

Practice									Tswana

A o diragatsa se re se rerang?



Instructions

Folio strap: Katiso

Byline : Jane McPherson, Motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA.



O ka bolelela motho ka ga sengwe, fela fa a sa battle go se diragatsa ga o ka ke wa mo pateletsa. Mo ngwageng o o fetileng go feta batho ba le 2000, ba tsenetse dithuto katiso tse di tlhagisitsweng ke lenaneotlhabololo la balemirui la Grain SA. Gongwe jaanong ke nako go ipotsa – katiso e e na le tshusumetso efe mo mekgwatirisong ya temothuo ya balemirui?



Fa e le gore o kile wa tsenela khoso ya tshimologo ya ntshodikuno (mmidi, sonobolomo kgotsa mabele), tsweetswee ipotse dipotso tse di latelang? 

Ke ntsha dikuno tsa me mo mofuteng ofe wa mmu?

Ke ne ke jetse diheketara di le kae?

Boteng jwa tota jwa mmu wa me ke bokae?

Seemo sa pH ya mmu wa me ke sefe?

Seemo sa dikotla tsa mmu ke sefe (N, P le K)?

Pula ya ngwaga e e solofetsweng mo kgaolong ya me ke bokae?

Mo ngwageng o o siameng ke ka solofela go roba thobo e e kana kang mo kgaolong ya gaetsho?

A keng a le legogo la temo mo masimong a me?

Ke ne ke jetse sejalo sefe, mme a e ne e le tlhopho e e siameng?

Ke nako efe e e siameng go jala sejalo sa me le gona ke eng e le nako e e siameng?

Ke sweditse jang gore ke monontsha ofe o ke tshwanetseng go o dirisa le gore ke tshele bokae?

Ke ne jetse mofutapeo ofe, le gona ke eng se se dirileng gore ke swetse jalo?

Phopholetso ya palopalo ya dimela tsa me e ne e le bokae?

Kwa bofelong ke fitlheletse palopalo efe?

Ke ne ke rulagantse go tshela monontsha o o kana kang, gona ke fitlheletse eng?

Ke dikgato dife tse ke di tsereng go laola disenyi le malwetse mo dijalong tsa me?

Taolomefero ya me e ne e le jang?

Ke mefero efe e e leng bothata mo masimong a me?

Ke dirisitse bokae go ntsha dijalo?

Ke fitlheletse tlhotlhwa efe ka tono mme e ne e tshwana jang le tse dingwe?

Dijalo di njetse bokae ka heketara?

Dijalo di njetse bokae ka tono?

Morago ga go roba dijalo tse, ke rulaganya go jala eng mo tshimong eo ngwaga o o tlang?

Ke ya go tsaya kae matlole a sejalo se se latelang?

A diterekere tsa me di lekane go bereka kgaolo e ke e berekang?

A ke tlaa kgona go dira kgaolo yotlhe ka nako e e siameng?

A ke na le didiriso tse ke di tlhokang go ntsha dijalo?



Fa o sa kgone go araba dipotso tse, gongwe o tshwanela go buisa kaedi ya gago kgotsa go tsenela thuto e nngwe. Tse ke dipotso tsa motheo mme fa e le o batla go nna molemirui yo o tswaletseng pele o tshwenetse o kgone go araba dipotso tse ka bowena.



Go na le mekgatlho e le mmalwa e e dirisang lafatshe le e leng la balemi ba ba tlhabologang:



A o na le lefatshe?

Ke mang yoo lemang mo lafatsheng la gago?

Dithulaganyo tsa gago tsa tiriso ya lefatshe le mo isagong ke dife?



Ipotse dipotso tse tswetswee, gore o tle o bone karabo e e tlhapileng mabapi le tlhabololo ya gago jaaka molemirui – a o tota o batla go nna molemirui kgotsa o batla go dira lotseno ka lefatshe la gago ka go nna mohirisalefatshe yo o sa nneng mo go lona?



