Pro-activity 										Tswana



Diponagalo tsa molemirui yo o duleng mabogo



Instructions:

Folio Strap: Tsamaiso

Byline: Phonnie du Toit, ARC-GC1

Exploding quote: Mmatlakgwana ga a robale



Gantsi balemirui ba latlhegelwa ke ditšhono tse dikgolo kgotsa gona go tshwara sebaka sa go bona poelo e e kwa godimo, fela ka gore ba se ke ba dira ka nako.



Ka dinako dingwe ba itemogela ditatlhegelo tse di boitshegang ka ntlha ya tshenyo mo metsweding ya tlhago, jaaka kgogolego ya mmu ka nako ya dipula tsa morwalela, ka gore ba lebetse gore “thibelo e gaisa kalafi”.



Go dira go sa le gale go raya go rulaganyetsa kwa pele le go dira ditiro dingwe pele thata, ga e le nngwe kgotsa go feta ya ditiragalo tse dikgolo. Mo ntshodikunong ya dithoro, se ke ntlha ya tsamaiso e e botlhokwa go gaisa. Alemanaka ya jalodijalo ya mo polaseng ya gago ke yona e tshwanetseng go laela ditiro tsotlhe ka kgwebo ya gago. Letlhajalo le le tshwanetseng (tirokgolo ya mo polaseng ya gago) e ka nna ka Seetibosigo a rogwa e le gore o rulaganya go jala korong kgotsa Ngwanaitseele a rogwa, fa e le sejalo sa selemo. Bontsi jwa ditiro tsa gago tsa thulaganyo le ipaakanyo mo dikgweding pele ga jalo, di tlaa ikaega ka letlha le. Go tswelela go akanyetsa kwa pele gale ke gona moono wa tiro ya gago.



Lenaneotlhatlhobo le ditiro tse di tshwanetseng go dirwa pelepele pele ga letlhajalo:



Kelotlhoko le tlhotlhomiso tse di tsweletseng

Tiro e e tswelelang e botlhokwa thata mo go kgontsheng molemirui go dira go sa le gale. Kelotlhoko e e dirilweng mo setlheng sa gajaana e ka thusa mo go thibeleng diphoso le go thusa go tsaya ditshwetso tse di botoka mo setlheng se se latelang. Mefero, jaaka sekao, e e tlhaotsweng mo nakong ya setlha sa kgolo, e tlaa laola mofuta wa sebolayatlhatshana se se tlaa dirisiwang mo setlheng se se latelang. Fa o ka tlholega go lemoga mathata mo setlheng sa gajaana, go ka etegela thata mo setlheng se se latelang.



Rulaganya kgotsa rulaganya sešwa thulaganyo ya ntshodikuno

Sekaseka sešwa kgono ya ntshodikuno ya mmu le go tlhomamisa palo ya diheketara e o rulaganyang go jala dijalo mo go yona. Utolola mmaraka mme o tlhophe dijalo tse di nang le dipoelo go ikaegile ka tshedimosetso ya mebaraka e e ikanyegang. Thala tekanyetsokabo mme o rulaganye togamaano ya ntshodikuno mo pampiring ka nepo ka fa go kgonegalang.



Dirisa ka botlhale ditšhono tsa mebaraka tse di botoka

Mo maemong a mebaraka a gajaana go botlhokwa thata go saena konteraka le kemedi ya mebaraka e e ikanyegang. Konteraka e tlaa sireletsa kgatlhanong le ditlhotlhwa tse di yang tlase le godimo tsa dithoto. Sireletsa konteraka ya sejalo sengwe le sengwe ka tlhotlhwa e e gaisang ka fa go kgonegang.



Iponne kadimo ya ntshodikuno

Fa madi a o nang nao a sa lekana go lema diheketara tse o eletsang go di jala, gona o tlaa tshwanela go dira kopo ya kadimo ya ntshodikuno. O se ke wa diega go bona setheo sa matlole ka bonako fela fa o sena go rulaganya togamaano ya ntshodikuno ya gago. Gantsi tirego ya go rebola kadimo ya ntshodikuno e tsaya lobaka lo loleele.



Rulaganya konteraka le rakonteraka yo o ikanyegang

Fa o sa kgone go dira tiro ya tshugommu le go jala, saena konteraka le motlamelakatirelo go sa ntse go le kwa pele thata. Netefatsa gore didiriso tsa go lema tse o di tlhokang di tlaa bo di le teng ka nako e o rulaganyang go jala sejalo sa gago. Pele o saena konteraka tsaya matsapa a a kgethegileng go batlisisa maemo a didiriso tsa rakonteraka. Gakologelwa gore, thobego nngwe le nngwe e e diragalang ka nako ya paakanyommu kgotsa ya jalo, ke go direla molemi bothata ka boena.



Paakanyo ya didiriso le metšhine

Nako e e siameng go gaisa go tlhokomela didiriso tsa gago ke fela kwa bofelong jwa setlhajalo. Fa tiro e e ka itlhokomolosiwa gona molemi o itirela mathata, e seng fela a go tshwanelwa ke go baakanya didiriso ka tlhotlhwa e e kwa godimo fela gape nako ya botlhokwa e ka latlhega tota ya bo ya tlhola letlha la jalo le le thari. Foo didiriso di bolokilweng morago ga go phepafadiwa bophepa, tirelo e e tshwanetseng le tshireletso kgatlhanong le jego, go tlaa tlhokwa nako e potlana thata go baakanyetsa didiriso setlhajalo.



Ditiro tsa tshomarelommu

Tlhatlhoba dibopego tsotlhe tse di teng jaaka dikonturu le mesele ya kelelo ya metsi. Dira nako go tlamela kgotsa go baakanya dibopego tse go efoga tshenyego ya mmugodimo wa gago ka setlha sa pula. Fa go tshwanela go dira dibopego tse dintšhwa, tiro e e tshwanetse go simololwa ka bonako jo bo kgonegalang. Dikgato tsa tshomarelo ya mmu di tlhoka togamaano e e tseneletseng le nako e e lekaneng go diragadiwa.



Theko ya ditsenngwateng

Nako ya theko e tshwanetse go dirisiwa ka tshwanelo. Tshwantshanya dikuno tsa ditsenngwateng mme o rerisanele tlhotlhwa e e isegang botoka gore o kgone go tshola ditshenyegelo ka heketara di le kwa tlase ka fa go kgonegang ka teng. Itirele itemogelo ka bowena ka setlha sa kgolo go ka tlhopha kuno e e gaisang jaaka mothale wa sejalo o o dirang ka manontlhotlho kgotsa go emisetsa kuno e e dikileng e sa dira sentle jaaka go ne go solofetswe. O se ke wa okaoka go baya kgatelelo mo setlamong sa tlamelo e le go netefatsa gore dikuno tse o di rekileng di nna teng ka nako.



Gakologelwa, go na le batlhalefi le baitseanape ba bantsi ba ba ratang go ka go thusa mo ditirong tsotlhe tse. Se tabogele kwa go bona ka nako ya bofelo. Rulaganyetsa kwa pele mme o ba leletse GOMPIENO!

















