Opot										Tswana



Dipeo tsa oli le poroteine ke eng?



Instructions:

Folio Strap: Dipeo tsa oli

Byline: Jane McPherson, Motsamaisalenaneo wa Lenaneo la Tlhabololo ya Balemirui la Grain SA



Go ya ka tlhaloso ya “webo” ya Dithoro le Dipeo tsa Oli tsa Aforikaborwa, dithoro di tlhalosiwa jaaka ditlhaka (cereals) tse di siametseng go nna dijo tsa batho. Dipeo tsa oli le tsona di siame go nna dijo tsa batho e bile di mosola thata ka ntlha ya oli e di e ntshang. Dijalo tsa dithoro le dipeo tsa oli mo Aforikaborwa ke matonkomane, bali, garase, korong, outse, mmidi, mabele, dinawa tsa soya le sonobolomo.



Dijalo tsa dipeo tsa oli di lemelwa bogolo oli e e mo dipeong tsa tsona. Diteng tsa oli ya dithoro tse dinnye (jaaka korong) ke 1% - 2% fela; mme tsa dipeo tsa oli tse dingwe di simolola ka 20% ya dinawa tsa soya go feta 40% mo disonobolomong le khanola. Metswedi e megolo ya dioli tsa peo tse di jewang ke dinawa tsa soya, disonobolomo, khanola, katune le matonkomane. Dioli tsa peo go tswa mo folekese (linseed) le dinawa tsa khaseta (castor beans) di dirisediwa maikaelelo a mo madirelong. Mafura le dioli tse di jewang le gale di tshwana ka popego ya dimolekhula. Mo themphereitšheng ya phaposi mafura a komota, fa dioli di le metsi.



Disonobolomo, matonkomane le dinawa tsa soya tsotlhe ke dijalo tsa selemo – di jalwa ka nako ya dikgakologo morago ga go feta ga kotsi ya segagane (di bosisi thata mo segaganeng) mme di gola mo setlheng sa dikgwedi tsa selemo (mo dikgaolong tsa pula ya selemo). Dijalo di butswa mo letlhabuleng mme gantsi di robiwa morago ga segagane sa ntlha se se na go wa. Ka fa go le lengwe khanola yona ke sejalo sa mariga – ke yona sejalo se le sosi sa dipeo tsa oli se se sa tshabeng segagane. Dithoro tse di kotutsweng di a silwa go gamola dioli. Mafura le dioli ke dikotla tsa botlhokwa mme di dirisiwa jaaka dioli tsa salate le kapeo, kgotsa tsa loisiwa go dira majerine le dioli tse dingwe tsa kapeo. Dikuno tse di tlaleletsa kgotsa emela dikuno tsa diphologolo (jaaka botoro) tse di sa lekanang go kgotsofatsa ditlhokego tse di golang tsa baagi ba lefatshe.



Masalela a a salang morago ga go gamola oli go tswa mo dipeong tsa oli ke motswedi wa dikotla wa botlhokwa mo diphologong tsa polase. Dijo tsa dipeo tsa oli go tswa mo dinaweng tsa soya, matonkomane, khanola le folekese di humile diporoteine – fa di tlhakanngwa le ditswaki tse dingwe (jaaka dithoro) di tlamela ka phepo e e lekalekanang ka dikotla.



Kerafo 1: Ntshodikuno ya matonkomane mo Aforikaborwa.

Bokonebophirima 

Gauteng

Limpopo

Mpumalanga

KwaZulu-Natala

Foreisetata

Kapabokone

Ditono tse di sekete 

Dingwaga tsa ntshodikuno

Ntshodikuno ya Matonkomane mo AforikaBorwa 

Ditono tse 

Di sekete

Dingwaga tsa Ntshodikuno



Kerafo 2: Ntshodikuno ya dinawa tsa soya mo Aforikaborwa.

Bokonebophirima

Gauteng

Limpopo

Mpumalanga

KwaZulu-Natala

Foreisetata

Kapabotlhaba

Ditono tse di sekete 

Dingwaga tsa Ntshodikuno

Ntshodikuno ya Dinawa tsa Soya mo Aforikaborwa 

Ditono tse

Di sekete

Dingwaga tsa Ntshodikuno



Kerafo 3: Ntshodikuno ya peo ya Sonobolomo mo Aforikaborwa.

Bokonebophirima

Gauteng 

Limpopo

Mpumalanga

KwaZulu-Natala

Foreisetata

Kapabotlhaba

Ditono tse di sekete 

Dingwaga tsa ntshodikuno

Ntshodikuno ya peo ya Sonobolomo mo Aforikaborwa 

Ditono tse 

Di sekete

Dingwaga tsa Ntshodikuno







