Producer (Maize) 									Setswana



Molemirui wa Fouriesburg o tlotlwa jaaka montshadikuno yo o kwa godimo

	

Instructions:

Folio strap: Montshadikunothoro yo o tlhabologang wa ngwaga

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA 

Photos: Samuel Moloi



Mofenyi wa kgaisano ya Montshadikuno yo o Tlhabologang wa Ngwaga wa Grain SA o begilwe kwa maitisong a manobonobo a a neng a tshwaretswe kwa The Theatre on the Track kwa Kyalami, ka 09 Diphalane 2009.



Bontlhopheng ba Kgaisano ya Montshadikuno yo o Tlhabologang wa Ngwaga wa 2009 ba ne ba tlhaolwa. Ba ne ba ntse jaana:



Philip Xaba go tswa Bothaville, porofense ya Foreisetata;

Simon Mazwi go tswa Makouspan, porofense ya Bokonebophirima;

Lungile Malo go tswa Delareyville, porofense ya Bokonebophirima;

Samuel Moloi go tswa Fouriesburg, porofense ya Foreisetata; 

William Matasane go tswa Senekal, porofense ya Foreisetata; 

Nolundi Msengana go tswa Vanderbijlpark, porofense ya Gauteng; le 

Shimi Mokoka go tswa Vanderbijlpark, porofense ya Gauteng.



Montshakunothoro yo o Tlhabologang wa monongwaga ke Samuel Moloi go tswa Fouriesburg kwa Foreisetata. Re rata go akgola Samuel gammogo le bafitlhelelamakgaolakgang ba bangwe, ka katlego e e mantlhontlho e.



