Radio (OPOT) 										Setswana 

		

Molaetsa wa temothuo o gasiwa ka makhubu a mowa



Instructions: 

Folio strap: Dikgaso tsa radio

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Radio ke tsela ya tshedimosetso e e maatla thata go fitlhelela balemirui mo mofameng o o tlhabologang. Mananeo a beke le beke a engwa nokeng ka botswapelo mme tshedimosetso ya madirelo e ka fetisediwa go balemirui ka tsela e.



Re gasa beke le beke mo mananeong a mane:

Radio Motsweding (Setswana go tswa Bokonebophirima);

Radio Lesedi (Sesotho go tswa Foreisetata);

Radio Ligwalagwala (Sezulu/Seswati go tswa Mpumalanga); le

Radio Umhlobo Wenene (Sethosa go tswa Kapabotlhaba).



Ditlhogo tse di sekasekilweng 

Ditlhogo tse di latelang di sekasekilwe mo mananeong a Radio:

Paakanyo ya boalopeo jo bo boleta jwa mmidi;

Taolo ya mofero le leroborobo la ditshenekegi, semotšhine le sekhemikale;

Botengmmu le go na ga pula go akanyetsa dipalopalo tsa dimela;

Ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa ntshokuno ya mmidi ka ntlha ya koketsego ya leokwane;

Didiriso tse di maleba go dirisiwa mo paakanyong ya mmu;

Maitlhomo a ditsha tsa ditshupetsotekelelo;

Go nna le seabe le go ineela ga ditokololo tsa setlhophathutano mo jalong ya ditsha tsa     Ditshupetsotekelelo;

Sebokopetlhi le taolo ya sebokophetlhi;

Nontshogodimo le taolomofero;

Taolo ya disenyi mo mmiding;

Mosola wa go tsenela Malatsi a Balemirui;

Dibako tsa thobo e e kwa tlase le gore o ka tokafatsa jang thobo;

Go roba, poloko le thekiso;

Tseosekaommu, dipholo le mosola wa go dirisa monontsha o o nepagetseng;

Taolodisenyi; 

Botlha jwa mmu le mosola wa go tshela llaeme;

Tsholodirekoto;

Moletlo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui;

Go reng re tlhama Ditlhophathutano le gore o ka se simolola jang?;

Dipeo tsa mmidi (maidi kgatlhanong le OPV’S);

Matlha a go jala;

Tlhopho ya peo;

Tshelo ya monontsha;

Khaliboreišene ya peo le monontsha;

Dipalopalo tsa dimela;

Thefosanyo ya dijalo;

Dipalopalo tsa dimela le pula le themphereitšha e e tlhokegang;

Tiriso le tlamelo ya didiriso tse di maleba;

Ditshenyegelo tsa ntshokuno ya mmidi le lotseno;

Tlhaelo ya dikotla tsa mmidi;

Tiragatso ya dipeo tsa maidi le tsadisopeo;

Ditsenngwateng le dipholo tsa ntshokuno ya mmidi;

Go ribega mariga le botlhokwa jwa teng;

Kopokadimo ya ditsenngwateng tsa ntshokuno ya mmidi;

Bongola jwa mmu le dipalopalo tsa dimela;

Porofaele ya mmu malebana le tsenelelomedi le katisegelo ya mmu;

Mekgwa ya go roba;

Kubetso, poloko le thekiso;

Tsiboso ya bantshakuno ka inšorense ya dijalo le ya ditsenngwateng;

Thotloetso ya bantshakuno go dira dikopo tsa dikadimo tsa temothuo le ditsela tse di latelwang go

    dira kopo;

Go photha mmidi le didiriso tse di maleba;

Katisegelo le kgogolego ya mmu;

Borakonteraka; 

Matlha a go jala;

Khaleboreišene ya polantere; 

Botlhokwa jwa go sekaseka didiriso le diterekere pele o di reka le gore o šebe eng tota;

Dipholo tsa montshakuno wa ngwaga (Labious Manoto);

Tiriso ya dikhemikale tsa pele ga tlhogo;

Pula e e solofetsweng, o ka dirisa jang bongola jo bo teng;

Pula, bongola jo bo teng, dijalo tse di farologaneng le gore a o ka jala kgotsa nnyaya;

Taolo ya mofero le nontshogodimo;

Ditshenyegelo tsa ntshokuno ya mmidi le sonobolomo le dikopo tsa tseisomolato wa ntshokuno;

Tlamelo ya polantere pele ga setlha sa go jala;

