Planning (Maize)									Setswana 
Hube ga a tshwane le setlhe
Folio strap: Tsamaiso 
Byline: Tshedimosetso e kokoantswe go tswa Kaeding ya Tsamaiso ya Polase ka Poelo ka Marius Greyling
Gore kgwebo e tswelele pele sentle e tshwanetse go tsamaisiwa ka tolamo. Togamaano e e lolameng e masisi tota gonne ke yona motheo oo ditiro tsa tsamaiso tse dingwe tsotlhe di thaetsweng mo go yona. 
Go tsamaisa ka tolamo go raya gore ditiro tse e nne tsa tsamaiso – togamaano, thulaganyo, tiragatso le taolo, di tshwanetse gore di diragadiwe ka tolamo, tiro nngwe le nngwe e amogele kelotlhoko e e e tlhokang go tshola kgwebo e tsamaya ka thelelo ka nako yotlhe go fitlhelela maitlhomo a a ipeetsweng, jaaka go dira poelo. 
Togamaano e tota e tshwanetse go nna tiro e e masisi tota ya montshakuno ka ntlha ya gore ke yona motheo o ditiro tsa temothuo tsotlhe tsa gagwe di thailweng mo go ona. Togamaano e ka tlhalosiwa e le netefaletso ya ditiro tsa isagwe tse di leng botlhokwa go fitlhelela maitlhomo a a kgethegileng a kgwebo mme gape le go bolela ditiro ka morero wa mohuta mongwe gore ditiro tse di ka diragadiwa jang. 
Gantsi go umakiwa gore motho ga a kgone go loga maano ka go itlhaloganya mo temothuong mme go ntshiwa lebaka la gore temothuo e mo kgatelelong ya ketsaetsego le riseke tse dintsi jaaka maemo a tlelaemete, malwetse le tlamelo le tlhatlogo le go wa ga ditsenngwateng le dikuno. Diriseke le dipharalogano tse di tlhaolegetseng ntshokuno ya temothuo e bile ga di ka ke tsa ganelwa le go dira kgwetlho go ya ka togamaano ka kgwebo ya temothuo. Fela le gale halofo ya leano e botoka go na le go tlhoka leano gotlhelele (hube ga a tshwane le setlhe). Go gakololwa go loga leano go ya ka ngwaga o o magareng le go nyalantsha maano fa maemo a a maswe a ka tlhagelela mo tsamaong ya ngwaga.
Mo togamaanong go tshwanetse go dirwe kelotlhoko e e kgethegileng mo go reng:
Go tshwanetse go dirwe eng?
Se tshwanetse se dirwe kae?
Se tshwanetse se dirwe leng? 
Go dirwe go le kana kang?
Se tshwanetse se dirwe jang? 
Togamaanotiriso 
Togamaanotiriso e tlhoka gore togamaano e tlhagisiwe ka go kwalwa mme e tlhoka boikgapo. Motho o tshwanetse go e dira, a bo a e dire go fitlhelela e fetoga mokgwa. Togamaano e ka nna mo bukatsatsing mo botong ya mohuta mongwe, ka seeleketoroniki kgotsa ka mokgwa ofe fela. Fa o rulaganya thata ka mokgwa o ke gona ditogamaano di nnang tsa tota ka tota gonne di ikaegile ka maitemogelo le tshedimosetso tse di fetileng. 
Togamaano gale e thaiwa le go dirwa ka tsela ya ngwaga le ngwaga. Go tlaa dirwang mo ngwageng o o tlang mo polaseng. Fela, gape le gale go tshwanetse go nne le togamaano ya pakatelele e e ikaegileng ka gore go tlaa ntshiwang mo pakateleleng. 
Togamaano ya pakatelele 
Se ke togamaano e e sephara thata e e supang gore go rulagantswe go ntsha eng mo polaseng mo pakateleleng go fitlha dingwaga tse tlhano kgotsa go feta. Sekao, togamaano ya go jala diheketara tse 500 tsa dijalothekiso ka ngwaga, go tlhagisa nama go tswa mo nageng le go ntsha dikoko tsa nama. 
Togamaano ya sengwaga (annual)
Togamaano ya sengwaga e tshwanetse bonnye go nna le dikarolwana tse pedi jaaka di tlhagelela fa tlase:
Togamaano kakaretso
Se se tshwanetse go supa ka bophara dikgato tsa kakaretso tse di tshwanetseng go wediwa mo ngwageng o o latelang jaaka go penta kago e e rileng, go bofa logora lo lošwa, go tlamela dikgora, go reka mogoma o mošwa, dikhoso kgotsa malatsi a balemirui, tse di ka tsenelwang, jalo le jalo.
Togamaano ya ntshokuno
Go tlaa ntshiwa kuno efe ka kgatlhego mo ngwageng oo, bokana kang le jang le gape ka moo kuno nngwe le nngwe e tlaa bapadiwang ka teng. Togamaano ya sengwaga ya 2010/2011 e tshwanetse ditiro tsa ntshokuno tse di latelang, sekao:
Go jala diheketara tse 400 tsa mmidi o mohibidu go dirisiwa mo polaseng, mme o o setseng o rekisediwe bonontshetso jo bo gaufi ka konteraka.
Go jala diheketara tse 100 tsa sonobolomo go tlaa di rekisa ka konteraka. 
Go ntsha dipholwana tsa dikgwedi tse 20 di le 200 go tswa mo nageng go di rekisetsa YYY Supermarket.
