Problems (Maize)								Setswana



Ke mathata afe a bantshadikuno ba ba tlhabologang ba tshwaraganeng nao?



Instructions:

Folio strap: Maparego a temothuo

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA

Photos: 



Go botlhokwatlhokwa thata mo madirelong a dithoro gore mabaka a a kganelang bantshadikuno ba ba tlhabologang go nna bantshadikuno ba bogwebi a tlhaolwe le go rarabololwa. 



Dintlha tse di amanang le lefatshe le mmu

Lenaneo la ntšhwafatso la lefatshe le le diragadiwang ke Lefapha la Merero ya Lefatshe ga se sepe fela fa e se segogamowa mo go ba bantsi – ka kakaretso, ditirego tsa bona di bonya jo bo tlhomolang pelo mo e leng gore bantshadikuno ba ba tlhabologang ba latlhegelwa ke ditšhono morago ga ditšhono, mme benglefatshe ba Basweu ba ba fedileng pelo ba feleletsa ba rekiseditse baagisani ba bona ba Basweu fela ka ntlha ya go palelwa ga ba merero ya lefatshe go fitlhelela ditumelano.

Re na le kopano ya dithulaganyo ya thuolefatshe mo Aforikaborwa – go tswa go lefatshe go ya lefatsheng la poraefete le le hirilweng, go ya lefatsheng la morafe le mo go lona go se nang ditumelano tse di bofang motho tsa semolao (tetlo ya go nna/dirisa fela). Lefatshe la poraefete la mong le ka dirisiwa jaaka tshireletso mo dikadimong, fa e le gore lefatshe le le hirilweng le lefatshe la morafe ona ga a kgone go dirisiwa jaaka tshireletso. Mo dikgaolong tsa morafe, moetlo ke gore losika lo nne le kabo ya lona ya lefatshe ya bogolo jo bo rileng (e e farologanang go ya ka diporofense), mme fa montshadikuno a batla go atolosa tiro ya temo ya gagwe, o tlaa tshwanela go rerisana le baagi ba bangwe go ka dirisa kabo ya bona. Ga go tshireletsego ya pakatelele ya mokgwathuolefatshe o mo lefatsheng le la tlaleletso.

Paakanyo ya pH ya mmu, mmogo le seemo se se kwa tlase sa fosefeite, tsoopedi ke ditirego tse di tlhotlhwagodimo thata – diketleetso di a tlhokega ka gore bantshadikuno ba ba tlhabologang ga ba na ditlamelwana go ka duelela ditiro tse.

Bogolo jwa lefatshe le le dirisiwang ke bantshadikuno ba ba tlhabologang ga le na dikonturu le meselementsi ya bojang e e rulagantsweng sentle le e e lekaneng. Le mororo Lefapha la Temothuo le na le karolo ya Tshomarelo ya Lefatshe, tekanyetso ya lona ga e lekane go letla go ka kampana le tlhokego e e boitshegang e.

Mo Aforikaborwa, ga se lefatshe lotlhe le le leng la kgono e e kwa godimo go tshwanela ntshodikuno ya dijalo. Fela gape phetolelo, ya lefatshe la temo go nna phulo e e jetsweng ke tirego e e turang le ya pakatelele. Bantshadikuno ba ba tlhabologang ba bonala ba sa kgone go fitlhelela thulaganyo ya phetolelo ka jalo gantsi ba tswelela go jala dijalo mo lefatsheng le le sa tshwanelang, kgotsa ba le latlhaganya le sa dirisiwe – tsoopedi ga se ditsela tse di siameng.

Thekeletso, kgotsa tlhaelo ya yona, ke bothata jo bo boitshegang thata jo bo lebaganeng le bantshadikuno, bogolosegolo mo dikgaolong tsa semorafe koo diterata di utswilweng, le go letla dikgomo le dihutshane go gobea jaaka di rata mo masimong.



Diterekere le metšhine

Go na le bantshadikuno ba ba tlhabologang ba bantsi ba ba nang le lefatshe (e ka nna thulaganyo efe fela ya thuo) fela ga ba na didiriso tse di tlhokegang go le lema. Didiriso tse dintšhwa di tura bobe mme bontsi jwa bantshadikuno ba ba tlhabologang ga bo di fitlhelele, mme go na le ditheo di le mmalwa fela, fa di le teng, tse di ikemiseditseng go tlamela theko ya didiriso tsa temothuo tse dikgologolo ka madi.

Fa didiriso tsa temothuo di le gona, gantsi di mo maemong a a bokoa go ka dira. Se ke ka ntlha ya:

Dikelopoelo tse di kwa tlase tsa ntshodikuno ya dithoro e e ketefaletsang balemi go nna le matlole a go tlamela didiriso.

Gantsi bantshadikuno ga ba na kitso ya dipaakanyo le tlamelo.

Ditheko dingwe tsa ntšhwafatso ya thuolefatshe di tsenyeletsa theko ya “kgwebo e e tsweletseng” mme fa gongwe didiriso di tsofetse le go nna mo maemong a a bokoa, mo go rayang gore montshadikuno yo o tlhabologang o simolola a se na ditlogo.

Ditlhopha di abelwa didiriso go di abelana mme go tlhokagale yo o tsayang maikarabelo a tlamelo.



