Rainfall (Maize) 									Setswana

Go na ga pula le dipaterone tsa mowafalo



Instructions: 

Folio strap: Tlaleletsoboleng

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Ntshodikunong ya Mmidi mo Kaeding ya Nosetso

Photos: Setshwantsho 1.1: Palogare ya go na ga pula ngwaga le ngwaga go lekanyediwa ka 

 mm ka ngwaga.

 Setshwantsho 1.2: Palogare ya mowafalo ngwaga le ngwaga e lekanyediwa ka 

 mm/ngwaga.



Bongola ke ntlha ya botlhokwatlhokwa thata e e tlhotlheletsang ntshodikuno ya dijalo. Kgaolo nngwe le nngwe e na le palogare ya go na ga pula go go kwadilweng. Palogare e, ya go na ga pula e tlaa neelana ka kaelo e e siameng thata ya gore ke dijalo dife tse di ka jalwang mo kgaolong e e totobetseng mo maemong a e seng a nosetso. Foo nosetso e kgonegalang, dintlha dingwe tsa tlelaemete di nna botlhokwa thata ka gore ditlhokego tsa metsi di ka tsamaisiwa ka nosetso.

Go tshwanetse go gakologelwe gore le mororo selekanyo seo sa pula se ka na, ga se gore dimela di tlaa bona metsi ao otlhe. Fa pula e ka na ka lebelo, merwalela e ka oketsega. Fa mmu o le mothulama, merwalela le teng e tlaa oketsega. Go ya fela ka tshugommu, mmu o ka nna le llaga e e katisegetseng e e tlaa thibelang monyelo. Fa mmu o se na kobelo, mowafalo e tlaa oketsega. Mofuta wa mmu le ona o tlhotlheletsa gore ke bongola jo bokae jo bo ka bolokwang mo mmung, mme go nna teng ga mofero mo tshimong go ka dirisa bongola jwa mmu, mme bo tlhaele dijalo. Palogare ya go na ga pula le mowafalo ngwaga le ngwaga mo Aforikaborwa e bontshiwa mo setshwantsho 1.1 le setshwantsho 1.2 (DWAF, 1986).

Kwa tlase ga 20% ya boalo jwa naga ya Aforikaborwa ya disekwerekhilomitara tse di dimilione tse 1,05, bo na le tlelaemete ya sekahuhudi (semi-humid) ka palogare ya go na ga pula ya go feta 750mm/ngwaga le palogare ya mowafalo e e kwa tlase ga 1 400mm/ngwaga – se se ka tsewa jaaka maemo a a siametseng kgolodimela le ntshodikuno ya dijalo.

Dikgaolo tsa pula e e fetang 500 mm/ngwaga le mowafalo e e kwa tlase ga 1 800 mm/ngwaga, di akaretsa bogare jwa nagagodimo, kgaolo ya lobopo ya botlhaba, le kgaolo ya pula ya mariga. Nosetso ya mefutafuta ya dijalo e mentsi, gammogo le temo e e seng ya nosetso ya bontsi jwa mmidi, lotlhokasukiri le korong, e diragala mo dikgaolong tse ka kakaretso. Kgaolo e e setseng ya naga bogolosegolo ke tlelaemete e e bothitho, sekakgwatata le kgwatata, ka pula e e magareng, e e tlamelang ka kwa tlase ga 50% ya ditlhokego tsa mowafalophufudi ya dijalo mo kgolong le ntshodikunong e e kwa godimo. Ka jalo nosetso e botlhokwa thata mo phulong, jalomaungo le temodijalo mo dikgaolong tse.





Setshwantsho 1.1: Palogare ya pula ngwaga le ngwaga e lekanyediwa ka mm/ngwaga





Setshwantsho 1.2: Palogare ya mowafalo ngwaga le ngwaga e lekanyediwa ka mm/ngwaga



