Planning (Wheat)										Setswana
Go rulaganyetsa setlha se se latelang sa korong
Instructions:
Folio strap: 
Byline: Kgannyana e tlaa ka montshakuno wa maloba
Fela fa o setse o robile dijalo tsa korong tsa gago tsa 2010, go simolola thulaganyetso e e feleletseng ya setlha se se latelang. Se ke nako e e siameng ya go sekaseka gore go diragetseng mo setlheng se se fetileng le go tlhatlhoba dintlha tsa tsamaiso le ntshokuno tse di farologaneng tsa dijalo tse di ntseng le seabe mo go tlhomamiseng kwa bofelong boleng le thobo ya sejalo. 
Fa e le gore go ntse go sa tsholwe direkoto tsa ditiragalo tsa tshimo nngwe le nngwe, jaanong ke nako e e siameng ya go kgona go dirisa deitha ya ngogola go simolola thulaganyo ya go tshola direkoto.
Fa togamaano ya kgwebo e e akaretsang thulaganyetso ya molapoelogotlhe ya sejalo sengwe le sengwe, e ne e thadilwe mo ngwageng o o fetileng, methamo ya tota e e dirisitsweng gammogo le ditshenyegelo tsa teng, di tshwanetse go tshwantshwanngwa ka kelotlhoko le tekanyetsokabo ya tshimologo. Dintlha tse di tlhotlheletsang dintsenngwateng tsa sebopego le seikonomi gammogo le maemo a tlelaemete tse di tshwaetseng mo katlegong kgotsa go palelweng ga sejalo se se rileng di ka tshwaiwa le go sekasekelwa go fetola kgotsa go tokafatsa. 
Direkoto 
Direkoto tsa motheo tsa dintlha tsa sebopego tse di latelang tsa masimo di tshwanetse go tsholwa le go tlhabololwa ngwaga le ngwaga: leina la polase, sedika sa polase, bogolo jotlhelele, bogolo jwa masimo a a lemiwang, mafulo, mafulo a a jetsweng a a tokafaditsweng, nosetso, lefelobonno, ditoro le dikago tsa polase.
Tshimo nngwe le nngwe mo polaseng nngwe le nngwe e ka bewa leitlho mabapi le ditsenngwateng tsa tota tse di latelang: bogolo jwa tshimo, botengmmu, mofuta wa mmu, monono wa mmu, diphetogo tsa seemo mo dingwageng di le mmalwa, (fa di le teng go tswa dipholong tsa ditekommu), dithefosanyodijalo le thulaganyetso ya thefosanyodijalo, sejalo se se jetsweng la bofelo foo, matlhajalo a teng, mofutapeo, kelopeo, palogare ya pula, pula e e amogetsweng mo pakeng ya fa go sa lengwa pele ga sejalo sengwe le sengwe se jalwa, pula e e amogetsweng mo pakeng ya go gola, taolomofero e e dirisitsweng (go akaretsa dikhemikale le kelotshelo e e fitlheletsweng le nonofo ya teng), dibolayatshenekegi le nonofo ya tsona, thobo le boleng jwa dijalo.
Ditshenyegelo tsa monontsha ke nngwe ya ditshenyegelo tsa ditsenngwateng tsa tlhamalalo e kgolo mo lenaneong la jalodijalo. Tshelo e e nonofileng ya lenaneonontsho le le rulaganeng mo setlheng sengwe le sengwe le se se atlegileng e tlaa kaela ntshokuno ya thobo e e kwa godimodimo. Go botlhokwa thata go itse seemo sa mmu wa gago bogolo jang morago ga thobodijalo e e kwa godimo le lefetiso la pula e e amogetsweng mo dikgaolong dingwe e e kabong e minne dikotla dingwe tsa dimela tsa botlhokwa. Go hibila ka ntlha ya tlhaelo ya naeterojene le salefure go tlhageletse mo didikeng tsa temothuo di le mmalwa mo setlheng se se fetileng seno. Mo lebakeng la dijalo tsa palogare jaaka fa godimo, go tshwanetse go busediwe dikotla tse di minnweng tse di lekaneng go netefatsa gore dijalo tse di latelang di tlaa fitlhelela thobo e e solofetsweng. Go tshwanetse ka jalo, go tsholwe se se mo tlhaloganyong go tsewe dikaommu go tswa tshimong ya korong nngwe le nngwe e e yang go tsenngwa mo ntshokunong le go romelwa go lekelelwa. 
