Plan (Maize) 										Setswana 
Diragatsa ditogamaano tsa gago ka botlalo 
Folio strap: Tsamaiso
Byline: Tshedimosetso e rulagantswe go tswa Kaeding ya Tsamaiso ya Polase ka Poelo ka Marius Greyling
Gangwe fela fa ditogamaano tsa ditiro tsa isagwe di koneseditswe le metswedithuso ya popego le setho e rulagantswe, go tshwanetse go netefadiwe tiragatso ya ditogamaano go ya ka kemo e e tlhokegang.
Tiragatso ya dikgato le ditiro tse di rulagantsweng di totisitswe maitlhomo a kgwebo. Ka jalo go tlaa bo go se botlhale go nna kelotlhoko e kgolo mabapi le togamaano le thulaganyo, o bo jaanong o itlhokomolosa tiragatso. Fela jalo katlego ya tiragatso e ka kgorelediwa le togamaano le/kgotsa thulaganyo e e bokoa. A re eleng tlhoko tiragatso e le tiro ya tsamaiso ya boraro.
Mo mabakeng a tiriso le kumako kwa dikgannyaneng tsa maloba ka togamaano (Pula ya Seetibosigo) le ka thulaganyo (tsebe 4), fa letsatsi le goroga, sekao 9 Motsheganong 2011, se se eng se logetswe maano le go rulaganngwa se tshwanetse go diragadiwa. Sekao:
Togamaano le Thulaganyo: Beke 9 - 13 Motsheganong 2011
Mosupologo 9
Ditiro tse di rulagantsweng
Badiri ba ba amegang
Metswedithuso e emngwe 
Tiragatso 
Mmidi 
Tlholela tshimo 5.
Jan.
Sekutara.
Buka ya direkoto.
Weditswe – gago bolwetse jo bo bongweng.
Sonobolomo
Roba tshimo 3, diheketara tse 10.
Piet (Mokgweetsi).
Padiso, Vosloo, 
Badiri ba nakwana ba 2.
Serobi.
Diterekere tse pedi le ditereilara. 
Go weditswe diheketara tse 9.
Dikgomo 
Lekola dikgomo. 
Tlhola dilatso le dijophepo.
Fusetsa, tshwaya, dousa le go kala dinamane tse 100.
Klasie.
Klasie.
Moloto, Abram, Kagiso le Hendrik.
Pitse, buka ya direkoto.
Pitse, buka ya direkoto.
Mogotlha wa dikgomo, ditshupi tse di tshubang, melemo, didiriso tsa go dousa, sekale le buka ya rekoto.
Dikgomo di siame.
Digopo tsa dijo mo kampeng 3 di tladitswe. 
Dinamane tse 100 le ditiro tse dingwe di weditswe.
Dikoko tsa nama 
Baakanya ntlo 3 (tlosa motshetelo o mogologolo).
Ditiro tsa letsatsi le letsatsi 
Ntlo 1 le 2.
Johanna, Minah, Johannes.
Sarah, Monica, Dawid.
Disekupa, dikgetse, le tereilara. 
Didiriso tsa diatla tse di sa tshwaragang.
Ntlo e baakantswe.
Ditiro tsa letsatsi le letsatsi di dirilwe.
Tirokakaretso 
Penta bodirelo. 
Rakonteraka wa poraefete. 
Dithulusu tsa gagwe. 
Tiro e tswelela sentle.
Tiragatso e dirwa ka kgethego ke lefapha la metswedithuso ya setho kgotsa badiredi ba kgwebo mma ba tshwanetse go tlhagafadiwa go diratiro ka bononofi. Gore tiragatso e atlege ka tota, go batlega ka bojotle mo go motsamaisi go ineela mo ditirong tsa botsamaisi tse dingwe tsa gagwe, e leng boeteledipele, tlhaeletsano, thotloetso, tholelotiro, kgokaganyo, go tsaya ditshwetso le go tsweletsa tiragatsotolamo.
Bokao jwa tiriso (practical implications)
Go tsamaisa ka katlego tirego ya tiragatso go tlhokega boeteledipele jwa selegae jo bo nonofileng go tsa botsamaising le mekgwa e e botoka ya go diragatsa maano e tshwanetse go tswelelwa go batliwa. Batsamaisi ba tshwanetse go etelela pele mo tiregong ya tiragatso, e seng ka go dira tiro ka bobona mme e le ka go tlhagafatsa badiredi ba gagwe. Go tlhagafatsa badiredi, ba tlhoka gore ba bo ba rotloeditswe. Botsamaisi bo tshwanetse bo dire batho go dira se ba tshwanetseng go se dira kabojotlhe jwa kgono ya bona. Mo nakong ya tirego ya tiragatso kaelo e e tlhokegang e tlhoka go tlamelwa ke botsamaisi, e thusa go tlhagafatsa batho.
Tlhaeletsano e e tlhapileng ke ya botlhokwa thata go dira katlego ya tirego ya tiragatso ya maano a a bonelwang pele. Ditaelo di tshwanetse di tlhape le go totobala. Mongwe le mongwe yo o amegang mo tiregong ya tiragatso e e kgethegileng tshwanetse go itse gore mang o tshwanetse go dira eng, leng, ka kemo efe le kwa ba teng.
