Producer (Maize) 									Setswana



Kopana le Batlhophiwa ba Montshakunothoro yo o Tlhabologang wa 2010

Instructions: 

Folio strap: Montshakunothoro wa Ngwaga

Byline: Jane McPherson, motsamisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Montshakuno la Grain SA

Photos: 



Go setse go begilwe batlhophiwa le bafitlhamakgaolakgang ba Montshakunothoro yo o Tlhabologang wa 2010, wa ngwaga mme mofenyi o tlaa begwa mo moletlong wa mabono o o tlaa tshwarwang ke Grain SA ka Diphalane 8, 2010. Bona ba eme jaana

David Maleleka – Kestell, Porofense ya Foreisetata.

Thabo Macholo – Kestell, Porofense ya Foreisetata.

Daniel Mocwiri – Mareetsane, Porofense ya Bokonebophirima. 

Frans Gaoganediwe – Ventersdorp, Porofense a Bokonebophirima.

Klerk Melken – Mofufutso, Porofense ya Bokonebophirima.

William Matasane – Senekal, Porofense ya Foreisetata.

	

David Maleleka 

David Maleleka o tsaletswe mo polaseng mo sedikeng sa Foreisetata ka 1954. O goletse mo polaseng le go tsena sekolo sa dipolase sa selegae go fitlha ka mophato wa boraro (Kereite 5). Go tloga a le dingwaga di le 14 o ne a dira mo polaseng ya ga rre AJ Jonker, teng koo lorato lwa gagwe lwa temothuo lo tsalegileng teng. David o nyetse mosadi yo o maatlametlo, Evelena – o kgweetsa diterekere mo masimong.



Morago ga dingwaga di se kae o ne a hudugela kwa Witsieshoek, kwa a neng a aga teng fa a sa ntse a theogetse ka mokgwa wa konteraka kwa meepong mo kgaolong ya Goldfields. Ka 1991, David o ne a utlwela gore Mmuso o phasaladitse gore batho ba ba nang le kgatlhego ya go reka dipolase mo sedikeng sa Kestell ba itlhagise. Ka 1992 o ne a hira polase e a dirang temothuo mo go yona gajaana. Morago, ka kadimo go tswa Land Bank o ne a kgona go reka polase e. Polase ya ga David ke diheketara di le 272, tse 252 ya tsona e leng lefatshe la temo.



David o ne a hirisa polase e dingwaga di le dintsinyana ka a ne a sa kgone go kgobokanya madi a a lekaneng go dira temothuo ka boena. David o simolotse go dira temothuo gape ka 2008. Ka 2009 o kgonne go bona thobo e e itumedisang thata ya korong mo diheketareng tse 106 e bile a jetse diheketara tse 88 tsa mmidi le diheketara tse 28 tsa dinawa. Ka dinawa basadi ba le mmalwa go tswa Qwaqwa ba kgonne go bona tiro. David a re o atolosa tiro ya temothuo ya gagwe ka bonya jaaka lebodu (trapsikies).



Thabo Macholo 

Thabo o belegwe ka 1982 mme o simolotse sekolo kwa Sekolopotlaneng sa Tweeling. Ka 1989 rraagwe o ne a reka polase e gajaana ba dirang temothuo mo go yona. Lorato lwa gagwe lwa temothuo le simologile mo bonnyaneng. O weditse materiki wa gagwe ka 2003 kwa Sekolosegolong sa Paul Erusmus mme a swetsa go ya go dira mmogo le rraagwe kwa polaseng. Kwa sekolong o ne a na le seabe mo motshamekong wa bothubalebelo/diatleletiking e bile o ne a emela porofense ya gaabo mo motshamekong wa rakebii, a le mo ditlhopheng tsa Aforikaborwa tsa ka fa tlase ga 17, 19 le 21 tsa rakebii.



