Pivots (Maize) 										Setswana



Senosetsisedikologi (centre pivot) – se o tlhokang go se itse



Instructions: 

Folio strap: Nosetso

Byline: Tshedimosetso e bonwe go Ntshodikunong ya Mmidi mo Kaeding ya Nosetso

Photo 1: Senosetsidikologi se bontsha kelelo e e kwa godimo gaufi le losi lwa modiko o o ka kwa ntle. Gakologelwa gore bokakwantle jwa senosetsi bo gasetsa kgakala go digela modiko, e bile ke ka moo go dirisiwang metsi a mantsi fa o katoga pinagare ya senosetsi.

Photo 2: 

Photo 3:

Photo 4:



Sediriso sa nosetso ka mosarasarane se se itsamaisang sa ntlha se ribolotswe ka 1948 le go kanwa bong ka 1952 ke Frank Zybach kwa Colora botlhaba kwa Dinageng tse di Kopaneng tsa Amerika. Dithulaganyo tsa gale di ntse motheo wa tlhabololo ya sedirisodikologi se se itsamaisang sa segompieno le dithulaganyo tsa nosetso ya mela.



Mekgwa e ya tshelo ya metsi e e bonolo go nyalanngwa e itemogetse kgolo e e boitshegang mo lefatsheng ka bophara ka ntlha ya mabaka a a latelang:

Kgono ya tsona ya ditshelo tsa metsi tsa gangwe le gape, tse di nonofileng thata le go lekalekana.

Kgato ya boitirisi e e kwa godimo ya tsona e e batlang badiri ba se nene go na le mekgwa ya nosetso e 

mengwe.

Kakaretso ya tota e e atologileng.

Kgono ya go tshela metsi le dikotla tsa diraroloswametsing ka papano mo kgaolong e tona ya mmu le maemo a popego a mmugodimo.



Senosetsisedikologi se dirilwe ka ditshipi le dipeipi, tse di tshegeditsweng ka dikgala tse di ka nnang dimitara tse 50 mo foreiming ya maotwana a mabedi. Dinosetsidikologi tsotlhe di agilwe go tswa mo dikarolong tsa motheo tse di latelang:



Popego ya senosetsidikologi

Se se tlhoma phaefote kwa ntlhabogareng mme ke yona hapa le sebopego sotlhe se dikologang mo go yona.



Sepane

Se ke yona yunite ya motheo eo senosetsidikologi se agilweng ka yona mme se dirilwe ka peipi e kgolo e metsi a elelang ka yona, foreimi e e tshegetsang peipe le motšhine o o kgweetsang. Boleele jwa sepane ga bo tlhoke go lekalekana (uniform) mme bo ka farologanngwa go tsamaelana le maemo a tshimo kgotsa go tlamela sebaka magareng ga terase le boalogodimo jwa mmu mo sefatleng se se kgokologang.



Overhang

“Overhang” ke peipe e nnye e e nang le dikgatshi e mo gongwe e kalediwang ka dikheibole go feta dithawara tse di kwa losing go oketsa kgaolo e e kolobediwang. Dithunyakhutlo le dithulaganyo tsa dikhutlo le tsona di ka gokelelwa kwa bofelong jwa motšhine go oketsa kgaolo e e kolobediwang mo dikhutlong kgotsa go akaretsa dikgaolo tsa tlaleletso. Metšhine ya senosetsidikologi e ka nna boleele jwa go feta dimitara tse di 1 000.

 

Boleele le molagare (diameter) wa peipi

Kopanyo nngwe le nngwe ya bogolo jwa dipeipi le sepane mo senosetsidikologing se se rileng e ka tlhaolwa ka nomore ya mmotlolo. Badiri ba ba farologaneng ba na le ditotobatso tse di farologaneng.



Bogodimo go katoga dijalo

Modiri mongwe le mongwe o tlaa tlamela ka dintlha tsotlhe tsa bogodimo go katoga dijalo tsa boleele jwa dipane tse di farologaneng mo mefuteng ya dinosetsidikologi tsa bona. Katogodijalo e ka farologana go tswa magareng ga dimitara tse 4 mo modirong wa porofaele e e kwa godimo, go ya go dimitara tse 0,3 mo modirong wa porofaele e e kwa tlase.



