Problems (OPOT) 									Setswana 

Mathata a bantshadikuno ba ba tlhabologang ba rakanang nao



Instructions: 

Folio strap: Tlaleletsoboleng

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA

Add picture of the banner made for farmer development programme



Go na le mabaka a a mmalwa a a ngokang kgatlhego mo tlhabololong ya bantshadikuno ba bantsho mo Aforikaborwa, sekao, lefatshe le le ntshang dikuno le abiwa sešwa, ditshenyegelo tsa dijo di tlhatlogile thata ka bonako mme go na le tshwenyego ka tshireletsego ya dijo ya bosetšhaba le boditšhaba.



Go buiwa thata ka thoto ya dijo ya lefatshe, tshireletsego ya dijo ya lefatshe, tshwanelo ya dijo le bonno, mme dijo tsotlhe tse di ntshiwa golo gongwe ke mongwe – go na le motho yo o amegang. Go botlhokwa go tsepamisa mogopolo o mo mothong ka nosi. Re tlhoka go tlhabolola le go matlafatsa motho ka nosi gore a nne montshadikuno wa mogwebi yo o tletseng yo o tshwaelang mo serotong sa dijo tsa bosetšhaba.

Goreng batho ba kgatlhegela bantshadikuno ba ba tlhabologang?

Lephata la temothuo le tlhoka go nna le lentswe le lengwe le le tshwaraganetsweng.

Temothuo ke motswedi wa dijo le tlhale ya lefatshe e bile e sala go nna mokwatla wa diikonomi tse dintsi.

Temothuo ke mothapi wa botlhokwa.

Tswelelopele ya dikgaolomagae e fokotsa kgatelelo mo metsweding ya ditoropo e e setseng e utlwile.

Fa 30% ya lefatshe e tshwanela go nna mo thuong ya batho ba ba neng ba gateletswe mo malobeng, re ka solofela gore 30% ya dikuno tsa temothuo e tlaa ntshiwang ke bantshadikuno ba: jalo he, 30% ya ditsenngwateng tsotlhe tsa temothuo e tlaa rekwa ke bantshadikuno ba.



Ke mathata afe a a lebaneng bantshadikuno ba ba tlhabologang?

Poelo e e kwa tlase ya ntshodikuno ya dithoro tse di tshelang ka pula le dikelo tsa morokotso

 tse di kwa godimo.

Mo dingwageng tse di fetileng ntshodikuno ya dithoro e ntse mo kgatelelong e e boitshegang. Ditshenyegelo tsa ditsenngwateng di tsweletse go tlhatloga, mme fela tlhotlhwa ya kuno yona ga e oketsege ka selekano seo. Go na fela le bantshadikuno ba se kae ba ba nang le madi a a lekaneng go jala dijalo kwa ntle ga go dirisa dikadimo. Fa mola wa poelo o gagametse le dikelo tsa morokotso di le kwa godimo, bothata jo bo tsamaisanang le ntshodikuno ya dithoro bo kwa godimo thata go tshegetsa kadimo ya madi a mantsintsi a a tlhokegang go tsenya dijalo mo mmung. Bantshadikuno mo Aforikaborwa ba tshwanela go gaisana mo mmarakeng wa lefatshe fela mabala a botshamekelo ga a lekane.



Tlhaelo ya kitso le bokgoni jo bo maleba

Bantshadikuno ba ba tlhabologang ke “baithuti” mme ba tlhoka kemonokeng, katiso le tataiso. Go na le mathata a mantsi a a tsamaelanang le tlamelo ka kemonokeng mo bantshadikunong:

Badiredi ba Lefapha fa gongwe ga ba nonofa sentle go ka neelana ka boleng jwa kemonokeng e e batlegang. Bontsi ga bo na maitemogelo a temothuo a tiragatso mme e bile ba a rata, le gona ba na le dithutego tsa dikwalo tse di batlegang, ga ba kgone “go tsenya mogoma mo mmung”.

Mekgatlho ya dikuno e dira tiro e ntle fela ditlamorago tsa ditshenyegelo di a boitshega.