Thabo o rata temothuo mme o batla go bona katlego a le mo polaseng ya gagwe. Ka 2009, gammogo le rraagwe, ba ne ba jala diheketara tsa korong di le 25, diheketara tsa mmidi di le 99 le diheketara di le 33 tsa dinawa. Thabo o tsweletse go gola jaaka montshakuno mme o batla go ithutela pele. O setse a tsene dikhoso di le mmalwa, ke tokololo ya setlhophathutano sa Maluti mme o reetsa bantshakuno ba bagolo fa ba abelana ka kitso le maitemogelo. 



Thabo o tlhoafetse thata ka ga tsamaiso le thulaganyo ya tsa matlole, mme o matlhagatlhaga thata ka kgonagalo ya go jala dinawa tse dintsi ka gore di na le poelo go gaisa dithoro tse dingwe. Jaaka bantshakunmo ba bangwe botlhe, o solofela gore tlhotlhwa ya dithoro e tlaa oketsega gore go kgonege go dira poelo le go beeletsa gape mo temothuong. 



Thabo o batla gore letsatsi lengwe a bo a le montshakuno wa mogwebi, o rata thata go ka bereka le bantshakuno ba bagwebi gore a kgone go bona maitemogelo a magolo.

 

Daniel Mocwiri

Kokamo Daniel Mocwiri o belegwe ka 1949 mo motseng wa Siberia mo Bokonebophirima (gaufi le Mareetsane). Ke ene yo mmotlana fa lapeng le mosimane a le esi mo baneng ba le robongwe. O simolotse sekolo mo Siberia, a ya Mareetsane mme a wetsa Kereiti 12 kwa Sekontaring ya Itlotleng. O ne a tsweletsa dithuto tsa gagwe kwa Kholetšhekatisong ya Batswana. O ne gape a dira khoso ka go ithutela gae le Damelin le Yunebesithi ya Vista kwa a amogetseng dipoloma ya borutabana. O weditse dikerii kwa Yunibesithing ya Potchestroom mme a simolola go dira jaaka morutabana mo Sekolopotlaneng sa Monnapula ka 1975 mme a tswelela go ruta foo go fitlha ka 2008. O nyetse Evelyn mme ba tshegofaditswe ka bana ba le barataro, basimane ba babedi le basetsana ba bane.



Ka e le ena morwa a le esi, rraagwe o ne a mo ruta gore go na le ditsela di le dintsi tsa go dira botshelo. O simolotse go ithuta go lema ka sepane sa dipholo, a sa ntse a le mosimanyana fa a tswa kwa sekolong mme se ya nna tshimilogo ya lorato lo lo sa khutleng lwa temothuo. Ka 1975, mmaagwe le rraagwe ba ne ba aga lebentlele mo motseng mme ka 1977 a reka terekere ya gagwe ya ntlha. Ka 1988 rraagwe o ne a tlhokafala mme ka a ne a sa ntse a ruta, o ne a hirisetsa masimo a gagwe porojeke ya temothuo ya Mareetsane go fitlha ka 1993. Ka 1994 o ne a simolola go lema ka bogagagwe a dirisa terekere ya gagwe mo masimong a diheketara tse 75.



Daniel o ne a tswelela go ruta mme morago, fa a se na go atolosa temothuo ya gagwe, o ne a kopa mongwe wa losika yo o gaufi go mo thusa mo polaseng. Sekolo se a neng a ruta mo go sona le sona se mo motseng, mme o ne a kgona go dira temothuo morago ga sekolo le ka malatsi a boikhutso fa dikolo di tswetswe. Gompieno jaana Daniel o dira temothuo mo lefatsheng la morafe la diheketara tse 200. Monongwaga o jetse diheketara tse 100 tsa mmidi le tse 100 tsa sonobolomo.



