Pula 											Setswana 

		

Tlhaeletsano ka Pula/Imvula



Instructions: 

Folio strap: Lenaneotlhabololo la Balemirui 

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Lenaneotlhabololo la Balemirui le tlhaeletsana ka dikgannyana tse di botlhokwa mo montshakunong ka lokwalodikgannyana lwa kgwedi le kgwedi – Pula/Imvula.



Go phasaladiwa dikhophi tsa Pula/Imvula di le 18 000 kgwedi le kgwedi ka dipuo di supa – English, Afrikaans, Sesotho, Setswana, Sesotho sa Leboa, Sezulu le Sethosa. Kgwedi le kgwedi, Pula/Imvula e na le ditsebe tse robedi tse di etleediwang ke Maize Trust, Winter Cereals Trust e na le ditsebe tsa tlaleletso ka Sesotho ka Mopitlwe, Seetibosigo, Lwetse, le Sedimonthole. OPOT e na le ditsebe tsa tlaleletso di le nne tse di gatisiwang ka dipuo tsotlhe (kwa ntle ga Sethosa) ka Ferikgong, Moranang, Phukwi le Diphalane.



Re tsaya matsapa otlhe go akaretsa dikgannyana tse di botlhokwa thata mo montshakunong tsa kgwedi e e rileng. Dikgannyana tse tsotlhe tse di ka ga lefatshe, temothuo, mekgwatiriso ya ntshokuno, thekiso, tirisometšhine le tsamaiso. 



Re sa ntse re leboga gape baetleetsi ba lenaneo le go re naya tšhono go dira tshwaelo mo temothuong e e tlhabologang le ntšhwafatso mo mofameng wa temothuo.