Dikadimo tsa ntshodikuno

Bantshadikuno ba ba tlhabologang ba le bantsi ba na le mathata a go fitlhelela dikadimo – mangwe a mabaka a se ke a a latelang:

Mo dingwaganyaneng tse di fetileng, dipoelo tsa ntshodikuno ya dithoro di ntse di le mo kgatelelong e kgolo. Setlha se se fetileng e ntse se se siameng thata ka dijalo di jetswe ka “tlhotlhwa ya bogologolo ya ditsenngwateng” fa dithoro di rekisitswe ka “ditlhotlhwa tse dintšhwa tsa dijalo” e bile mo mabakeng a le mantsi pula e ne e feta palogare. Go na le bantshadikuno ba se kae fela ba ba nang le madi a a lekaneng go ka jala dijalo kwa ntle ga go dira dikadimo. Fa kelopoelo e le maswenyana mme kelokadimo e le kwa godimo, mathata a a tsamaelanang le ntshodikuno ya dithoro a nna kwa godimo thata moo go sa siamang go ka adima madi a a boitshegang a a tlhokegang go tsenya dijalo mo mmung.

Ditheo tsa kadimo tse dintsi di tlhoka bonto mo phorophating go sireletsa kadimo. Bantshadikuno mo lefatsheng le le kailweng kgotsa mo lefatsheng la morafe ga ba kgone go neela lefatshe jaaka tshireletso ka jalo dikopo tsa bona tsa dikadimo di a ganwa.

Ditheo tsa kadimo tse dintsi di batla inšorense ya ditsenngwateng go sireletsa kadimo ya ntshodikuno. Fela le gale, inšorense ya ditsenngwateng, fa e amogetswe e simolola go dira fela fa dijalo di setse di tlhogile, ka nako eo tota bontsi jwa ditshenyegelo bo setseng bo dirilwe. Ditheo dingwe ga di rate go neelana ka kadimo pele ga inšorense e amogelwa, se se tlhola maemo a a tlhobaetsang. Kotsi e nngwe ke gore inšorense e netefatsa fela go fitlha 65% ya ditshenyegelo – ke mang a tla rwalang mathata a a setseng.

Ka maswabi, go na le makgetlo a le mmalwa ao bantshadikuno ba ba tlhabologang ba paletsweng ke go tshegetsa maitlamo a bona a go duela dikadimo mme se sa dira gore baadimisi ba itshie mmele go ka adima.

Temothuo e bokete, mme fa o na le maitemogelo a mannye, gona mathata a ka nna magolo. Fa dikelo di le dinnye, gona o na le kelo e nnye thata go ka dira phoso. Bantshadikuno ba ba tlhabologang gantsi ba sa ntse ba leka go tlhabolola dikgono tsa bona tsa temothuo mme ka jalo ba nna le bothata jo bogolo mo baadimising ba madi.



Kemonokeng le kgakololo – ditirelo tsa bolemisi

Bantshadikuno ba ba tlhabologang ke “baithuti” mme ba tlhoka kemonokeng, katiso le pepetletso. Go na le mathata a mantsi a a amanang le tlamelo ka kemonokeng mo bantshadikunong:

Batlhankedi ba Lefapha gantsi ga ba a nonofa sentle go tlamela kemonokeng ya boleng jo bo tlhokegang. Bontsi ga bo na maitemogelo a tiragatso a temothuo mme le fa ba ka bo ba rata, e bile ba na le thutego e e tlhokegang ya dikwalo, ga ba kgone go e diragatsa.

Go suga batho go a tura e bile go tsaya lobaka lo loleele. Mafapha a puso a tletsetletse ka batlhankedi ba ba duelelwang go dira tiro, fela bontsi ga bo na ditsompelo. Fa lekala la poraefete le tsenya seatla, mongwe o tshwanela go bula sekgwama – ke mang a tla duelang?

Bantshadikuno fa gongwe ba iphitlhela ba sa itse gore ba sale kgakololo ya ga mang morago – molemisi wa Lefapha? Kgotsa mogakolodi go tswa kgwebong ya temothuo yo o neelang ka kadimo ya ntshodikuno? Kampo mokgatlho wa mofutapeo o o emang nokeng? Kgotsa mopepetletsi? (Bomadimabe ke gore botlhe ga ba bue se se tshwanang ka gale).



Letloatshireletsego

Go ithuta go dira temothuo, go raya go itsenya mo mathateng – fa batho ba tshwanela go nna bantshadikuno, ba tlaa dira diphoso. Go na le tlhokego e e boitshegang ya letloatshireletso go tlaa kapa bantshadikuno fa ba wa. Ka nako e, bantshadikuno bangwe ba mo maemong a a itumedisang go tlamelwa ka matlole ke kgwebo nngwe ya temothuo mme ka jalo ba kgona go fitlhelela kabo ya llaeme go tswa go Maize Trust, gammogo le fosefeite le inšorense ya ditsenngwateng (mo masimong a bona a mmidi). Le gale go na le bantshadikuno ba bangwe ba ba tlhabologang ba ba sa kgoneng go jala mmidi, kgotsa ba sa kgona go bona thebolelo ya kadimo ya ntshodikuno go tsena ka kgwebo ya temothuo e bile ga ba na kemonokeng ya llaeme, fosefeite le inšorense. Go ne go ka nna molemo fa puso e ne e ka itharabologelwa go thusa bantshadikuno ka letloatshireletso le le batlegang.