Kgonokgogo

Peeletso mo senosetidikologing se se gogwang e ka amogelesega fela fa go na le dintlha tsa phaefote tse di tlhabolotsweng di feta bongwe mo masimong a a farologaneng mme thulaganyetso ya dijalo le mafulo e letla go jalwa ga dijalotlaleletso. Dintlhakgoreletso tse di latelang di tshwanetse go tsewa tsia fa go dirwa modiro le go laola dinosetsidikologi tse di gogwang:

Mmu le popego ya mmugodimo – mebu ya mmopa le mekgokolosa e e kgabaganyang, di ka kgoreletsa thotho.

Palogodimo ya dipane tse di letlegang go gogwa.

Tsela ya bophara jwa dimitara tse thataro ka boalogodimo jo bo lekalekanang e batlega magareng ga dintlha tsa phaefote. Efoga kgotsa o tlhokomele fa o goga phaefote mo godimo ga ditotoma tsa dikonturu le diforo.

Kopanyo ya dipane – ke dipane dingwe fela tse di ka tsamaisiwang.

Kgokelo ya motlakase e tshwanetse go gololwa pele go tsamaiwa.

“Pivot flex” – kgokedi e e temekang e letla diphaefote go tsamaya mo mekgokoloseng ya go feta 14% go ya 30% go fologa kgotsa go tlhatloga lekgabana.



Dithulaganyo tsa dinosetsidikologi

Motšhine wa senosetsidikologi o dikologa mo sebopegong sa peipi sa motheo mo mpeng ya tshimo, gore ka jalo karolo e e nosiwang ke popego e e tshekeletsa go akaretsa dikarolo tsa ditshekeletsa tse di kwa tlase ga 360°. Go kgonega go akaretsa 80% - 90% ya tshimo e e sekwere. Ke phesente ya kgaolo e e nositsweng ka melagare e e farologaneng ya senosetsidikologi koo tshekeletsa e e kwa garegare e leng 50% ya molagare mme e na fela le 25% ya kgaolo e e noseditsweng yotlhe. Go botlhokwa go lemoga gore 75% ya kgaolo yotlhe e e jetsweng dijalo e diragala mo halofong e e kwa ntlentle ya molagare.



Go nosa go feta go ka 

Kgama thulaganyomedi ya dijalo kago e tlhokisa mowa le go rotloetsa malwetse;

Goduma dikotla bogolosegolo naeterojene kwa kgaolong e e kwa tlase ga medi;

Romela dikotla kwa metsing a a kwa tlase ga lefatshe;

Fokotsa kgolomedi ka go tsedifatsa mmu;

Tlhola petometsi le koketsego ya letswai mo kgaolomeding;

Fokotsa boleng le thobo ya dijalo;

Senya metsi, maatla le madi.

	

Bantshadikuno le batsamaisi ba nosetso ba ba bayang dilekanyo tsa bongola jwa mmu ba oketsa kgono ya bona ya go boloka metsi le maatla thata, ba tlhatlosa thata thobo ya dijalo le go efoga kgogolego ya mmu le kgotlelego yametsi. Botsamaisi jwa nosetso bo akaretsa tsweletso ya tikologo e e tshwanetseng go jala dijalo, bogolo segolo ka go thibela mmu go nna bongola thata kgotsa go oma thata. Ga go ope yo o tshwanetseng go itse ka ga masimo a gago, dijalo le nosetso go go feta (gaisa).



Tiriso e e lolameng

Senosetsidikologi ke sediriso sa botlhokwa jo bo boitshegang go tshela metsi mo dijalong, fela fa se sa dirisiwe ka tshwanelo, se ka palelwa, fela jaaka thulaganyo nngwe le nngwe ya nosetso. Fa tlase go latela dintlha di le mmalwa tse di tshwanetseng go tsewa tsia mabapi le tsamaiso.