Go ntsha Dikoko tsa nama di le 40 000 ka kgwedi go di rekisetsa XXX Chicken Wholesalers 
Togamaano gape e tswanetse go akaretsa ditiro kakaretso, sekao: 
Go penta bodirelo le setoro sa terekere.
Go aga letamo mo kampeng 9.
Go baakanya le go tlamela dikgora tsotlhe.
Togamaano ya kgwedi 
Go tswa mo togamaanong ya sengwaga – kakaretso le ntshokuno - go ka logiwa togamaano ya kgwedi. Sekao, togamaano ya kgwedi le kgwedi ya Motsheganong 2011, e ka nna jaana:
Kakaretso – go penta bodirelo le setoro sa terekere 
Togamaano ya Ntshokuno – go tlholelela masimo a mmidi mme fa e le sonobolomo go roba diheketara tse 100.
Dikgomo – go tlamela dikgomo tsotlhe ka dilatso tsa mariga, go tlamela dinamane tsotlhe ka dijo tsa tlaleletso, go kgwisetsa dinamane tsa ntlha, go tlhomamisa boima jwa tsona le go tshuba dinamane tsotlhe serope, go dousa dinamane ka molemo o o akaretsang wa dibokwana le go tlhomamisa boima jwa diphologolo tsotlhe.
Dikoko – go dira ditiro tsa letsatsi totlhe, go rekisa tsa hoko ya bobedi le go baakanyetsa hoko ya boraro mophato o o tlang wa dikokwana.
Togamaano ya beke 
Kwa tshimologong ya kgwedi ditogamaano tsa beke nngwe le nngwe ya kgwedi, di ka thalwa. Motheo waditogamaano tsa beke ke ditogamaano tsa kgwedi tsoopedi tsa mabaka a kakaretso le ka ntshokuno.
Togamaano ya letsatsi (leano la kgato kgotsa leanotiro)
Togamaano ya bofelo jaanong e tshwanetse go nna togamaano ya letsatsi e e dirilweng mo bokhutlong jwa beke e e fetileng le go supa ka botlalo sese tlaa dirwang letsatsi lengwe le lengwe mo bekeng e e tlang. Sekao: Beke 9 -13 Motsheganong 2011 (Ditogamaano tsa beke le letsatsi di kopantswe mo lenaneong 1. 
Lenaneo 1:
Mmidi
Sonobolomo
Dikgomo
Dikoko 
Kakaretso 
Mosupologo 09
Tlholelela tshimo 5
Go roba 10 ha tsa tshimo 3 
Go ela dikgomo tlhoko 
Tlhola selatso sa mariga le dijo tsa tlaleletso
Fusetsa, tshwaya, dousa le go kala dinamane tse 100 
Baakanya hoko 2
Ditiro tsa letsatsi hoko 1 le 2
Go penta bodirelo 
Labobedi 10
Tlholelela tshimo 6
Roba 10 ha ya tshimo 3 
Go ela dikgomo tlhoko 
Tlhola selatso sa mariga le dijo tsa tlaleletso
Fusetsa, tshwaya dousa le go kala dinamane tse 100
Baakanya hoko 3
Ditiro tsa letsatsi hoko 1 le 2
Go penta bodirelo
Laboraro 11
Tlholelela tshimo 7
Roba 10 ha ya tshimo 4
Go ela dikgomo tlhoko 
Tlhola selatso sa mariga le dijalo tsa tlaleletso
Phepafatse mekoro ya metsi e e lesome
Baakanya hoko 3
Ditiro tsa letsatsi hoko 1 le 2
Go penta bodirelo
Labone 12
Tlholelela tshimo 8
Roba 10 ha ya tshimo 4
Go ela dikgomo tlhoko 
Tlhola selatso sa mariga le dijalo tsa tlaleletso
Phepafatsa mekoro ya metsi e e setseng
Baakanya hoko 3
Ditiro tsa letsatsi hoko 1 le 2
Go penta bodirelo
Labotlhano 13
Tlholelela tshimo 9
Roba 10 ha ya tshimo 4
Ela dikgomo tlhoko 
Tlhola selatso sa mariga, dijo tsa tlaleletso 
Thula heke ya mogotlha
Baakanya hoko 3
Ditiro tsa letsatsi hoko 1 le 2.
Go penta bodirelo (go fediwa gompieno).
Fa togamaano e le ya pakakhutshwane gona go tlhokega go tlaleletsa dinwane tsotlhe mo ditogamaanong. Go gakologelwe gore ditogamaano ga di a kwakwalala, bogolosegolo mo kgwebong ya temothuo. Go na le ditiragalo di le dintsi tse di sa lebelelwang, jaaka melelo ya naga, dithobego (didiriso), go lwa ga poo ya setutu le tse dingwe jalo. 
Togamaano jaaka tiro ya tsamaiso, e dira jaaka motheo wa go rulaganya le go diragatsa tse di tlaa buisanelwang mo kgannyaneng ya isagwe. Kwa ntle ga togamaano go ka tlhokafala gape le taolo e e lolameng gonne togamaano e dira jaaka kgato ya ntlha mo tirong ya taolo ka go tlhoma diemo tse di tlhokegang tsa taolo. 
Mo tiregong ya togamaano le thulaganyong, tiragatsong le taolong, motsamaisi o tlhoka gape go nna le boineelo mo ditirong tsa botsamaisi tsa gagwe tse dingwe. E leng boeteledipele, tlhaeletsano, thotloetso, kabelanotiro, kgokaganyo, go tsaya ditshwetso le go tshegetsa boikgapo. Bogolo jwa kamego mo ditirong tse bo tlaa laolwa ke bogolo jwa kgwebo.
