Protecting (Maize)									Setswana 



Go sireletsa motswedithuso wa tlhago – khurumetso ya mmu le kgogolego



Instructions:

Folio strap: Tshomarelo ya lefatshe

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA

Photos: Dikobelo: Dikobelo di dirisiwa jaaka khurumetso ya tshireletso e e tshelwang go dikologa dimela go thibela mowafalo ya bongola, kgatselo ya medi le kgolo ya mefero.



Ditlamorago tsa pula le marothodi a pula mo mmung o o sa aparang gammogo le se se ka dirwang go fokotsa tshenyo e e tlholwang ke dipula tse di bokete ke tsa botlhokwa go gaisa mo montshadikunong mongwe le mongwe.



Mo kgatisong ya Pula Imvula ya Tlhakole re sekasekile tshireletso ya mmugodimo le go gatelela dipholo tsa kgogolego ya mmu gammogo le mefuta ya kgogolego. Mo kgannyaneng e re tlhalosa ditlamorago tsa pula mo mmung o o sa aparang gammogo le ditlamorago tsa khurumetso ya mmu.



Phatšho ya marothodi a pula

Karolo ya maatla a marothodi a pula e dirisiwa mo go thubeng makwetenyaneng a mmu le go gasagasa dikarolwana tsa mmu le naga. Mo boalong jo bo lekalekanang mmu o gasagasiwa go batla ka go lekana go ya ntlheng tsotlhe, ka jalo go tlaa latlhega fela mmu o monnye; fela mo bolaolong jo bo mothulama, mmu o montsi o tlaa gasagasediwa go kgokologa le mothulama go na le go ya kwa godimo. Ka jalo mo mokgokolosong, mmu o tlaa kgoromelediwa kwa tlase mme kwa bofelong o latlhegele lefatshe le le kgethegileng le o tswang mo go lona.



Go na le kamano e e kitlaneng magareng ga bokete jwa pula le bogogodi jwa yona. Go itsege sentle gore tshenyo e kgolo ya kgogolego (50 – 80%) e tlholwa ke dipula tsa matlakadibe tse di bokete tsa sewelo mo dikgaolong tsa pula ya selemo.



Tlhotlheletso ya botlhatlogo jwa mothulama

Fa mothulama o tlhatloga o le mokong thata gona kgogolego e tlaa nna kgolo ke gore:

Go na le phatšho ya marothodi a pula e ntsi go fologela le lekgabana.

Go na le kgokologo ya morwalela e tona mo methulameng e e mokong.

Morwalela o tlaa taboga thata.



Dikganelo tsa mothulama

Botlhatlhogo jwa mothulama gammogo le tsamaiso ya mekgwatiriso e tlaa lekanyetsa dijalo tse di ka jalwang mo lefelong le le kgethegileng, fa kgogolego ya mmu e tshwanela go lekanyediwa ka pabalesego. Ditekanyetso tse di ikaegile bogolosegolo ka bogogodi jwa dipula le bogogolego jwa mmu mo kgaolong e e kgethegileng eo. Se se latelang ke sekao sa ditekanyetso tse di ka bonalang mo kgaolong e e kgethegileng:

Lefatshe lotlhe le le lemilweng la mothulama wa go feta 3% le tshwanetse go sirelediwa ka dikonturu (ke lobotana lo lo tlhatlositsweng mo lefatsheng lo lo diretsweng go laola metsi a a fetileng go tswa mo tshimong).

Dijalo tsa mela di ka jalwa fela mo methulameng ya bonnye jwa 10%.

Dithoro tse dinnye di ka jalwa fela mo mothulameng wa bonnye jwa 15%.

Phulo e ka letlelelwa fela mo methulameng ya bonnye jwa 30%.

Methulama ya go feta 30% e tshwanetse go dirisediwa fela jalodikgwa le tshireletso ya diphologolo tse di tlhaga.



Dimedi ke motlhodi o o nonofileng thata mo kemelanong le kgato e e bogogodi ya pula. Tlhotlheletso e kgolo thata e dimedi di nang le yona mo kgogolegong ka pula ke ka bokhukhu (canopy) jwa tsona, jaaka nonofo ya sekhukhu, ka mafoko a mangwe bokgoni jwa dimedi go garela marothodi a pula pele a fitlha kwa lefatsheng. Pula, e e nelang mo matlhareng le dikutung tsa dimedi e latlhegelwa ke bontsi jwa maatla a yona mo thulanong, mme e thubega go nna marothodi a mannye, a a ka welang mo mmung ka bokete le maatla a a kwa tlase, kgotsa ka go elelela kwa tlase ga dikutu tsa dim edi le go fitlha kwa mmung a saletswe ke maatla a mannye thata.



Dikobelo di nonofile thata go feta khurumetso ya bokhukhu. Dikobelo di garela marothodi a pula gaufi le boalogodimo, se se thibela marothodinyana go boelwa ke bokete jwa bolebelo. Dikobelo gape di thibela kelelo ya merwalela ya boalogodimo, le go fokotsa bokgoni jwa bolebelo le tsamao ya yona. Le mororo kobelo e sa akaretsa khurumelo ya mmu gotlhelele, e nonofile sentle go oketsa nonofo ya khurumetso ya sekhukhu.



Dikobelo tsa tlhago di ka nna setoroi, matlhare, lotlhaka, lorole lwa petlo kgotsa dibetlela tse di adilweng mo godimo ga lefatshe. Mo temothuong, masalela a dijalo ke ona a tshwanetseng tota.



Nonofo ya khurumetso ya mmu

Nonofo ya khurumetso ya mmu mo thibelong ya kgogolego e oketsega ka tlhamalalo le phesente ya khurumetso ya mmu. Go sa ntse go ka nna le kganetsi – selekanyo sa kgogolego ya mmu se lekalekana ka tlhamalalo le selekanyo sa mmu o o khurumediwang.



Masalela a dijalo a tshwanetse go tlogelwa mo godimo ga boalogodimo jwa mmu, kwa ntle ga gore go bo go na le lebaka le le utlwalang gore go se dirwe jalo, sekao, malwetse a dimela, tlhaelo ya naeterojene ya mmu ka ntlha ya dimedi tse di bolang, tlhokego ya go lema le go tlhagola, le phediso ya mofero, jj. Go sa ntse gape go le mokgwatiriso o o leng wa Aforikaborwa fela wa go dirisa masalela a dijalo jaaka furu ya loruo.



Mabapi le mathata a go lema go na le didiriso tse di teng go lema le go jala kwa ntle ga go tshwenya dikobelo.



Mo ntlheng ya dijalo tsa mela, temo le tlhagolo di ka lekanyediwa mo meleng e e jetsweng, le go tlogela dikgaolo tse di magareng ga mela le dikobelo. Mefero e ka laolwa ka khemikale.



