Plan (Maize) 										Setswana
Rulaganya le go itlhoma jaaka moporofešenale
Instructions: 
Folio strap: Tlaleletsoboleng
Byline: Jenny Mathews, modulasetilo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA
Kgannyana e e ikaelela go rotloetsa montshakuno mongwe le mongwe yo o mo tseleng ya go batla lefatshe, gape fela go botlhokwa le mo go rona ba ba setseng ba na le lefatshe go sekaseka maemo a rona gangwe le gape le go dira tshekatshekotekanyetso mabapi le phologo ya pakatelele ya dipolase tsa rona jaaka dikgwebo.
Bonglefatshe ke ntlha e e masisi mme e bile e dirisiwa jaaka seikgotlho sa thulano mo mosakong wa dipolotiki. Fela le gale montshakuno yo o yang go atlega fa phitlhelelo ya lefatshe e nna teng, e ka nna ka tsela efe fela, e tlaa nna montshakuno yo o tsayang molebo wa seporofešenale ka go sekaseka ka kelotlhoko dintlha tsotlhe tse di tlaa sekasekwang fa tlase.
Go retelelwa ga kabosešwa ya lefatshe – supa phatlha mo mmarakeng
Go boammaaruri gore le mororo go na le ketsaetsego le go se kgotsofale mabapi le kabosešwa ya lefatshe mo bathong fela, go setse go rekilwe dipolase tse dintsi ka tsela ya moreki yo o ratang le morekisi yo o ratang mme e bile go sa ntse go le boammaaruri gore ke fela dingwe tsa dipolase tseo di setseng di roletswe mo bajabosweng ba ba setseng ba supilwe go amogela lefatshe. Bao ba rona ba re leng babogedi ba ba se nang thata ba tirego e ya tholelolefatshe, re sa ntse re botsa dipotso di le dintsi ka tselatlhaolo e e dirisitsweng go supa bajaboswa. Gantsi re amogetse dikgang tsa boitumelo ka phitlhelelo ya lefatshe, mme ka ponyo ya leitlho fela re bo re buisa dikgang gape tsa go retelelwa ga yona porojeke eo.
Mo go Mopitlwe 2010, Tona ya Tlhabololomagae le Kabosešwa ya Lefatshe, Gugile Nkwinti, o amogetse gore mananeo a kabosešwa ya lefatshe a puso ga a atlega e bile bajaboswa ba le bantsi ba reteletswe ke go dira katlego ya bogwebi mo mafatsheng a bona. Tlalelo e e tshosetsa ka tlhamalalo maikemisetso a kabosešwa ya lefatshe le puso a a ikaeletseng go sitlhamololela 30% ya lefatshe la temothuo mo bantshakunong ba bantsho ka 2014. Se se ka swabisa e le tota! Bannaleseabe botlhe kwa Grain South Africa le mo motseletseleng wa Boleng wa Dithoro ka kakaretso, ba dumela ka botlalo gore tholelolefatshe e e edileng le e e atlegileng e botlhokwa thata mo nitamong le katlegong ya temothuo ya pakatelele mme e bile ke selotlele sa go netefatsa tshireletsego ya dijo ya setšhaba sa rona.
Kgwetlho ya go bona bajaboswa ba ba tshwanetseng – nna tharabololo
Go bokete go itse gore ba ba neilweng tiro e ya kabosešwa ya lefatshe ba tlhotlhile le go supa jang bajaboswa ba ba tshwanetseng. Re na le go dumela gore ka kwa ga bajakalosika le kgobelelo go tlaa nna le tirego e e sa gobeleleng le e e utlwalang e e tlaa tsamaisiwang ka seriti mo tshiamelong ya setšhaba le gore go diragadiwe kabosešwa ya lefatshe e e atlegileng. Fa ke teng fa montshakuno yo o leng moporofešenale wa nnete yo o nang le keletso ya boammaaruri ya go nna montshakuno ka pelo le moya a ka ipulelang phatlha. Batho ba ba lorang go ipona motho a dira temothuo mo lefatsheng la gagwe le go nna le tsholofelo ya tšhono ya go tswelwa mosola mo maikemisetsong a kabosešwa ya lefatshe gajaana, ba tshwanetse go ipaakanya ka tirego e e tseneletseng ya thulaganyetso e e akantsweng sentle. Ba tshwanetse go kgona go rotloetsa boikanyego ka go ka kgona ka katlego jaaka bantshakuno ba bašwa. Go le gontsi basolofedi ba ikaega ka lesego le lennye go na le boithotloetso jwa bona go nna baporofešenale ba ba dirileng ka natla go rulaganyetsa le go baakanyetsa kgonagalo ya gore ka letsatsi lengwe a ipone a na le lefatshe le e leng la gagwe.
