Profile (Maize)										Setswana
Itse… Monica Mathamba
Instructions:
Folio strap: Porofaele
Byline: Lawrence Luthango, mogokaganyi wa porofense wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA
Photo: Use pic of Monica
Monica Mathamba o nna mo Kgaolotsamaisong ya Mthatha Mbozisa koo a leng karolo ya Mokgatlho wa Balemirui wa Mbozisa. Monica o lema mo lefatsheng la morafe mme o kgonne go teratelela masimo a dijalo a gagwe a diheketara tse thataro.
Monica o tsenetse dikhosokatsio tsa Grain SA tse di latelang: Tlhagiso mo Ntshokunong ya Mmidi gammogo le Khoso e e tsweleletseng ya Ntshokuno ya mmidi. Monica o tokafaditse ntshokuno ya mmidi ya gagwe ka go dirisa kitso le bokgoni tse a di boneng ka go nna tokololo ya Grain SA. O ne a tlwaetse go ntsha ditono tse 3,5 ka heketara fela jaanong o ntsha ditono tse 4,5 ka heketara.
O tsaya kae matlole go jala dijalo tsa gagwe?
Tlamelo ka matlole ya dijalo tsa gagwe e dirwa go tswa mo kgetseng ya gagwe mme ga a itumelela tlamelo ya matlole ka gonne dikadimo di rebolwa thari thata setlha se setse se fedile.
O bona kae ditsenngwateng tsa gagwe?
Monica o reka ditsenngwateng tsa gagwe go tswa Mthiza Farmers Co-op le Eastern Cape Co-op. Ditlhotlhwa di tloga di le kwa godimonyana mme e bile batlamedi ga ba mo thuse ka kgakololo epe ya setegeniki. 
Seabe sa puso ke sefe mo temothuong mme ba se fitlhelela jang?
Seabe sa puso ke go naya bantshakuno kgakololo le bokgoni jwa setegeniki gammogo le go tlamela ka mafaratlhatlha. Monica a re puso ga e diragatse seabe sa yona ka gore ga e diragatse dipholisi tsa yona.
Ke eng se se mo nayang katlego?
Monica a re o newa katlego ke Lorato lo logolo le go semelela. O dumela gore go dirisa dipeo tsa mmidi, monontsha le kgatsho ya dibolayatlhatshana go laola mofero, go tokafaditse thobo ya gagwe. Monongwaga Monica o batla go reka didiriso tse dintsi, bogolosegolo sekgatshi sa “boom” (boom sprayer).
