Producer (Maize)									Setswana 

A montshadikuno o ya go tshwaiwa phoso gape?

Instructions: 

Folio strap: Lebaneng

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Mo naaneng nngwe le nngwe go tshwanetse go nne le motho yo o siameng le motho yo o maswe mme ka tsela nngwe mo motseletseleng wa ntshodikuno ya dijo, motho yo o bosula ka gale ke montshadikuno. O tshwaiwa phoso fa dijo di se yo, fa dijo di tura kgotsa boleng jwa dijo bo le bokoa.



Fa re lebelela tirego e e amegang mo go beeng dijo mo tafoleng ya modirisi, go na le bannaleseabe ba le mmalwa mme tirego e teleletelele.



Dipatlisiso le baeyothekenoloji



Ditlamo tsa tlamelo ya ditsenngwateng



Dikgwebo tsa temothuo



Montshadikuno



Mmaraka wa selegae



Furu ya diruiwa		Tshilo			Pesosenkgwe



Dikgwebokgolo (Holosele)



Bagwebipotlana



Modirisi



Dipatlisiso le baeyothekenoloji

Se ke karolo ya tirego ya gore go jalwe dimela tse di nepagetseng – mmidi, korong, mabele, sonobolomo, dinawa, jj., tse di jetsweng di tshwanetse go:

Tlhoga sentle fa di jetswe;

Di gole sentle mo maemong a a farologaneng;

Di emelane le disenyi le malwetse;

Di emelane le komelelo le go kgona go kgotlelela bongola jo bontsintsi;

Di nne le boleng jo bo nepagetseng jwa go silwa, go besiwa (baking) go dira momela le go omelwa;

Di nne le dilekanyo tse di amogelesegang tsa poroteine, oli, dikhabohaetereite, jj;

Di kgone go tshwarelela tirego ya thobo; le 

Di kgone go bolokwa le go rorwa ka pabalesego.



Go tshwanetse go dirwe menontsha e e ka dirisiwang mo modikong wa ntshodikuno le go tlamela ka ditlhokego tsa dikotla tsa dimela. Go tshwanetse go dirwe dibolayasenyi le dibolayatlhatshana go sireletsa dijalo kgatlhanong le mefero, disenyi le malwetse.

Ditlamo tsa tlamelo ya ditsenngwateng

Di a amega ka gore di tshwanetse go:

Kwadisa dikhemikale go dirisiwa mo dijalong tse di farologaneng;

Go dira dikhemikale;

Tlhagisa peo go dirisiwa mo kgwebong;

Go dira menontsha e e tlaa dirisiwang mo ntshodikunong;

Go dira leokwane le oli tse di tlaa dirisiwang ke didiriso tsa temothuo; le

Di phasalatsa mo dikgwebong tsa temothuo.



Dikgwebo tsa temothuo

Di amega ka gore di: 

Adima montshadikuno madi a ntshodikuno;

Rekisa peo, monontsha, dikarolo tsa metšhine, leokwane le dioli, diterekere le didiriso;

Tlamela ka ditirelo tsa bolemisi,

Tlamela ka inšorense ya dijalo; le

Reka dithoro.



Montshadikuno

Montshadikuno o amega ka gore o:

Bona go fitlhelela lefatshe le metšhine;

Bona go fitlhelela kadimo ya ntshodikuno;

Reka ditsenngwateng tsa dijalo;

Baakanya masimo;

Jala, tlhokomela, roba le go rekisa dijalo; le 

Rorela dijalo kwa difaleng tsa selegae.



Mmaraka wa selegae

Mmaraka wa selegae le ona ke karolo ya tirego e, ka gore o:

Reka dijalo;

Omisa dijalo fa di sa le metsi go ka bolokwa;

Baya dijalo ka seemo sa tsona;

Boloka dijalo;

Netefatsa gore ga go na disenyi le malwetse a a tsenelelang dithoro tse di bolokilweng; le 

O rekisetsa basidi dijalo (kgotsa mmaraka wa thomelontle).



Mosidi 

Basidi ke karolo ya tirego mme ba:

Amogela dithoro;

Netefatsa gore di bolokilwe ka pabalesego go fitlha di silwa;

Sila dithoro go dira bupi le folouru; le

Olela kuno mo dipaking le go e phasalatsa kwa bagwebibagolong.



Mogwebimogolo 

Seabe sa mogwebimogolo mo tiregong ke go:

Rekisetsa bagwebipotlana dikuno tse di pakilweng.



Mogwebipotlana 

Seabe sa mogwebipotlana ke go;

Rekisetsa badirisi.



