RE GADIMA KWA MORAGO KA TLHOTLHWA YA KORONG YA 2007



Instructions:

Sakkie van Zyl, Raikonomi, Market research, Commodity Servicing, Grain SA.

Ditlhotlhwa tsa korong tsa Boditšhaba le Safex

Letlha

Korong ya Safex

Ditshenyegelo tsa tefamorwalo ka sekepe go ya RSA

Argentina go ya Aforikaborwa

USA Gulf go ya Aforikaborwa

Mafelo a Beke



Go bokete go dumela gore tlhotlhwa ya korong ya Safex ya Tlhakole 2007 e ne e sa ntse e le ka fa tlase ga R1880 tono, morago ga gore tlhotlhwa e bo e ne e tsholetsegile ka R 3460 tono ka 18 Lwetse.



Le fa e bile tlhatlogo ya tlhotlhwa e ne e siame, go ya ka tebo ya montshadikuno wa dithoro, bantshadikuno ba ba boetsweng mo tlhatlogong e ke bao ba ba neng ba tshegetsa dingwe tsa dijalo tsa bona tsa 2006/2007 kgotsa bao ba ba neng ba tshotse diphosišene tsa pakatelele mo Safex.  Ka bomadimabe, ke bantshadikuno ba se kae ba ba mo maemong a go tshegetsa dijalo tsa bona dipaka tse ditelele morago ga thobo, le go ipatlela mathata a ditlhotlhwa tse di kwa tlase.  Bantshadikuno ba ka botsa:  babatlisisi ba ne ba le kae?  Ke eng bantshadikuno ba ne ba sa newe kgakololo e e botoka?



Sebe sa phiri, tshedimosetso e e gona e e gaisang ka nako e e rileng, ga se yona ntlha fela e e ka netefatsang tshwetso ya thekiso e e siameng.

Go na le dintlha tse dingwe di le mmalwa, gongwe maemo a loapi e leng yona ya botlhokwatlhokwa thata, tse di nang le seabe mo tlhatlogong le kwelotlaseng ya ditlhotlhwa, e bile tse di ka se keng tsa bonelwa pele ka tlhomamo.



Lenaneo 1 le bontsha ditlhotlhwa tsa korong tsa lefatshe go tloga 2005, go akaretsa le diphopholetso tsa ntshodikuno ya lefatshe tsa setlha sa 2007, tse di dirilweng kwa bokhutlong jwa Tlhakole, gammogo le dintlhakakanyetso tsa fa gautshwane.  Ntshodikuno ya lefatshe ya setlha sa 2007 e kabakanyediwa go nna ditono di le dimilione tse 623,7, ka ntlha ya koketsego ya kgaolo e e jetsweng, e e solofetsweng, le thobo e e solofetsweng go boela mannong.  Fa phopholetso e ka bo e fitlheletswe go ka bo go ntse ditono di le dimilione tse 33.5 (6.7%) tsa korong tse di leng mo mmarakeng mo setlheng sa 2006.  Ka tiriso ya lefatshe e e ka nnang ditono di le dimilione tse 620, go ka bo go ntse korong e e fetileng e e batlegang mo mmarakeng go fitlhelela patlego.



Lenaneo 1:  Ntshodikuno ya korong lefatshe ka bophara (ditono di le dimilione).

 
 
2005
 
2006
 
2007
 

 

 

 

 
Tlhakole
 
Lwetse
 
Lwetse VS Tlhakole
 

 
Dinaga tsa thomelontle tse
 

 

 

 

 

 

 
di botlhokwa thata
 

 

 

 

 

 

 
Argentina
 
12,6
 
14,2
 
14
 
14,5
 
0,5
 

 
Australia
 
25,4
 
9,8
 
21
 
13,5
 
-7,5
 

 
Canada
 
26,8
 
25,3
 
25
 
20,5
 
-4,5
 

 
European Union
 
122,7
 
125,3
 
137,5
 
121,7
 
-15,8
 

 
USA
 
57,3
 
49,3
 
56
 
57,5
 
1,5
 

 
Dinaga tse dingwe tse di 
 

 

 

 

 

 

 
Botlhokwa
 

 

 

 

 

 

 
China
 
97,5
 
104,5
 
100
 
107
 
7
 

 
India
 
68,6
 
69,4
 
74
 
74,9
 
0,9
 

 
Pakistan
 
21,7
 
21,7
 
22
 
23,3
 
1,3
 

 
Kazakstan
 
11
 
12,5
 
12,5
 
14,5
 
2
 

 
Rusia
 
47,6
 
44,9
 
48
 
46
 
-2
 

 
Ukraine
 
18,7
 
13,8
 
16,5
 
13,7
 
-2,8
 

 
Palogotlhe ya Lefatshe
 
620,3
 
590,2
 
623,7
 
601,4
 
-22,3
 

 
Motswedi:  Boto ya Dithoro ya Boditshabatshaba.