Ka 2008 Daniel o ne a tlhama setlhophathutano sa Siberia mme a tlhopiwa jaaka Modulasetilo. Ka 2009 o ne a nna mongwe wa bantshakuno ba ba tsweleletseng ba Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA. Daniel o tlhaloganya sentle mosola wa mafaratlhatlha a kemonokeng e bile o babatsa thata kemonokeng e a e boneng go tswa go rre James van der Linde wa Technichem yo o mo tlamelang ka dikhemikale le peo, gammogo le rre James Moeng yo o mo tlamelang ka monontsha. Daniel o ntse mo dingwageng tse dintsi a tshegetsa ntshokunothoro ya gagwe ka matlole go tswa Land Bank.



Frans Gaoganediwe – mofitlhamakgaolakgang

Frans Gaoganediwe o belegetswe kwa Sterkstroom ka 1957, ke ene yo mogolo mo baneng ba le lesome. Frans o tsene sekolo kwa Sekolopotlaneng sa Mesweng kwa a weditseng Kereiti ya 7 teng. Mosadi wa gagwe Phina, o belegetswe mo sedikeng sa Sterkstroom mme o weditse kereite ya 7 kwa Sekolopotlaneng sa Rabana. Gajaana ke mme wa lapa mme o thusa mo kgwebong ya thuokoko tsa nama.



Morago ga sekolo, go tloga 1985 - 1989, o ne a direla Senwes mo polaseng mo sedikeng sa Strekstroom,. Ka nako e o ne a jala ditekelelo tsa tshupetso. Se se ne sa mo tlogela ka maitemogelo a go ithuta a mantle mo temong ya mmidi le mekgwatiriso ya temo e e siameng. Go tloga ka 1990-1993 o ne a direla Senwes mo Sterkstroom. Frans o ne a sutisediwa kwa lephateng la dikgomo le dinku koo a neng a dira kgwediso ya seatla (AI) mmogo le go enta le go nosa melemo ya dibokwana mo diruiweng. Ke teng fa, fa lorato lwa gagwe lwa dikgomo tsa Bonsmara le medileng teng. Ka 2000 o ne a sutisediwa kwa lephateng la bogamelo (diary) morago diBonsmara di sena go rekisiwa, koo a neng a tswelela ka kgwediso ya seatla mo motlhapeng wa diFriesland, gape a tsamaisa mananeo a phepo le meento. Morago ga Senwes e sena go rekisa polase, o ne a tswelela go direla Senwes ka go jala ditekelelo. Ka 2002, Frans o ne a sutisediwa go tswa Sterkstroom go ya kwa Ntlokgolo ya Senwes kwa Kerksdorp kwa a neng a nna mokgweetsi.



Ka 2002 o ne a simolola ka temothuo mo lefatsheng le le leng teng. Ka 2001 o ne a dira kopo ya kadimo kwa Land Bank, e o neng a e abelwa ka 2002. O ne a reka polase le dilo tsotlhe tsa yona tse di neng di akaretsa diterekere tse pedi, megoma e mebedi, didiriso tse dingwe di le mmalwanyana, gammogo le matlo a mabedi a thuokoko ya nama (a a tsholang dikokwana tse 56 000). Matlo a a thuokoko gajaana a dira ka botlalo, mme a ntsha ditlhopha di ka nna supa le halofo ka ngwaga. Frans o na le konteraka e e tlhomameng le ba Rainbow Chickens.



Mo dingwageng tse robedi tse di fetileng o kokotleditse loruo lwa gagwe go nna dikgomo di le 38, letsomane la dinku le oketsegile go nna 63, o rekile terekere e nngwe, bene ya Toyota Hilux, tshilo ya furu e bile o tokafaditse matlo a thuelokoko ka go tsenya siling, dinnipole tsa metsi le peipi tsa phepo. Gape o tokafaditse thekeletso ya terata. Gajaana o tshwaragane le go aga botlhapelo jwa dišawara jwa badiredi.