Tlhalosonyana e ga e a akaretsa dikgato tsotlhe tse di farologaneng ka gore dintlha di farologana ka kuno go ya kunong. Sekao, fa korong e setse e sidilwe e tshwanetse go besiwa pele e rekisediwa badirisi; fa sejalo e le bali, e e tlaa dirisediwang go titiela bojalwa, se tshwanetse go dirwa momela mme e bo e le gona se titielwang.



Mo tiregong e yotlhe e, batho le ditirego ba a amega mme se ke motseletseleboleng wa temothuo. Mongwe le mongwe mo tseleng e o tshwanetse go dira poelo gore a kgone go nna le go sala mo kgwebong.



Jaanong Potso – A montshadikuno ke ena a rwalang molato wa tlhatlogo ya tlhotlhwa ya dijo a le esi?



Fa re sekaseka tlhotlhwa ya:

Llofo ya borotho, 20% – 25% ya tlhotlhwa e o e duelang ke boleng jwa korong mo llofong;

Kgetse ya bupi jwa phaletšhe, 35% – 45% ya tlhotlhwa e o e duelang ke boleng jwa mmidi; le 

Khene ya biri, kwa tlase ga 3% ke tlhotlhwa ya bali.



Kgwebo ke go solofela mathata – kgwebo yotlhe e na le selekanyo sengwe sa mathata. Fela mo montshadikunong mathata a magolo:

Modiko wa ntshodikuno o moleele (go tswa paakanyong ya mmu go ya thobong).

Dijalo di lebagane le maemo a loapi (komelelo, morwalela, sefako, serame, segagane le diphefo).

Bantshadikuno ba amiwa ke tlhotlhwa – montshadikuno ga a kgone go swetsa gore o tlaa bona bokae mo tonong ya mmidi ya gagwe ka gore dithoro tsotlhe di rekisiwa mo fantising mme tlhotlhwa e montshadikuno a e boneng ke yona tlhotlhwa eo. Go le gantsi montshadikuno o patelesega go amogela tlhotlhwa e e kwa tlase mo dijalong tsa gagwe go feta e o sejalo se mo e jeleng go se ntsha.



Go dira setshwantsho fela, fa re leba setlha sa korong se se fetileng kwa Foreisetata, e ntse ngwaga o o maswe thata le pula e le bokoanyana. Bantshadikuno mo dikgaolong tse dintsi ba paletswe le ke go roba tono e le nngwe ya korong ka heketara. Ditshenyegelo tsa ntshodikuno ya korong di tsamaela R4 200 ka heketara, mme tlhotlhwa e e bonweng ke montshadikuno mo koronnye ya gagwe e ne e tsamaela R3 000 ka tono. Se se raya gore fa montshadikuno a robile tono e le nngwe ka heketara, o dirile tatlhegelo ya R1 200 ka heketara.



Fa o le ralebaka, o reka folouru, o swetsa le ka tlhotlhwa e o e batlang ya dirolo tsa senkgwe tsa gago. Fa modirisi a sa batle go duela tlhotlhwa eo, o emisa go reka folouru le go emisa go besa borotho go fitlhelela tlhotlhwa e tokafala. Gangwe fela fa montshadikuno a sweditse go jala dijalo, ga a ka ke a emisa tirego le go emela go fitlhelela tlhotlhwa e tokafetse – o dirisitse madi mme o tshwanelwa ke go roba dijalo le go di rekisa.



Bantshadikuno ba rona ke gouta – ba dira ka thata, ba rwala mathata go ntsha dijo le go tlamela batho ba Aforikaborwa ka diphatlhatiro (mmereko). Gakologelwa gore re ka reka dijo go tswa ntle fela fa dinaga tse dingwe di na le lefetiso la dijo, le fa naga ya rona e na le ledi la dinaga disele go duelela diromelwateng. Fa maemo a sa siama mo dinageng tse dingwe tsa thomelontle, ba tshwara dijo tsa bona go di itirisetsa, mme ga re ne re kgona go di reka. Fa kelothefosano e le kgatlhanong le boleng jwa ranta ya rona, naga ya rona ga e ne e nna le madi a go duelela dithoro tse di romelwang mono gae, mme batho ba rona ba tlaa bolawa ke tlala, jaaka go ntse ka dinaga tse dintsi mo Aforika. Pele re ba rwesa molato wa ditlhotlhwa tse di kwa godimo tsa dijo, a re sekasekeng morero o le go tlhaloganya gore go reng ditlhotlhwa di tlhatlogile. Fa re sa eme bantshadikuno ba rona nokeng le go ba thusa go nna mo ntshodikunong ka go lemela poelo, setšhaba sa rona se tlaa bolawa ke tlala.