Tseosekaommu le tekelelommu
Go tshwanetse go latelwe dikgato di le mmalwa go netefatsa gore lenaneotekelelo la tshelollaeme e e utlwalang le la nontsho le tlaa tshwanela ditiro tsa temothuo tsa gago. Tse, di akaretsa tseo le tlhokomelo e e tshwanetseng ya dikaommu, ditsamaiso tsa tekelelo tse di maleba, dikaelo tse di tlhotlhomisitsweng sentle go tlhalosa dipholo, tlhamo ya dikatlanegiso tsa kelodikotla e e nepagetseng le kgokaganyo ya dipatlego tsa dikotla tsa dijalo tse di atlanegisitsweng go tlhama lenaneo la tsamaiso la dikotla le le akaretsang.
Go tsaya dikaommu
Maiteko a tekelelommu ke go fopholetsa kgono ya mmu go tlamela dijalo tse di golang ka dikotla tse di tlhokegang le go dupa mathata a mmu afe le afe a a ka kgoreletsang kgolo le tswelelopele ya dijalo e e nonofileng. Ka kakaretso dijalo di ikaegile thata ka dikotla tse di tlamelwang ke monontsha go ya jaaka dilekanyo tsa ditekelelommu di oketsega. Tekelelommu ya diteng tsa mmopa le yona e letla kelo ya dibolayatlhatshana e e nepagetseng mo lenaneong la taolomofero. 
Go botlhokwa go tsaya sekao se se akaretsang go tswa tshimong e nngwe le e nngwe. Heketara ya mmu o o metilweng wa go fitlha boteng jwa 15 cm e bega ditono di ka nna 2 400 go ya ka temogo, kgobokano le katisegelo ya mmu. Sekao sa bofelofelo se se romelwang kwa laboratoring se ka bega 0,5 kg eo kwa bofelong go ka feleletsang go sekasekwa digerama di sekaenyana fela. Ka jalo go botlhokwa thata go kgaoganya masimo a a nang le botengmmu le mefutammu tse di farologaneng gape dikgaolo tse di emeng tshimo yotlhe mo masimong. Go sa ntse go tlwaelegile gore bantshakuno ba nontshe ka dikelo tseo ka gale di khaliboreitiwang boloko jotlhe jwa masimo kwa ntle ga gore sediriso sa “satellite tracking” (GPS) le dimekheniseme tsa monontsha tse di farologaneng di bo di mametleletswe mo polantereng. 
Ka jalo tekelelo ga e botoka go na le sekaommu se se tserweng mo tshimong. Gakologelwa gore go na le pharologano e e boitshegang mo mmung mo masimong. Mo malobeng sekaommu se se tserweng go tswa mo diheketareng di le lesome dingwe le dingwe tsa boloko ya masimo se ne se tsewa se lekane. Fela le gale go botlhale go reka kgotsa go adima borommu ya barele le go tsamaya o nyokanyokela le tshimo yotlhe go tswa kwa godimo go ya tlase, o na le batho ba babedi, yo mongwe a tshotse kgetsi ya sekao sengwe le sengwe le go tsaya pelo mo botennye jo bo seng magareng ga 15 le 20 cm fela jo bo sa feteng 20 cm. 
Lebokoso la sekao le tshwanetse go tshwaiwa ka botlalo ka nomore ya tshimo, leina, aterese ya polase, nomore ya mogala le letlha la tseosekao go efoga go ka nna teng ga tlhakatlhakano mo laboratoring. Go botoka thata go feleletsa se kwa tshimong gore go seka ka gope ga nna tsiakanyo ya dikao. Dikaommu ga di a tshwanela ka gope go tsewa mo mafelong a a sa tshwanelang jaaka ditlhofi, diforo tse di suleng, dikgaolo polokelo tsa setoroi se se bodileng kgotsa tse di gogotsweng. 