Frans o rata go godisa kgwebo ya gagwe le go reka polase e nngwe. O batla go nna montshakuno wa mogwebi yo o feletseng. Se se kgonega fela ka go dira ka natla, go tsenela dikhoso le go katisa badiri ba gagwe. Frans o sa ntse gape a akanya gore Puso e tshwanetse go sekaseka diporojeke tsotlhe tsa yona, go rotloetsa bantshakuno go gola le go ntsha bantsho mo diporojekeng tse di reteletsweng. Frans a re o engwa nokeng ka botlalo ke bantshakuno ba bagwebi ba selegae ba tikologo ya Ventersdorp.



Klerk Melken – mofitlhamakgaolakgang

Klerk Melken o belegwe ka 1970 kwa motseng wa Mofufutso mo Bokonebophirima. Ke ngwana wa bobedi wa bana ba le lesome ba ga John le Dorah Melken, ba ba sa ntseng ba dira temothuo mo kgaolong yona e. O simolotse sekolo mo Mofufutso, a tsena sa Bogareng sa Khunwana mme a wetsa kereiti ya 11 kwa Sekolosegolong sa Atamelang. Ka 1992 o ne a simolola go dira jaaka modirapolaseng, mme a tswelela go dira jalo go fitlha ka 2000. Klerk o nyetse Joyce ka 2002 mme ba tshegofadiwa ka bana ba le bararo, mosetsana le basimane ba le babedi.



Klerk o simolotse temothuo mo dingwageng tsa bošwa ka diheketara tse 50 fela, fa a ne a kgona go bona kadimo ya ntshokuno ya ntlha ya gagwe go tswa NWK ka 2001. Ka Tlhakole 2003 o ne a reka namane e le nngwe, mme gajaana o na le dikgomo di le 16. Ka 2008 o ne a reka nku e le nngwe le podi e le nngwe mme gajaana o na le dinku tse 20 le dipodi tse 10. Gape o na le dikoko di le 80.



Klerk o ne a nna tokololo ya setlhophathutano sa Mofufutso ka 2000, fa a ne a ntse a dira mo polaseng. Ka Ngwanaitseele, 2008, o ne a tlhophiwa Modulasetilo wa setlhophathutano se. O tsenetse bontsi jwa dikhosokatiso tsa Grain SA, tse di akaretsang : Tlhagiso mo Khosong ya Mmidi, Tlhagiso mo Khosong ya Sonobolomo, Khoso ya Borakonteraka, Khoso ya Botlamedi, Khoso ya Motheo ya Paakanyo ya Enjene, Tlhagiso mo Khosong ya Mabele, Khoso ya Mmidi o o Tsweleletseng ya Balemirui ba ba Tsweleletseng, Khoso ya Tsamaiso ya Kgwebo ya Temothuo le Khoso ya Tsamaiso ya Thulaganyo ya Polase.



Gajaana o dira temothuo mo lefatsheng la morafe le le hirilweng la diheketara tse 150 la botengmmu jwa 80 cm. O jetse diheketara tsa sonobolomo tse 60, diheketara tse 42 tsa mmidi o mohibidu le tse 48 tsa mmidi o mosweu. Ka a lema mo karolong e e omileng ya naga, Klerk o tlhaloganya sentle botlhokwa jwa tshomarelo ya bongola jwa mmu. Klerk o lora go ipona a na le polase e e leng ya gagwe (e bile a tshwere lekwalo la kano ya bong). A re o batla go godisa temothuo ya gagwe go fitlhelela a nna le diheketara tse 1 000 mo kgaolong ya mebu e e boteng le pula e ntsi! Klerk o engwa nokeng ke rre Du Toit wa Technichem mme o dumela go itikanyetsa ka batho ba ba go tshegetsang le go nna le kitso. 



Klerk a re o rata temothuo gonne ke monna yo o itlhotloetsang yo o batlang go itlhabolola le go dira dilo ka tshwanelo.