Dinosetsidikologi di tlamela ka temekiso ya tiriso e kgolo mme di dirisiwa ka katlego go medisa dijalo, go tsosolosa dibolayatlhatshana, go tshela dibolayasenyi, diboloyatlhatshana le dibolayafankase e bile di dirisiwa go fepa ka tlhamalalo dijalo ka monontsha go ya ka ditlhokego tsa tsona. Senosetsidikologi se na le kgono e e faphegileng ya go tshela dikoketsego tse dinnye tsa metsi gantsinyana. Fa mojadi a fetogela kwa dinosetsidikologing, o tlhoka go tlhaloganya gore tsela e a nosetsang ka yona e tlhoka go fetoga. Boemong jwa go tshela dinoko tse 1,5 go ya 2,0 tsa tshelo nngwe le nngwe, go ka tswa go le botoka go tshela selekanyo seo ditshelo tse pedi go ya tharo. Go leka go tshela metsi a mantsi ka nako e le nngwe go ka tlhola merwalela e e sa batlegeng mo tshimong le mathata a tsamao ya maotwana.

Go sa ntse go le botlhokwa go ela tlhoko gore mojadi o laola metsi mo kgaolomeding. Fa mojadi a ka leta lobaka lo loleele go simolola go nosa, ka dinako dingwe go ya go nna thata go samagana le nosetso le go efoga ngodiego ya dijalo. Se se ka nna bothata mo bajading ba ba iseng ba ke ba nose, ka gore ga ba lemoge gore go tsaya lobaka lo loleele go dira modikologo o o feletseng go tloga ka nako e ba simololang ka yona. O se boife go tshuba senosetsidikologi, go ka go duela thata.

Ma mabakeng a mantsi, go sa ntse gape go na le tšhono ya go boloka metsi ka ntlha ya thulaganyo ya nosetso e e lolameng. Fela jaaka go ntse ka thulaganyo ya nosetso nngwe le nngwe, go botlhokwa go baya bongola jwa mmu leitlho, le go tshela metsi fela fa go tlhokega. Se se tsala dipoloko tsa metsi le maatla go ralala setlhakgolo sotlhe.

Thulaganyo ya tlamelo

Senosetsidikologi ke peeletso e kgolo thata, mme ka gore e tlhomilwe kwa masimo mme e sa bolokwe mo setorong sa metšhine, fa gongwe bajadi ba batla ba lebala ka tlamelo ya motheo, e ba tshwanetseng go akanya ka yona. Fa o tlhopha go e itirela, go dintlha di le mmalwa tse o tshwanetseng go di akanya.



Morago ga ngwaga wa ntlha wa tiragatso

Tsholola le go emisetsa oli mo dikerebokosong tsa maotwana a kgweetso otlhe le dikerebokoso tsa pinagare ya kgweetso. Netefatsa gore o dirisa oli ya modiri wa motšhine. Fetola oli mo dikerebokosong bonnye morago ga dingwaga dingwe le dingwe tse tharo morago ga fa, mo maemong a tiragatso a a tlwaelegileng. Fa mojadi a dirisa motšhine go feta diura tse 1 000 ka ngwaga, gona akanya go fetola oli ngwaga le ngwaga kgotsa morago ga ngwaga tse pedi.



Ka ngwaga le ngwaga 

Tlhola mowa mo dithaereng tsotlhe mme o di pompe go ya ka kgatelelo e e tlhokegang;

Gopa metsi otlhe go tswa dikerebokosong mme o tlatse ka oli e e tshwanetseng;

Kirisa ase ya phaefote;

Tlhola le go netefatsa gore dišafote tsa kgweetso le disireletsi tsa malokololo a tsotlhe di siame; le 

Tlhola serai sa motlhaba go bona gore motlhaba ga o a tlala moo. Fa go tlhokega o tlhatswe ka metsi.



Pele ga setlha 

Fa o simolola go dira tlhatlhoba dinosele tsa dikgatshi tsotlhe go netefatsa gore di kgatsha ka tolamo; le 

Netefatsa gore sediriso se itshetletse sentle.



Bokhutlo jwa setlha

Mina metsi otlhe mo phaefoteng le mo digokeding tsotlhe tse di tsenang mo phaefoteng.

Go botlhokwa go gakologelwa gore nako ya go ikhutsa mo setlheng sa nosetso ka dinako dingwe e ka nna masisi. O tshwanetse go akanya tlamelo ya senosetsidikologi sa gago e le ya botlhokwa fela jaaka lenaneo la tlamelo la diterekere, dipolantere le dirobi tsa gago.