Dikadimo tsa ntshodikuno

Bantshadikuno ba ba tlhabologang ba le bantsi ba na le mathata a go fitlhelela dikadimo tsa ntshodikuno. Mangwe a mabaka a se a a latela:



Ditlhokego tsa tshireletso ka ditheokadimo

Ditheokadimo tse dintsi di tlhoka bonto mo thotong go sireletsa kadimo. Bantshadikuno mo lefatsheng le le thapilweng kgotsa lefatsheng la morafe ga ba kgone go neelana ka lefatshe jaaka tshireletso ka jalo dikopo tsa bona tsa kadimo di a ganwa.

Inšorense ya ditsenngwateng ga e a lekana go sireletsa kadimo

Ditheokadimo tse dintsi di tlhoka inšorense ya ditsenngwateng go sireletsa kadimo ya ntshodikuno. Fela gape le gona, inšorense ya ditsenngwateng, fa e amogetswe e simolola go dira fela fa dijalo di setse di tlhogile, ka yona nako eo, bontsi jwa ditshenyegelo bo setse bo dirilwe. Ditheo dingwe ga di ikutlwe go rebola kadimo pele inšorense e amogelwa, se se tlholang maemo a mabe. Kotsi e nngwe e kgolo ke gore inšorense e sireletsa fela 65% ya ditshenyegelo - 35% e e setseng ke mathata fela.

Melapoelo e mennye ga e letle phoso ya go ithuta

Temothuo e bokete, mme fa o le maitemogelo mannye, gona kgonagalo ya mathata e kwa godimo. Fa dipoelo di le dinnye, gona ga o a tshwanela go dira phoso. Bantshadikuno ba ba tlhabologang, fa gongwe e bile ba sa ntse ba tlhabolola bokgoni jwa temothuo jwa bona, ke bothata jo bogolo mo badirising ba madi.



Diterekere le dimatšhine

Didiriso tse di seyong

Go na le bantshadikuno ba ba tlhabologang ba bantsi ba ba nang le lefatshe (e ka nna ka thulaganyo ya thuso efe fela), fela ga ba na didiriso tse di tlhokegang go le lema. Didiriso tse dintšhwa di tlhotlhwa godimo mme bantshadikuno ba ba tlhabologang ba bantsi ga ba kgone go di fitlhelela, e bile go na le ditheo di le mmalwa, fa e le di diteng, tse di ikemiseditseng go tlamela theko ya didiriso tse dikgologolo tsa temothuo ka matlole.



Ditlamelo tse di mo maemong a a sa itumediseng

Fa e le go na le ditlamelwana tsa temothuo, gantsi di mo maemong a a bokoa a go ka baakanngwa. Se ke ka ntlha ya:

Sekgatla sa dipoelo se se kwa tlase mo ntshodikunong ya dithoro, se se dirang gore go nne 

 	bokete mo matloleng go tlamela didiriso;

Gantsi bantshadikuno ga ba na kitso ka dipaakanyo le tlamelo;

Dithekisanyo dingwe tsa kabosešwa ya lefatshe di akaretsa theko ya “kgwebo e e dirang” mme didiriso gantsi di dikgologolo e bile di mo maemong a a bokoa. Se se raya gore montshadikuno yo o tlhabologang o simolola ka bokoa;

Ditlhopha di newa didiriso go di amogana fela ga go yo o rwalang maikarabelo a paakanyo.



Dintlha tse di mabapi le lefatshe le mmu.



Lefapha la Merero ya Lefatshe le Kabosešwa ya Lefatshe 

Lenaneo la tlhabololosešwa ya lefatshe le le diragadiwang ke Lefapha la Merero ya Lefatshe le swabisitse batho ba le bantsi thata. Ka kakaretso, le bonya mo e bileng bantshadikuno ba ba tlhabologang ba bantsi ba latlhegetswe ke ditšhono tse dintsintsi mme benglefatshe ba basweu ba kgobegileng marapo moo e bileng ba rekisetsa baagisani ba basweu ba bona ka ntlha ya go palelwa ga ba merero ya lefatshe go diragatsa. Ga go na mekgwa e e tshwanetseng ya go tlhotlha bajaboswa ba ba tshwanelang kabosešwa ya lefatshe.



pH

Paakanyo ya pH ya mmu ka go tshela llaeme e nna tiragatso e e turang thata gonne dikgaolo dingwe di ya go tlhoka go fitlha ditono tse 14 tsa llaeme ka heketara. Gantsi bantshadikuno ga ba mo seemong sa go duelela se e bile gape ga go bonale fa go na le maikemisetso a a tlhomameng, go kgontsha bantshadikuno ba ba tlhabologang go kopa thuso kwa pusong go thusa. Diporofense tse di farologaneng di ntse le mananeo a se, fela ga go na thulaganyo e e tlhomameng.