Ka ntlha ya maemo a loapi a a sa siamang, dinaga tse di ntshang korong tse di botlhokwa tse di farologaneng di fokoditse diphopholetso tsa dijalo tsa tsona makgetlo a le mmalwa mo setlheng sa 2007, mme kwa bokhutlong jwa Lwetse 2007, ntshodikuno e e fopholediwang e ne e le ditono di le dimilione tse 601,4. Se ke ditono di le dimilione tse 22,3 kwa tlase ga phopholetso ya Tlhakole 2007 – se se tlhodile koketsego e e gakgamatsang ya tlhotlhwa ya korong ya boditshatshaba.



Kerafo 1:  Kgwedi ya konteraka e e gaufi ya Safex, le tlhotlhwa “free-on-board” ya Argentina le USA Hard Red Wheat (ka Didolara tsa USA/tono):  Polokelo ya detha ya Boto ya Dithoro ya Boditšhatšhaba, Safex le Grain SA.



Tlhotlhwa ya korong ya Argentina e ne e gweba ka $177/tono mo go Tlhakole, 2007 mme e sa tswa go tlhatlogela go $355/tono (Kerafo1).  Se ke koketsego ya $158/tono kgotsa 89%, le e bile go ntse le tlhatlogo e nnye mo dijalong tsa Argentina go tloga ka dikabakanyetso tsa Tlhakole.  Tlhotlhwa ya “free-on-board” ya USA Hard Red Wheat mo Gulf le yona e bontshitse ditshupo tse di jalo, le mororo go ntse le koketsego ya ditono di le 1,5 milione mo dijalong tsa korong tsa Amerika go tloga bokhutlong jwa Tlhakole (Lenaneo 1).



Ka ntlha ya maemo a loapi a a sa itumediseng kwa Australia, Canada le European Union, dijalo di fokoditswe go boitshega, mme se se tlhodile phokotso e kgolo mo dipolokelong tsa korong ya lefatshe mo go 2007 – se gape se lerile kgatelelo mo tlhotlhweng go oketsega mo mmarakeng wa boditšhabatšhaba.



Kerafo 1 e bontsha gore tlhotlhwa ya Safex ( ya kgwedi e e gaufi) e balwa ka $/tono e tsamaile jaaka tlhotlhwa ya boditšhabatšhaba ya korong mo go 2007.  Go tloga ka Tlhakole, 2007, tlhotlhwa e oketsegile ka bokana ka $200/tono, fa e tshwantshamgwa le koketsego ya $158/tono ya korong ya Argentina, le koketsego ya $143/tono ya USA Hard Red Wheat.



Koketsego e kgolo thata mo tlhotlhweng ya korong ya selegae go ya ka dolara fa e tshwantshanngwa le tlhotlhwa ya boditšhabatšhaba, e ka tlhalos ka tlhatlogo mo ditshenyegelong tsa tefamorwalo ka sekepe.  Mo go Tlhakole 2007, go ne go ja $43/tono go rwalela korong mo Aforikaborwa go tswa Argentina ka sekepe, le $48/tono go tswa Gulf go tla Aforikaborwa.  Ka ntlha ya patlego e e golang ya thwalo ka sekepe, ditshenyegelo di batlile di imenaganya gabedi monongwaga.  Gajaana go ja $73/tono go rwala korong go tswa Argentina ka sekepe, le $88/tono go rwala korong ka sekepe go tla Aforikaborwa go tswa maemelakepeng kwa Gulf (Kerafo 2).  Go ya ka R6,58/$, koketsego ya ditshenyegelo tsa thwalo ka sekepe go tloga Tlhakole, 2007 ya R219/tono.  (Kerafo 2):  Ditshenyegelo tsa tefamorwalo go tla Aforikaborwa (ka US$/tono)

Motswedi:  Boto ya Dithoro ya Boditšhabatšhaba.



Bokhutlo

Phokotsego e e solefetsweng ya ntshodikuno ya korong ya lefatshe e ntse le seabe sa botlhokwa mo koketsegong ya tlhotlhwa ya korong ya boditšhalatšhaba, le ka ntlha ya lebaka la gore Aforikaborwa o tshwanetse go romela teng nngwetharong ya patlego ya selegae, koketsego mo ditlhotlhweng tsa boditšhababatšhaba e isitse kwa koketsegong mo tlhotlhweng ya Aforkaborwa.   Ditshenyegelo tse di oketsegetseng tsa tefamorwalo ka sekepe, di tsentse kgatelelo go ya pele mo tlhotlhweng ya selegae, ka di tlhodile koketsego ya mo teketekanong ya diromelwateng.  Koketsego mo tlhotlhweng ya boditšhabatšhaba e sa ntse e supile gape seabesegolo se maemoloapi a nang le sona mo ditlhotlhweng tsa dikuno tsa temothuo.  Jaaka re itse sentle thata, go thata go bonela pele gore Tlholego e tlaa dirang.





