William Matasane – mofitlhamakgaolakgang

William o belegetswe kwa sedikeng sa Winburg, kwa a tseneng teng sekolo sa dipolase. O ne morago a tsena kwa Sekolosegolong sa Winburg. O simolotse go dira kwa Allemanskraal (e e itsegeng botoka ka Aventura Resort Aldam). O dirile pele e le weitere, a nna moapei mme kwa bofelong a nna motsamaisi wa resetšhuranta, go fitlha ka 2004. Fa a ntse a dira kwa Aldam, o ne a tsena mo maitekong a temothuo le bomphato ba le bararo. Ka 2004 o ne a reka polase ya Verblyden, koo a nnang teng le mosadi wa gagwe le bana ba bona. Ba dira temothuo ka bobona kwa ntle ga bomphato ba bangwe. Fa, ba ntsha ka katlego sonobolomo le mmidi (William a re o bone sepokonyana ka korong dingwaga tse pedi tse di fetileng mme ga a battle go lekelela gape - bogolo jang ka ditlhotlhwa tsa gajaana).



William a re o batla go neela bana ba gagwe ditšhono tseo ena a se kileng a nna natso. Morwadie yo mogolo o dira ngwaga wa bone wa B.Com, morwadie wa bobedi ena o dira ngwaga wa boraro wa Electrical Engineering, fa morwadie yo mmotlana a dira ngwaga wa bobedi kwa Secretarial College, mme “Johannes, die boer” o tsena sekolo kwa Senekal, mo kereiting ya 4.



William ke montshakuno yo o atlegileng e bile gajaana o dira temothuo mo diheketareng tse 900. Polase ya gagwe e ka nna fela diheketara tse 400, mme o hirile lefatshe la tlaleletso la temo kwa Ventersburg (go tswa balemiruing ba bantsho ba ba sa le diriseng) mme lefatshe la phulo lona o le hirile mo go Mmasepala wa Winburg. William o batla go reka lefatshe le lengwe mo sedikeng sa Senekal, fela o ngongorega ka gore Puso e batla go thusa fela “ba ba ngobetsang madi mme e seng ba ba dirang sengwe se se mosola”.



William o dirisa kopanyo ya tlamelo ka matlole go tlamela dijalo tsa gagwe ka matlole – madi a gagwe le dikadimo tsa ntshokuno go tswa VKB le Land Bank. Monongwaga, dijalo tsa sonobolomo tsa gagwe di kgonne go duelela dikadimo tsa ntshokuno tsotlhe mme dipoelo go tswa mo mmiding wa gagwe ke tse di tsenang mo kgwatlheng ya gagwe. O jetse diheketara tse 110 tsa mmidi, le tsa sonobolomo tse 145 kwa Senekal, gammogo le diheketara tsa mmidi tse 60 le tsa sonobolomo tse 75 kwa Ventersburg. O na le dikgomo tsa nama tse 90 le matlaleletsa mme o ipela ka kelotsalo ya 91% – ga go mojamankoko mo polaseng. O na gape le dinku tse 30 mme a re ga a ka ke a di oketsa gonne polase ya gagwe e gaufi thata le motsesetoropo wa Matwabeng mo Senekal.



William o tshwenyegile thata ka ntlha ya tlhotlhwa ya dithoro. Mekgwatiriso ya matlole e e lolameng e botlhokwa thata mo kgwebong ya gagwe mme o beeletsa kwa a solofetseng dipoelo teng. A re ga a kgone go buelela theko ya didiriso tse dintšhwa tse di nnang ngwaga otlhe mo setorong. Tlhokomelo e e tseneletseng le tlamelo ya semekhenike ke e e manontlhotlho – sengwe le sengwe se na le bonno e bile se tlhokometswe bontle thata.



William ke motho wa dikakanyo tsa gagwe fela o tsaya tsia thata kemonokeng ya ga Johan Kriel wa Grain SA, gammogo le kemonokeng e e tsweletseng ya bantshakuno ba bagwebi ba selegae, bogolosegolo rre Phillip Basson, yo o nang le thuso e kgolo thata mo go ena.



