Seemo 

	Mo dingwageng tse dintsi mekgwatiriso ya temo e e sa lolamang e humanegisitse mmu ka fosefate mo dikgaolong di le dintsi. Fela jaaka go ntse ka go tshela llaeme, tiro e le yona e tlhotlhwa godimo thata mme ga go bonale go na le diketleetso dipe.



Dinkunturu le meselemetsi

Bontsi jwa lefatshe le le lengwang ke bantshadikuno ba ba tlhabologang ga le na dikunturu tse di rulagantsweng le go lekana sentle le meselemetsi e e jetsweng bojang. Le mororo Lefapha la Temothuo le na le Karolo ya Tshomarelo ya Lefatshe, tekanyetso ya lona e kwa tlase thata go fitlhelela bogolo jwa tlhokego e. Tshwagafatso ya lefatshe ka ntlha ya kgogolego ka diphefo le metsi ga ena bobaakanyo.



Ke eng se se tsweletsang batho go humanega?

Dikgoreletsi tsa sebopego le matshosetsi

Bantshadikuno, gore ba nne bantshadikuno ba bagwebi, ba tlhoka go nna le lefatshe le dimetšhine. Mo diporofenseng dingwe go na le tlhaelo e kgolo ya mafaratlhatlha jaaka ditsela, difala, diomisadithoro dikotudi, jj.

Tlhaelo ya kitso le phitlhelelo ya thekenoloji

Bantshadikuno ba tlhoka katiso, kemonokeng le tirelo ya bolemisi e e dirang ka botlalo.

Boikemedi

Batho ba tshwanetse go matlafadiwa go itirela dilo ka bobona. Ba tshwanetse ba ithute “go itshwarela tlhapi”.

Kgoreletsego ya bothati

Go palelwa ga badiredipuso go dira se ba se thapetsweng go tshola batho ba humanegile (sekao, tlhaelo ya go direla ga Lefapha la Merero ya Mafatshe gammogo le thebolotirelo e e bokoa ya Lefapha la Temothuo).

Go jewa ntsoma

Batho ba ba humanegileng ba mo tlalelong mme ba jewa ntsoma bonolo. Go botlhokwa thata gore botlhe ba ba amegang mo tlhabololong ya bantshadikuno ba dire ka boikanyego le serodumo.



Tshikinyo ya go tswelela pele

Puso 

Molao le maikemisetso a kgwebo tse di tshwanetseng go sireletsa madirelo a temothuo a selegae.

Mo bantshadikunong ba ba tlhabologang:

Go thusa ka ditshenyegelo tsa go tshela llaeme.

Go thusa ka ditshenyegelo tsa go tshela fosefate.

Go thusa ka ditshenyegelo ka tshireletso ya ditlhotlhwa tsa dijalo go bona kadimo ya ntshodikuno.

Go thusa ka ditshenyegelo tsa inšorense e e feletseng.

Go tlamela ka madi ka tsela ya dikgwebo tsa temothuo Landbank.

Go tlamela ka madi go kgontsha katisosešwa ya balemisi.

Go etleetsa tlhabololo ya matlole ka go dirisa mekgatlho ya dikuno.

Go akanya ka phakeji ya tlamelo ya didiriso tsa temothuo.



Mekgatlho ya dikuno

Go tlhabolola, katisa le go matlafatsa bantshadikuno.

Go katisa le go tlhabolola balemisi.

Go tlamela bantshadikuno ba ba tlhabologang ka kemonokeng ya setegeniki.



Lephata la poraefete 

Go tlamela ka ditsenngwateng tse di tlhokegang tsotlhe ka boleng le tlhotlhwa e e utlwalang.

Go tlamela ka mmaraka wa dikuno.

Go tlamela ka kemonokeng ya setegeniki le tshegetso.



