Pest										Tswana

Go laola sebokophetlhi sa mmidi



Instructions:

Folio strap: Taolodisenyi

Byline: Amos Njoro, mogokaganyi wa Porofense wa Lenaneo la Tlhabololo ya Bantshadikuno la Grain SA mo Bokonebophirima

Photos:

1. Go itemogelwa ditatlhegelo tse di kwa godimo ka ntlha ya tlhaselo ya sebokophetlhi. 

 Setshwantsho: J van den Berg ARC/GC1

2. Puo ya kakaretso ke gore sebokophetlhi sa mmidi se tlhola tatlhegelo ya 10% ka ngwaga ya sejalo sa mmidi, fêla tatlhegelo ya sejalo sotlhe e ka diragala.

 Photo: R Bate, ARC/GC1

3. Dibokwana tse di godileng di ya phuku mo dikutung tsa dirite tsa mmidi mo marigeng jaaka mokone.

 Photo: ARC/GC1



Sebokophetlhi sa mmidi ke sesenyi se se fitlhelwang ka gale koo mmidi o lengwang teng mo Aforika – sesenyi se ke semelafa sa Aforika mme mefuta ya majang e mentsi e tshegetsa modikotshelo wa sona.



Puo ya kakaretso ke gore sebokophetlhi sa mmidi se tlhola tatlhegelo ya 10% ka ngwaga ya sejalo sa mmidi, fela tatlhegelo ya sejalo sotlhe e ka diragala. Dibokwana di ja matlhare, lotlhaka le diako tsa semela sa mmidi.



Digopa tsa mmoto

Go tlhaloganya dintlha tsa botlhokwa tsa modikotshelo wa sesenyi go botlhokwa go go kgontsha go tsaya ditshwetso tse di botlhale mo taolong ya sona. Dibokwana tse di godileng tsa sebokophetlhi sa mmidi di itshuba jaaka mokone mo dikutung tsa dirite tsa mmidi tse di setseng mo tshimong mo pakeng ya mariga. Tsona di tlaa tswelela go gola go nna losika lwa ntlha lwa mmoto go baya mae a a tlaa thuthusiwang morago ga malatsi a supa go ya lesome.



Dibokwana tse di thuthugileng di ja nako ya dibike di le thataro mme morago ga moo di fetoge mokone gona mo kutung ya semela sa mmidi. Morago ga dibeke di le tharo losika lwa mmoto lwa bobedi le tlhagelela ka dipalo tse dintsi go feta segopa sa ntlha kgotsa sa boraro le segopa sa bofelo.



Dikgatotaolo

Go ya ka tsa kgwebo go na le dikgato di le mmalwa tsa taolo ya sebokophetlhi. Tsona ke taolo ya sekhemikale, tlhopho ya mofutapeo, mekgwatiriso ya setso le taolo ya sebaeloji: Dikgatotaolo tse ga di tlhomamise gore taolo e tlaa nna 100%, fela di thusa go fokotsa tlhaselo le go kgontsha ntshodikuno ya mmidi e e tswelelang.



Taolo ya sekhemikale

Dikhemikale tse di kwadiseditsweng go laola sebokophetlhi sa mmidi di aroganngwa ka dibolayasenyi tsa kamano kgotsa tsa monyelo.



Megopolo ya gore dikuno tse di turang di nonofile thata go na le tse di tlhotlhwautlase ga se boammaarri ka gore dikuno dingwe tse di tlhotlhwatlase di tlamela ka taolo e e gaisang thata. Polelo ya gore taolo e ka tshwarelela boleele jwa dibeke tse thataro le yona e a belaetsa. Ka ntlha ya ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa taolo ya sekhemikale, balemi ba tshwanetse go netefatsa gore tepo ya tshelo e nepagetse. Kgatsho e e kelotlhoko ya thibelo, e sa le e supile bogologolo gore ga e a nonofa, mme ga e atlanegisiwe. Taolo ya sekhemikale e tshwanetse go akanngwa fela fa 10% ya tshimo e na le ditshupo tsa tlhaselo e e ikepelang jaaka “tshenyo ya sefako”, le foo dibokwana di ntseng di iphepa ka matlhare.



