Planning (Maize) 									Setswana

Togamaano – selotlele sa gago go ya ntshokunong ya dijalo e e atlegileng



Instructions: 

Folio strap: Tsamaiso

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Ga o ka ke wa tsoga fela moso wa letsatsi lengwe le go swetsa go jala dijalo. Go ntsha dijalo sekgwebo go tlhoka selekanyo sa togamaano se se kwa godimo. Dipotso tse di latelang di tlhoka go arabiwa:



O rulaganya go jala eng mo setlheng seno?

Go dintlha di le mmalwa tse di tlhokang go akanngwa pele potso e e ka arajwa. O tlhoka go itse: 

Matlha a go wa ga serame a a solofetsweng.

Pula e e solofetsweng. 

Boteng jwa mmu.

pH le dilekanyo tsa peto ya esete mo mmung.

Go nna teng ga ditsenngwateng tsa ntshokuno.



O tlaa bona kae matlole a gago?

Ntshokuno ya dijalo e simolotse go tura mo go boitshegang mme ditshenyegelo tsa ntshokuno ya lefatshe le le omileng di mo kgaolong ya R5 000 ka heketara. Fa montshakuno a tlhoka go adima madi go jala dijalo, gona re tlhoka go botsa dipotso tse di latelang:

O ka dira kae kopo ya kadimo ya ntshokuno?

Kelomorokotso ya teng ke bokae?

Paka ya kadimo ke nako e e kae?

Fa o ka bona kadimo, a lotseno go tswa thekisong ya dijalo lo tlaa bo lo lekane go busa kadimo?

Ke tshireletsomolato efe e o ka e nayang setheo sa kadimo? Gakologelwa gore batho le ditheo tse di adimisanang ka madi di dira se jaaka kgwebo ya tsona mme di batla go dira poelo mo mading ao. Poelo e ba e dirang mo kadimong e e bonwa go tswa morokotsong o o duelwang. Ga go ope yo o batlang go latlhegelwa ke madi ka jalo moadimi o batla go netefatsa gore moadingwa o tlaa busa kadimo jaaka go dumelanwe.

Madi a tlaa nna teng leng? Se se ka utlwala e se ntlha ya botlhokwa, fela mo ntshokunong ya dijalo, paakanyo ya mmu e simolola dikgwedi pele sejalo se ka jalwa. Fa madi a ka tla thari, masimo ga a na go baakanngwa go lekane mme montshakuno a nne mo kotsing ya thobo e e sa itumediseng.



O tlaa rekisa jang dijalo tsa gago?

Fa o lemela fela go ja, gona mmaraka ga se bothata. Fela le gale fa o simolola go ntsha dijalo go rekisa, o tlhoka go akanya ka thekiso ya dijalo. Botsa dipotso tse di latelang:

Ke mang yo o tlaa rekang kuno eo?

Go solofetswe tlhotlhwa e e ntseng jang?

Dithoro di tlaa fitlha jang kwa mmarakeng?

Ke mang a tlaa rorang dijalo?

Ke mang a tlaa duelelang thoro ya dijalo?



Tshugommu ya motheo

Tshugommu ya motheo e botlhokwa thata, mme se se botlhokwa le go feta ke gore ditiro tsotlhe tsa tshugommu di dirwe ka nako e e siameng.

Totatota maitlhomo a tiro ya tshugommu ke afe?

O tlaa simolola leng go suga mmu?

Go tlaa dirisiwa sediriso sefe?

Ka boteng bofe?

A o na le maatlakgogo a terekere a a lekaneng go dira ditiro tsa tshugommu tse di tlhokegang?

Maemo a didiriso ke afe, le gona di ka dira jang?



Tshugommu ya tlaleletso 

Totatota maitlhomo a tshugommu ke afe?

O tla simolola leng go dira tshugo e?

Go tlaa dirisiwa sediriso sefe?

Maemo a didiriso ke afe le gona a di ka dira tiro?



Peo 

O tlaa reka kae peo ya gago?

Ke mang a tlaa go gakololang ka peo e e nepagetseng?

A o akantse ka boleele jwa setlhakgolo le go rulaganya peo sentle?

Go siame go jala dimela tse kae ka heketara?



Monontsha 

A o tsere dikaommu?

A o amogetse dipholo tsa tshekatshekommu?

A mongwe o dirile dikatlanegiso tsa monontsha tse di nepagetseng mo tshimong nngwe le nngwe tsa sejalo sengwe le sengwe se o yang go se jala?

A katlanegiso ya monontsha e tsamaelana le kabelelothobo ya gago?

O ya go dirisa monontsha ofe?

O tlaa bo o dirisa dikhilogeramo tse kae ka heketara?



Khaliboreišene ya polantere 

Tiro ya go jala e ka tswa e le yona tiro yosi ya botlhokwa thata mo modikong wa ntshokuno ya dijalo 

A polantere e ka khaleboreitiwa go ya dikemong tse di nepagetseng? (A o ka fitlhelela dipolata, dikere le diseporokete tse di nepagetseng?)

Bopharamela jo bo eletsegang jwa gago ke bokae?

Go reng o sweditse ka bopharamela joo?

Fa e le gore o ya go tlhagolela dijalo morago ga tlhogo, a setlhagodi se ka dirisiwa mo bopharamoleng joo?

O tlhoka dipalopalo tsa dimela tse kae?

O rulaganya go tshela monontsha o o kae?

A o ka khaliboreita polantere ka bowena, kgotsa o tlaa thusiwa ke mang ka khaliboreišene?



Taolomofero 

O rulaganya jang go laola mofero mo dijalong tsa gago?

Fa e le gore o ya go dirisa taolo ya semotšhine: 

A o na le setlhagodi?

A setlhagodi se setetswe ka bopharamela jo bo tshwanang le jwa polantere?

A meno a setlhagodi a setilwe ka nepagalo?

Fa e le gore o ya go dirisa taolo ya sekhemikale:

A o na le sekgatshi?

A dikarolo tsotlhe tsa sekgatshi di mo maemong a tiro a a siameng?

Ke mang a tlaa khaliboreitang sekgatshi?

Go tlaa dirisiwa dikhemikale dife?

Go tlaa tshelwa bokanakang jwa khemikale efe?

Dikhemikale di tlaa tshelwa ka kgato efe ya modiko wa ntshokuno ya dijalo?



Jalo 

A mmu o bongola mo go lekaneng go kgontsha tlhogo?

Peo e tshwanetse go jalwa boteng jo bo kae?

A tota o latlhela palo e e nepagetseng ya peo ka mmitara?

A tota o tshela dikhilogeramo tse di nepagetseng tsa monontsha ka heketara?

A o tshetse dibolayatlhatshana le dibolayatshenekegi jaaka o rulagantse?





Phepafatso le poloko 

Morago ga jalo e weditswe, a polantere e phepafaditswe le go bolokwa sentle?

Morago ga kgatsho e weditswe, a sekgatshi se phepafaditswe le go bolokwa sentle?



Nontshogodimo

Ke nontshogodimo efe e e tla tshelwang?

E tlaa tshelwa leng?

Go tshwanetse go tshelwe e e kana kang?



Fa e le gore o ya go nna montshakuno wa mogwebi yo o siameng, o tshwanetse go dira ka natla, mme o dire ka botlhale! O tlhoka go rulaganya, o rulaganye, o bo o rulaganye, mme o dire sengwe le sengwe ka nepagalo le ka nako.

