ntsha dijalo tsa dijo, furu, tlhale ya phepo le dipeo tsa oli.



Lefatshe le tshwanetse le bo le le mo kgaolong e e nang le boleng jwa mmu, setlhakgolo le tlamelo ya bongola tse di tlhokegang mo go ntsheng thobo e e tswelelang ya dijalo fa le alašwa le go tsamaisiwa, go dirisiwa mekgwa ya temothuo e e amogelesegang, go akaretsa tsamaiso ya metsi le mekgwatiriso ya tshomarelo.



Lefatshe la temothuo le le nonneng:

Le na le tlamelo ya metsi e e lekaneng le e e ikanyegang go tswa mo kelelong kgotsa nosetsong;

Le na le themphereitšha le setlhakgolo tse di siameng;

Le na le botlha kgotsa bompu jo bo amogelesegang;

Le na le diteng tsa letswai le sodiamo tse di amogelesegang;

Le na le matlapa a mmalwa kgotsa a se yo gotlhelele; le 

Le le boruma go monyela metsi le mowa.



Lefatshe la temothuo le le nonneng ga le:

Gogolege bonolo go feta selekano;

Hupe metsi a mantsi nako e telele;

Tlhaselwe ke merwalela gangwe le gape; kgotsa

Le sireletsegile mo merwaleleng.



Ntshodikuno go tswa mo lefatsheng la temothuo le le nonneng e ka akaretsa dikuno tsa dijalo jaaka mmidi, mabele, korong, habore, sonobolomo, khanola, dinawa tsa soya, motsoko, merogo, dikuno tsa botlhogisetso, katune le dikuno tsa loruo go tswa mo dikgomong tsa nama le tsa mašwi, dinkung, dipoding, dikokong le diphologolong tse di tlhaga. Dithulaganyo tse di farologaneng tse di ntshang se le sengwe kgotsa go feta sa dijalo ka tsela ya thefosanyo le tshwaragano le dithulaganyo tsa loruo tsa go iphulela mo nageng kgotsa tsa phepo di setse di diragaditswe ke balemirui mo lefatsheng ka bophara.



Diphetogo tsa tiriso ya lefatshe di ka ama tikologo le tsweletso ya ntshodikuno. Ka dinako dingwe dikamego mo tikologong jaaka kgogolego, boleng jwa metsi le bonno jwa diphologolo tsa naga gantsi ga di bontshiwe mo dipalelong tsa dipoelo tsa poraefete, e bile modirisalefatshe ka sebele sa gagwe o ka bo a tshwenyega fela ka se se tsenang mo kgetseng ya gagwe go na le ka tiriso e e tswelelang ya lefatshe. Ditlhopho tsa tiriso ya lefatshe tse di feletseng mo mothong ka sebele di ka bo gongwe e se tse di feletseng mo morafeng.



Mong wa lefatshe yo o batlang go dira dipoelo tse dikgolo o tlaa abela karolo ya lefatshe tiriso e e tlaa mo nayang thobo ya dipoelo tsa seikonomi tse di solofetsweng tse di kwa godimodimo.







