Organise (Maize)									Setswana
Rulaganya sentle – ke tiro ya botlhokwa ya tsamaiso
Folio strap: Tsamaiso
Byline: Tshedimosetso e rulagantswe go tswa Kaeding ya Tsamaiso ya Polase ka Poelo ka Marius Greyling
Gore o kgone go nna mo seemong sa go diragatsa maano a gago a ditiro tsa isagwe le go fitlhelela maitlhomo a gago a kgwebo ya gago, go tlhokega go rulaganya sentle le ka nako.
Mo kgannyaneng ya Pula/Imvula ya Seetibosigo 2011: seripa sa leano se botoka go na le go tlhoka leano gotlhelele, togamaano e ne ya buisanelwa jaaka tiro ya tsamaiso. Tiro ya tsamaiso ya bobedi e re tlaa e tlhalosang ke thulaganyo. Thulaganyo e kaya gore o tshwanetse go baakanya ka thulaganyo go diragatsa maano a gago a ditiro tsa isagwe. Mo tiragatsong, le gale togamaano le thulaganyo gantsi di dirwa ka nako e le nngwe. Boammaaruri, thulaganyo e tsenyeletsa gore ke mang a yang go dira eng leng le kae le jang le go swetsa gore ke metswedithuso e mengwe efe jaaka metšhine, didiriso, dithulusu, didiriswa, dipopegotheo gammogo le madi e e tlhokegang go diragatsa ditogamaano.
Ka jalo go kgona go rulaganya sentle go botlhokwa thatathata gore montshakuno a itse metswedithuso ya gagwe – popego le botho. Mabapi le badiredi ba gagwe, montshakuno o tshwanetse a itse bokgoni jwa bona, thuto, katiso, kgono (popego, setegeniki le maikutlo), maitemogelo, dithata le makoa. Badiredi ba tshwanetse ba dirisiwe fa ba diragatsang go gaisa teng, mme fa go kgonega ba tshwanetse ba dire se ba se itumelelang go se dira. Gape go tlhokega go baakanya go sa le gale le go netefatsa gore sepalamo, didiriso, didiriswa, ditsenngwateng tsa ntshokuno le madi, tse di tlhokegang di tlaa nna teng kwa lefelong le ka nako e e nepagetseng.
Go rulaganya motho o tshwanetse go tsaya tsa ditro tsotlhe jaaka di rulagantswe le go akanya ka kabo ya metswedithuso go kgona go nna mo seemong sa go diragatsa ditogamaano ka nako jaaka go sweditswe. 
Go ya ka thulaganyo ya tiriso motho o ka kopanya le togamaano le thulaganyo jaaka go bontshiwa mo Lenaneong 1. Sekao se ke tsweletso ya sekao se se dirisitsweng mo kgannyaneng ya maloba mabapi le togamaano.
Lenaneo 1: Togamaano le Thulaganyo: Beke 9 - 13 Motsheganong 2011
Mosupologo 9
Ditiro tse di rulagantsweng
Badiri ba ba amegang
Metswedithuso e mengwe
Mmidi 
Tlholelela tshimo ya 5.
Jan.
Sekuta.
Buka ya direkoto.
Sonobolomo
Roba tshimo – Diheketara tse 3 -10.
Piet (Mokgweetsi).
Padiso, Vosloo, 
Badiri ba nakwana ba le 2.
Serobi.
Diterekere tse pedi le ditereilara.
Dikgomo 
Go lekola dikgomo.
Tlhola dilatso le dijophepo.
Fusetsa, tshwaya, dousa le go kala dinamane tse 100.
Klasie.
Klasie.
Moloto, Abram, Kagiso le Hendrik.
Pitse, buka ya direkoto.
Pitse, buka ya direkoto.
Mogotlha wa dikgomo, dilwana tsa go tshuba, melemo le didiriso, sekale le buka ya direkoto.
Dikoko tsa nama
Baakanya ntlo 3 (go tlosa motshetelo o mogologolo).
Ditiro tsa letsatsi le letsatsi.
Ntlo 1 le 2.
Johanna, Minah le Johannes.
Sarah, Monica le Dawid.
Disekupa, dikgetsi le tereilara.
Dithulusu tsa seatla tse di sa tshwaraganang.
Tirokakaretso 
Penta bodirelo.
Rakonteraka wa poraefete. 
Dithulusu tsa gagwe.
Mabapi le sekao se, go tsewa gore badiredi botlhe ba katisitswe mme ba na le bokgoni. Go ya pele metswedithuso e mengwe yotlhe e teng le go siama go dirisiwa. Fa go sa nna jalo ditogamaano le thulaganyo tsa gago, di tlaa tshwanela go atolosiwa go akaretsa katiso ya badiri, go baakanya metswedithuso e mengwe gore e nne teng le go siama fa tiro ya tota, jaaka go jala kgotsa go enta loruo, di tlhoka go dirwa.
Se ke sekao fela sa mokgwa o o ka dirisiwang go rulaganya mme o ka nyalanngwa bonolo go tshwanela mabaka le dithato tsa motho. Maitemogelo a tiriso a bontshitse gore ke thuso e kgolo go loga maano le go rulaganya sentle le go dira ka go kwala. Fela jaaka togamaano, thulaganyo e ka dirwa ka bukatsatsi (daeyari), ka mohuta ofe fela wa sekwalwa, mo botong ya mohuta mongwe, seileketeroniki kgotsa tsela efe fela e nngwe e e tshwanetseng. 
Fela jaaka mo togamaanong, mo tiregong ya thulaganyo, motsamaisi o tlhoka go ineela mo ditirong tsa tsamaiso, e bong boeteledipele, tlhaeletsano, thotloetso, tholelotiro, kgokaganyo, go tsaya ditshwetso le go tsweletsa tiregatsotolamo. Bogolo jwa kamego mo ditirong tse bo tlaa laolwa ke bogolo jwa kgwebo.
Montshakuno o tshwanetse go ithora ka thulaganyo go tlhaeletsana le badiredi ba gagwe ka go rulaganya le go tsaya ditshwetso mabapi le go rulaganya (ke terekere efe e e tlaa dirisiwang kgotsa ke sediriso sefe kgotsa modiredi ofe). O tshwanetse gape go tsweletsa tiragatsotolamo le go gokaganya, go rulaganya mo dikaraolong tse di farologaneng tsa kgwebo. O tshwanetse gape o kgone go rolela ditiro tsa thulaganyo mo mongweng fa go tlhokega; montshakuno ga a ka ke a dira sengwe le sengwe ka boena.
Gakologelwa gore fa nngwe ya ditiro tsa tsamaiso e ka se ke ya diragadiwa ka tolamo, kgwebo ya gago e ka nna ya dira poelo, fela golo gongwe moragonyana fale – e ka nna dingwaga tse tlhano kgotsa lesome, kgotsa le go feta – kgwebo ya gago e tlaa ema tsi! Mme e sa le gape kgwetlho ya isagwe – fa tsamaiso ya gago e sa tokafale ngwaga le ngwaga – kwa bofelong kgwebo ya gago e tlaa ema tsi! Mo go rayang gore dipoelo ga di tlhole di dirwa. Motho ga a ke a dira dilo ka tsela e e tshwanang ngwaga le ngwaga. O tshwanetse go tokafala ka go oketsa lotseno lwa gago le/kgotsa go laola ditshenyegelo. Thulaganyo e e lolameng ke sediriso sa botlhokwa go fitlhelela tse di umakilweng fa godimo.
