Profile (Maize)	615 words								Setswana 
Itse… Xolile Dasheka
Instructions:
Folio strap: Porofaele
Byline: Johan Kriel, mogokaganyi wa porofense wa Lenaneotlhabolo la Balemirui la Grain SA
Photo: Use pic of Xolile
Xolile Dasheka o belegetswe mo polaseng mo sedikeng sa Petrusburg. Rraagwe e ne e le modirapolaseng fa mmaagwe e ne e le modiralapeng. Xolile o na le dikerii ya Management and Leadership le Dipoloma ya Labour Relations Management. 
O rekile polase ya gagwe ya Lemoenkloof mo sedikeng sa Jagersfontein ka 2006 ka kadimo go tswa Landbank. Polase ya gagwe e bogolo jwa 1 134 ha, ka masimo a 145 ha le phulo ya 989 ha. Xolile o dira temothuo ya gagwe ka mmidi, dikgomo, dikolobe, dikoko le merogo.
O bona jang matlole a go lema?
Mo ditlheng tse pedi tse di fetileng ga ke a ka ka rekisa dithoro tsa me. Ke di dirisitse go tlamela loruo lwa me. Ke dirisitse bontlhanngwe jwa poelo ya me go tlamela ntshokuno ya setlha se se latelang ka matlole. Ka ntlha ya ditshenyegelo tse di tlhatlogang ke tlaa leka go bona kadimo go tswa Land Bank. 
Kakanyo ya gago ke eng ka dintlha tsa tlamelo ya matlole ya temothuo?
Montshakuno o tshwanetse go nna dilo di le dintsi, sekao o tshwanetse go nna moitseanape wa tsa ditšhelete, raikonomi, morekisi le go feta. Selekanyo sa dipoelo mo ntshokunong ya dithoro se kwa tlase. Ke tlhoka gore batho ba ikanyege mo bantshakunong ba Aforikaborwa, le go reka dikuno tsa selegae. Re tlhoka lekgetho la diromelwateng mo dithorong tse di tsenang mo nageng ya rona. Ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tse di jaaka disele le monontsha di a re bolaya. Temothuo ga se tlhopho ya boiphediso (career) mo bašweng ba batho ba bantsho; ga ba bone isagwe epe mo go yona. Fa ditshenyegelo tsa diromelwateng di sa laolwe gona kgaisano e e gobelelang kgatlhanong le dithoto tse di etleediwang ka matlole e tlaa bolaya montshakuno wa Aforikaborwa. 
O bona kae ditsenngwateng tsa gago?
Ke reka mo baemeding ba thekiso ba ditlamo tse di tlamelang ka ditsenngwateng, morago ga go amogela le go tshwantshanya dikhotheišene gammogo le tlamelo e ba tlamelang ka yona morago ga thekiso. 
Seabe sa Puso mo temothuong ke sefe le gona e se diragatsa jang?
Puso e tshwanetse go tlhokomela bantshakuno. Bantshakuno ba tlamela ka ditiro le nitamo mo dikgaolong tsa magae. A ko o lebe lefatshe le le newang bantshakuno ba ba tlhabologang le thuso e ba e newang go atlega ka go ba abela diketleetso le didiriso. Go tshwanetse go rotloediwe tataiso ka bantshakuno ba bogwebi. Duela madi a a siameng mme o bone thuso fa go tlhokegang. Puso e a leka fela ka e nako, ga e atlege. 
O bone jang katlego?
Lobaka lwa gore ke kgonne go anama le nthusitse. Loruo lo go naya nitamo le go thusa ka kelelo ya lotseno. Go rua dikolobe le dikoko go nthusitse go fitlhelela ditshenyegelo tsa tsamaiso kgwedi le kgwedi. Ke na le sebatanyana sa lefatshe se se ka nnang 3 ha se nka se nosetsang. Lobaka lwa gore ke montshakuno wa nakwana yo o nang le tiro e e tlhomameng le lona lo a thusa. Fa temothuo e ka nna poelo e ntsi, gona nka nna montshakuno wa leruri. 
Ke eng se o bonang e le matshosetsi mo tswelelopeleng le katlegong ya gago?
Ke tshwenngwa ke go tlhoka nitamo ga dipolotiki, bosenyi le dipuo tse di bosutlha mo bobegakgannye di ka ntseela tšhono ya go atlega. Poelo le yona ke ntlha ya botlhokwa. 
Ke dintlha dife tsa kgwebo ya temothuo ya gago tse o ka ratang go di tokafatsa?
Ke rata go nna le kitso e ntsi ka paakanyommu, tshomarelo ya metsi le thuo ya diphologolo. Gape ke eletsa go bonela badiredi ba me katiso. 
Togamaano ya phalolo ya monongwaga ke eng?
Ke rata go netefatsa gore popegotheo ya tshegetso ya me e rulagane. Grain SA le setlhophathutano sa me, ba botlhokwa go tla thusa. Gape ke eletsa go oketsa loruo lwa me, e leng dikgomo tsa nama. Fa ntlha ya bosenyi e letla, ke batla go simolola go rua dinku. 