Montshakuno ke mogwebi- nna o ipaakantse, o le moporofešenale 
Kakanyo nngwe le nngwe ya kgwebo e simolola botshelo fela jaaka tlhaka ya peo – e phuthetswe le go tlhalosiwa mo togamaanong ya kgwebo. Ga go na matsapa ape a seporofešenale a go simolola kgotsa go atolosa kgwebo a ka simololang kwa ntle ga batshegetsi le batlamela-ka-matlole mme togammano ya kgwebo le sediriso se se tletseng ka mabaka le maano a kgwebo ke sediriso se se tletseng ka mabaka le dipalo tse di romelang molaetsa o o rotloetsang gore go reng “toro” ya gago e tshwanela go engwa nokeng gore e fetoge boammaaruri! Ke yona togamaano ya kgwebo e, e e go tlhagisang jaaka moporofešenale yo o nang le maikaelelo a a utlwalang mme e go supa o le motho tota ka go tlhalosa dikgato tse o tlaa di tsayang go fitlhelela maikaelelo ao. Togamaano ya kgwebo e tlaa akaretsa dintlhakgolo tsa se o akanyang e le ditšhono tsa kgwebo mme e tlaa supa maikaelelo a pakakhutshwane le pakatelele gore o kgone go beela maano a gago nako ya tiragatso. Molebo wa porofešenale wa gago o tlaa supa gore o ikamantse le mmaraka o o akanngwang wa gago go akaretsa le go sekaseka ditšhono le matshosetsi a a leng teng. Ebu, gonne o batla go kgatlha batshegetsi ba ba kgonegang, o tlaa tlhoma mogopolo mo dikgonong tsa gago jaaka montshakuno yo o nang le kitso le lorato lo lo tseneletseng gammogo le kemonokeng e e tlhokegang go tswa balemiruing le baporofešenale ba bangwe mo maranyaneng a temothuo.
Togamaano ya kgwebo nngwe le nngwe ya polase, e tlhoka go tlhatlhoba dintlha tsotlhe tsa polase jaaka yunite. Togamaano e tshwanetse go tsenyeletsa ditsamatlole mo popegong ya tekanyetso le diphopholetso tsa isagwe. Se ke kgato e e masisi mo kgwebong e bile bogolo jang mo maemong a gajaana a tshitlhamololelo ya lefatshe, jaaka bothata jo bo tlhalosiwang gangwe le gape, ke gore puso e neela bajaboswa lefatshe e bo e nyelela, e tlogela batho ka bongwe, ba ba sa ipaakanyang ba ba se nang ditsompelo tsa ditsenngwateng tse dinnye kgotsa tse di se yong mabapi le botataisi, tlhabololo ya bokgoni le dikadimo tsa ntshokuno. Go a itumedisa le go jesa monate le go tsitsibolola madi go abelwa lefatshe – fela! Motho yo o itlhaloganyang o nna a ipaakantse sentle e bile o itse gore ditoro tsotlhe di tlhoka ditsenngwateng tsa matlole go dira gore toro e fetoge boammaaruri jwa bosakhutleng. Mongwe le mongwe a ka jwala peo mo mmung, ga se mongwe le mongwe yo o ka dirang gore e gole e bo e nne le maungo. Ikemisetse go kopa thuso go netefatsa gore ditsamatlole tsa gago di a utlwala mme o itshepe gore o itse se o se tlhokang go dira gore maiteko a temothuo a gago a dire.
Dintlha tsa motheo tsa togamaano ya kgwebo – nna motho wa tota
Togamaamo ya kgwebo ya gago e tshwanetse go:
Go tlhalosa se o akanyang go se dira mo kgwebong ya temothuo ya gago.
Supa maitemogelo a gago le go tlhomamisa bommannete jwa gago ka go fa mabaka a gore go reng o le ntlhopheng yo o tshwanetseng.
Bontsha gore o tseetse tlhogong lefatshe le o nang nalo, tlelaemete ya gajaana mo mhameng o o o ikaeletseng gammogo le ditšhono tsa ditheko le dithekiso tse o di iponetseng.
Tlhomamisa maikaelelo a gago gammogo le go lemoga mathata a a ka nnang a tshosetsa katlego ya kgwebo ya gago.
Thekiso 
Se ke kakanyo e e masisi mo montshakunong mongwe le mongwe e bile e iphetotse kgwetlho mo pakeng eo bantshakuno ba itemogelang kgaisano go tswa bantshakunong ba lefatshe ka bophara, bokgakala jwa diketekete tsa dimmaele. Bantshakuno ba tlhoka go baya mmaraka leitlho letsatsi le letsatsi mme ka dinako tse dingwe ba tshwanela go tsaya tshwetso ya go rekisa thobo ya bona le mororo dijwalo di sa ntse di le matlhogela a manana mo masimo! Togamaano ya thekiso e e tlhalosegang e tshwanetse ka gale go tsamaisana le lenaneo la ntshokuno gonne ga go a siama go jwala sejwalo se o se kitlang o se bonela bareki ba ba ikaeletseng go duela ditlhotlhwa tse di tlaa netefatsang gore matsapa otlhe a jwalo a gago a lerela kgwebo ya gago poelo e e bonalang.
Thulaganyetso ya tsa matlole 
Bantshakuno ba bantšhwa ba bangwe ba lesego go fiwa mabaka a a utlwalang a tholelolefatshe, fela dintlha tse dingwe go ka akanngwa fa o baakanya ditlankana tsa matlole ke :
Ditshenyegelo tsa go reka didiriso gammogo le kgare (buffer) ya ditshenyegelo tsa matlole (thulo).
Ditshenyegelo tsa rente. 
Ditshenygelo tsa ditsenngwateng go jwala dijwalo tsa gago tsa ntlha.
Dituelo le ditefo.
Ditshenyegelo tsa mesepele le tsa lookwane.
Ditshenyegelo tsa rakonteraka di tshwanetse go nna karolo ya dipalelo tsa gago fa o sweditse gore ga go a siama go beeletsa ka gangwe fela mo metšhineng yotlhe e e tlhokegang.
Ntlhakgolo ya botlhokwa mo thulaganyetsong ya matlole e tlaa nna ditlankana tsa madi a a seatleng a a tsenang mme se ka gale se dirwa ka thuso ya motsholadibuka wa porofešenale kgotsa mogakolodi wa banka.