Ka nako ya tiragatso tholelotiro e botlhokwa. Motsamaisi ga a ka ke a dira sengwe le sengwe ka boena. Bogolo jwa tholelotiro bo tlaa laolwa bogolo ke bogolo jwa kgwebo le/kgotsa tiro e e kgethegileng. Go tlaa laola gape gore a botsamaisi bo batla go ipona boa mega thata mo tiregong ya tiragatso; kgotsa bo emetse fale bo dira ka seemo sa kgakololo ya tsamaiso.
Go botlhokwa go ela tlhoko kgokagano e e lolameng magareng ga dikarolo. Gore katlego ya tiragatso e kgonege, dikere tsa kgwebo di tshwanetse go tsamaya lwêêlwêê. Fa kgolagano e ka kgoreletsega, go tlaa senngwa nako ka jalo le madi. Gakologelwa lotseno – ditshenyegelo = poelo kgotsa tatlhegelo. Go tswa sekaong sa rona fa e ka re ka Musopologo phakela melemo yago dousa dinamane e bo e seyo, tiragatso ya tiro eo e tlaa diegisiwa.
Mo tirisong, go tle go tlhokege go tswa botsamaising go tsaya ditshwetso ka potlako go tshola tiragatso e tsamaya lwêêlwêê. Fa terekere e ka phontšha fa e roba, bothata bo tlaa rarabololwa jang? Dirisa terekere e nngwe. 
Go tsweletsa tiragatsotolamo ya badiredi ka dinako tsotlhe ke ya botlhokwatlhokwa go enetefatsa tiragatso e e lolameng. A tiro e e dirwang ya kemo e e kwa tlase ga e e beilweng e a amogelesega? Fa tiragatsitolamo e e sokameng e ka se kgalemiwe ka mokgwa o o lolameng, e ka kgoreletsa setlhogo sa dikgato tsa tiragatso.
Go tlhoma ditlapele
Mo tirisong go tlwaelegile gore go tlaa nna le ditiro tse di fetang bongwe tse di tshwanetseng go dirwa mme gakologelwa gore dikgato tse di sa solofelwang di ka tlhagelela – melelo ya naga, poo ya botlhokwa ya gago e tshwerwe ke seretse kwa mogobeng! Ka maitemogelo re itse gore ga se dikgatso kgotsa ditiro di ka Amogelang kelotlhoko kanako e le nngwe. Tshwetso e tshwanetse go tsewa gore ke dikgato/ditiro dife tse di tlhokang tlhokomelo thata – ke yona tlhomo ya ditlapele.
Ditiro kgotsa mmereko tse di nang le tshusumetso mo lotsenong le/kgotsa ditshenyegelong le/kgotsa tse di amang badiredi bag ago, sekao, fa ba tlhoka go dira nako e e feteletseng, di tshwanetse go tsewa e le tsa botlhokwa. Ditiro di ka farologantshiwa jaana:
Botlhokwa jo bo kwa godimo/potlako e e kwa godimo;
Botlhokwa jo bo kwa godimo/potlako e e kwa tlase;
Botlhokwa jo bo kwa tlase/potlako e e kwa godimo; le
Botlhokwa jo bo kwa tlase/potlako e e kwa tlase.
Ditiro le mmereko wa botlapelo jo bo kwa godimo di ka tsewa jaaka ditiro tsa botlhokwa jo bo kwa godimo/potlako e e kwa godimo. Botlhokwa jo bo kwa godimo bo supa gore tiro e ka nna tshusumetso mo lotsenong – fa e ka dirwa ka potlako e tlaa oketsa lotseno 0 fa e sa dirwe e ka isa lotseno kwa tlase. Kgotsa e ka nna mmereko o o ka amang ditshenyegelo bosula. Fa e sa dirwe ka potlako e ka oketsa ditshenyegelo.
Potlako e tsamaisana le nako e o nang le yonago ka dira tiro e e rileng – e tshwanetse go dirwa ka potlako/gompieno kgotsa e ka dirwa moragonyana. Fa o tshwaragane le go roba dijalo, mme wa bo o itemogela pheilo ya semotšhine, paakanyo ya sediriso kgotsa terekere, e tlaa tsewa jaaka tiro ya botlhokwa jo bo kwa godimo/potlako e e kwa godimo – botlapele jo bo kwa godimo. Fe la jalo le ka kgomo e faretsweng, bogolo jang fa e ka nna nngwe ya dikgomo tseo setuti tsa gago. Go faela go go dirwang mo ofising go tlaa tsewa jaaka tiro ya botlhokwa jo bo kwa tlase/potlako e e kwa tlase, kgotsa botlapele jo bo kwa ltase, e ka dirwa moragonyana.
Ka jalo go a tlhokega e bile go botlhokwa thata go fitlhelela maitlhomo otlhe a kgwebo ya gago, go nna matsetseleko mo tiragatsong ya maano otlhe go ya ka kemo e e tlhokegang e e tlhomilweng.