Tshomarelo ya bongola le tshugommu ya motheo go ka jala mmidi;

Poloko ya dipolantere; 

Pula ya mariga – a bantshakuno ba ka simolola go lema le matlhaneelo a dikopo tsa dikadimo;

Ke nako efe e e siametseng go simolola go bereka?;

Go duela melato, o a go dira jang ka lotseno le go nne molemirui yo o ineetseng le go tshela 

    llaeme;

Setlha se se tlang;

Tshwaetso ya pula e ntsi mo masimong a dijalo gajaana;

Dikgato tse di latelwang fa o batla go reka polase;

Tiriso e e nepagetseng ya dikhemikale;

O ka tlhama jang leano la ntshokuno;

Tshomarelo ya bongola ya setlha se se tlang le go rulaganyetsa setlha;

Botlhokwa jwa tseosekaommu go isa tekanyetsokabong ya setlha;

Go hira rakonteraka;

Dielemente mo monontsheng (N, P le K);

Ditlhotlhwa tse di tlhatlogang tsa dijo;

Lenaneo la Balemirui le le tsweleletseng la Grain SA;

O ka lekanyetsa jang bogolo jwa lefatshe/tshimo;

Botlhokwa jwa go nna le polantere e e ikanyegang;

Kotsi ya go jala dijalo mo tshimong e e omileng;

Ka diphokotsego tse di teng – balemi ba ka jala kae dithoro;

Taolomofero ya sekhemikale le dikotsi tsa taolomofero ya semotšhine;

O ka fitlhelela jang tseisomolato ya ntshokuno – dikadimo le dikopo;

Letsatsi le letsatsi re latlhegelwa ke lefatshe ka tlhabololo, lefatshe le pele le neng le dirisediwa 

    Ntshokuno ya dijo. Lefatshe le le setseng le tshwanetse go fepa lefatshe;

Go jala dimela o tlhoka tse di latelang:

Mmu – itse mmu wa gago, boteng, phopholego, mmala, tshekatsheko le kgono ya mmu;

Metsi – go jala o tshwanetse go bereka mmu ka tsela o o tlaa tsholang metsi mo puleng, fa o le lesego go tswa mo nosetsong. Mo temothuong metsi ke botshelo; 

Dijo – o tlhoka monontsha go neela dimela tsa gago kgolo e e siameng o tlhoka N, P le K ka dilekanyo tse di nepagetseng go nna le tlhamegomedi e e siameng le kgolo e e siameng.

Borakonteraka – leng, go reng le gore o ba dirisa jang. Ke sekasekile mathata le mesola. Go botlhokwa go itse ditshenyegelo tsa tiro ya tshugommu nngwe le nngwe gore o se ke wa duela go feta jaaka o tshwanetse. Fa e le gore o na le didiriso tsa gago, di dirise, tsweetswee. Tsenela dikhosokatiso tsa rona mme o ithute go itirela;

Dipolantere – o ka di phepafatsa, thula le go di tlamela jang;

Boloka dipolantere mo setorong mme o se ke wa tlogela monontsha mo kgamelong ya teng kgotsa

    ditšheine mo menong;

Go batla diphoso mabapi le polantere ya gago;

Fa mela e mebedi e e bapileng e na le mebala e e farologaneng – bothata e ka nna eng?;

Fa o dira kopo ya kadimo o tshwanetse o bo o na le kopo e e tletseng le e e tsolotaneng;

Ke simolotse metseletsele ya mananeo ke dirisa dikgannyana go tswa go Pula/Imvula ka ga: “A

    montshakuno o tlaa rwala molato wa ditlhotlhwa tse di tlhatlogang?”;

Ke sekasekile seabe sa dikgwebo tsa Temothuo le montshakuno mo tšheineng ya dijo le ka moo di tshwaelang mo ditlhotlhweng tsa dijo tse di kwa godimo (tlase);

Poeletso ya khoso ya tlamelo – thulaganyo ya tsidifatso;

O ka atlega jang jaaka montshakunothoro;

Go nna le maikaelelo le go a fitlhelela;

Go tlhola tselanathuso jaaka montshakuno – bona thuso ka nako;

Go dira tlhopho e e nepagetseng montshakuno o tshwanetse go nna le tlhamalalo le maikarabelo, maitemogelo a tiragatso, kitso ya setegeniki, kitso ya kgwebo le tshedimosetso;

Dirisa nako ya gago sentle – nako ke dilo tsotlhe mo ntshokunong ya dijalo;

Rulaganya sentle mme o akanye sentle.