Ga jaana go a kgonega ka setegeniki go dirisa GPS go tlhaola dintlha mo thulaganyong ya “grid” mo dintlheng tse di kgabaganyang tsa 0,5 go ya 4 m mo thulaganyong ya “grid” kgotsa ya phatlalatso ya dikao mo thulaganyong ya “grid”. Jaanong dikao di ka nna tsa nna tsa tshwantshanngwa gangwe le gape mo isagong mme diphetogo tse di farologaneng mo mabakeng a monono wa mmu di ka bewa leitlho ka nepagalo sentle fa nako e ntse e ya. Deitha ya dipholo e ka fitlhelelwa ka “Ground Information System” (GIS) gore tšhate ya mmala ya tshimo e kgone go bontsha pH, khalesiamo, makenisiamo, fosefeite, salefore, naeterojene, dikotlannye le dipharologano tsa ditekelelommu tse dingwe e kgone go tlhagisiwa, e e nayang setshwano sa pharologano kgotsa selekano sa bothata jo bo rileng mo tshimong. Mo dikgaolong di le dintsi disenthaphaefote di bewa leitlho ka mokgwa wa “grid” mo heketareng go ya ka boloko. 
Poeletso ya tseosekao 
Nako e e siameng ya go tsaya sekao ke fa o ka kgona go tsaya nako go dira tiro e e matshetshe, ke fo o ka kgonang go dira katlholo ya pono ya go kgaoganya tshimo ka dikarolwana tsa tseosekao tse di tshwanang, le ka yona nako e ngwaga le ngwaga morago ga thobo kgotsa mo ntlheng e e tshwanang mo thefosanyodijalong. Go a thusa ka gale go romela dikaommu go tlhatlhobiwa fa dilaboratori di sa semelela. Togamaano e tshwanetse e nne ka nako go dira togamaano ya kgwebo e e feletseng le go dirisana le bagakolodi ba ba dirang dikatlanegiso tsa monontsha.
Tlhokomelo ya dikaommu
Bona gore sephuthelo sa sekaommu sengwe le sengwe se bontsha sentle tshimo le sekao ka palo e e tlhaolegileng, le gore diphuthelo di tswetswe, ga di mo mogoteng o mogolo, mme di mo lefelong le le tsiditsana le go romelwa kwa laboratoring ka bonako jo bo kgonagalang fela morago ga go tsewa. 
Go tlhopha laboratori
Tlhopha laboratori eo gangwe le gape e tlhatlhobelwang tlhatlhobo ka sewelo ya tekelelo ya khaloboreišene ya bokgoni jwa tekelelommu ke Mekgatlho ya Akeronomi. Dintlha dingwe go ka lejwa ke dipholo tsa kanoko tse di nepagetseng, mekgwa ya tekelelommu e e maleba, tirelo e e siameng jaaka poeletso ya diphoso tse di belaetsang, nako e e bonako ya paakanyo, kgono ya go busa dipholo tsa tekelelo seileketeroniki, ditshenyegelo tsa tirelo, le go itetla go nna le ditsela tsa tlhaeletsano e e edileng magareng ga gago kgotsa mogakolodi wa gago le badiredi ba laboratori. ARC ya kwa Bethlehem e fitlhelela dipatlego tse; fela dilaboratori tse dingwe di ka dirisiwa fa go batlega tekelelo ya salefore. 
Kopa ditekelelo tse di maleba le polase ya gago
Dilaboratori di le dintsi di na le “basic basket” ya ditekelelo tse gale di dirwang jaaka tekelelo ya tlwaelo ka tlhotlhwa e e utlwalang fa go tshwantshanngwa le bomosola jwa dipholo. 
Tsweetswee netefatsa gore o tsaya dikaommu mo masimong otlhe a o akanyang go a jala korong – gakologelwa gape go tlhokomela pH ya mmu ka gongwe go ka tlhokega go tshela llaeme pele o jala.