Mo go diriseng 10% ya boleng jwa mapalamo le gona go dumelana le tepo e e nepagetseng ya tshelo ya sebolayasenyi. Tshelo e le nngwe fela e ka tswa e sa lekana ka gore tlhaselo e ka ipoeletsa moragonyana. Mo bofelong jwa setlha jaaka jaanong jaana go botlhale go tlhatlhobela dibokwana tse dinnye fela fa pele ga go ntsha lefetlho. Fa dibokwana tse dinnye tse di sa laolwe di ka rwala maikarabelo a nyeletso ya diako e e feletseng. Taolo e e siameng e ka fitlhelelwa go fitlha ka 50% ya go ntsha lefetlho.



Mmidi wa Bt

Tlhagiso ya mefutapeo ya mmidi wa Bt, e fokoditse tlhokego ya taolo ya dibolayasenyi ka kemelano ya mefutapeo e e nang le lotso lo lo kgatlhanong le tlhaselo ya sebokophetlhi. Lotso lo lo tlhotlhola ntshodikuno ya botlhole jo bo leng kotsi mo dibokwaneng.



Go thibela tsweletso ya kemelano, ditaelo mabapi le phesente ya mmidi o o seng wa Bt go jalwa mmogo le mmidi wa Bt, di tshwanetse go latelwa ka botlalo. Ga se mofutapeo yotlhe e e nang le lotso lwa Bt e e nang le kemelano e e lekalekanang kgatlhanong le tlhaselo ya sebokophetlhi mme se se tshwanetse go tsewa tsia fa go tlhophiwa mefutapeo ya setlha sengwe le sengwe.



Bantshadikuno ba tshwanetse ba lemoge paka ya malatsi a a lesome ka nako ya go ntsha lofetlho fa dibokwana tse dinnye di ka iphepa ka maledu. Ka nako e botlhole jo bo mo maledung bo tlhaologile ka ntlha ya diteng tse di kwa godimo tsa metsi a ona go go tlholang gore dibokwana dingwe di falole. Tshenyo ya Lotlhaka ka ntlha ya difalodi tse e tlaa bonala ka nako ya thobo, fela ka gore tshenyo e diragetse moragonyana mo pakakgolong, e tlaa nna le kamo e nnye mo thobong. Dibokwana tse di tlaa nna ditsalwapele tsa segopa sa mmoto sa ntlha sa setlha se se latelang. Fa o tshwanela go tlhopha magareng ga taolo ya sekhemikale kgatlhanong le mefuta peo ya Bt, ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa mefuta peo ya Bt, di tshwanetse go tsewa tsia.



Mekgwatiriso ya setso le Taolo ya sebaeoloji

Go ribega mo marigeng go go tlholang gore dirite di tlogelwe mo boalogodimong go tlaa thusa go fokotsa tlhaselo ya sebokophetlhi mo setlheng se se latelang ka go senolela mekone serame sa mariga le baba ba tlholego ba yona, se se tlhole phokotsego ya palopalo ya disenyi. Go lema le kwa bofelong katelo e e kwa botennye ya dirite go tlaa thibela meboto go tlhagelela mo setlheng se se latelang.



Diparasite tse di jang mokone le mae a teng, di teng, fela nonofo ya tsona ga e na boleng bope jwa bogwebi. Bojang jwa Napier jo bo jalelwang go nna moamogelamoeng yo o eletsegang mo mmiding bo dirisiwa jaaka tselataolo mo balemipotlaneng. Fela le gale ga go na lebaka la gore go reng balemi ba kgwebo ba ka se ke ba dirisa mokgwatiriso o ka gore bojang jwa napier ke dijo tsa loruo tse di gaisang mo polokong. Ditsela tsa taolo tsa setso le sebaeoloji ga di a nonofa sentle go na le taolo ya sekhemikale le tiriso ya thekenoloji ya Bt.



Tshoboko

Ke lebaka le le ultwalang gore go itemogelwa ditatlhegelo tse di kwa godimo ka ntlha ya tlhaselo ya sebokophetlhi. Dikgatotaolo le tsamaisodijalo e e siameng di botlhokwa thata go fokotsa ditatlhegelo.

