MONEY (MAIZE)								Tswana



Dintlhananolo tsa go adimela temothuo madi



Instructions 

Folio Strap : Tsamaiso ya Kgwebo

Byline : Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Shakespeare o kile a re: “Le fa e ka nna moadingwa tota le ena moadimi, gantsi kadimo e a itatlhegela mmogo le ditsala”. Se ammaruri ke kgakololo e e siameng e motho a se kitlang a e lebala ka gope. Fela le gale, fa o le montshakuno gompieno, o ka iphitlhela o patelesega go adima madi go tsena mo ntshokunong.



Tota go reng bantshakuno ba tlhoka go adima madi?

Le fa o ka tswa o na le lefatshe kgotsa le se yo, kgotsa o na le fela mofuta mongwe wa thuolefatshe, temothuo ke kgwebo mme o tlaa tlhoka madi gore o kgone go tsamaisa kgwebo ya gago. Gape ga go kgathalesege gore o fitlheletse jang lefatshe. O ka tswa o le moamogedi wa pusetsolefatshe, kgotsa kabosešwa ya moamogedi wa pusetsolefatshe, kgotsa o ka bo o rekile lefatshe o dirisitse madi a gago a o a boneng go tswa dikgwebong tse dingwe – o ya go tlhoka madi go dira temothuo. 



Lefatshe le tlhotlhwagodimo, e bile gantsi batho ba ipotsa gore ba tlaa bona kae madi go reka lefatshe. Ka bomadimabe, lefatshe ke karolo fela ya kgwebo e. Fa o tshwanela go dira temothuo ka loruo, o tlhoka go reka loruo (e ka nna dikgomo, dinku, dipodi, dikolobe kgotsa dikoko). Fa o batla go nna montshakuno wa dijalo kgotsa merogo, o tlaa tshwanela go reka diterekere le didiriso gore o kgone go lema mmu. Se ga e ise e nne bokhutlo, ka gore o sa ntse o tlaa tlhoka madi go reka ditsenngwateng tsa ntshokuno (peo, monontsha, dikhemikale, disele, j.j). ga se motlholo go beeletsa madi a mantsi mo ditsenngwatennye le metšhine go na le lefatshe.



Tumelano ya kgwebisano ke eng? 

Go adima madi ke kgwebo – mongwe o dirile madi, a o batlang go a beeletsa le go bona poelo mo khepetleleng. Ka mafoko a mangwe, motho yo madi e leng a gagwe o batla go netefatsa gore ga a ne a latlhegelwa ke madi le gore morago ga paka ya kadimo, ba tlaa boelwa ke madi a a fetang a ba a adimisitseng. Se ke fela go tsaya “resiki”. Fa bothata jwa go latlhegelwa ke madi bo le kwa godimo thata o ya go duela tlhotlhwa e e kwa godimo thata go adima madi ao, kgotsa o tlaa duela morokotso o o kwa godimo mo mading ao.



Mo makgetlong a le mantsi, fa o adima madi o tlhoka go neelana ka tshireletso ya mofuta mongwe mo kadimong. Se ke gore fa o ka palelwa ke go duela kadimo, moadimi a kgone go rekisa selwana seo, se o se neetseng jaaka tshireletso go boelwa ke madi a gagwe. 



Molao wa Bosetšhaba wa Tseisomolato 

Mo malobeng , batho ba ne ba adima madi mo setheong sengwe mme e re fa ba palelwa ke go duela kadimo eo, ba ye gape kwa setheong se sengwe go adima madi koo. Batho ba ne ba sa patelediwe go bega dišuga (dikoloto) tsotlhe tse ba nang natso. Molao wa Bosetšhaba wa Tseisomolato o fetotse sebopego seo, mme setheo sa kadimiso se ka bonwa molato wa “kadimiso e e botlhaswa” fa ba adimile mongwe madi yo o ka se kgoneng go busa kadimo. Go na le sefala sa deitha ya dikadimo tsotlhe, mme le fa montshakuno a sa bege melato ya gagwe yotlhe (se tota a tshwanetseng go se dira), setheo sa kadimiso se ka bona tshedimosetso ka montshakuno, mme sa gana kopo ya kadimo e ntšhwa.



Gangwe le gape bantshakuno ga ba itumele fa dikopo tsa dikadimo tsa bona di ganwa, fela le gale, fa o sa kgone go busa dikadimo, kwa bofelong o tlaa goelediwa jaaka yo o jelweng (tšhonneng) mme go tlaa latela dilo di le pedi tse di maswe. Setheo sa kadimo se tlaa latlhegelwa ke madi, mme wena o nne le rekoto e e maswe ya tseisomolato, se se ka go thibelelang gotlhelele go adima madi mo isagweng. Go tota go le botlhokwa thata go lemoga gore madi mangwe le mangwe a a adimilweng a a busiwa – dikadimo ke dikadimo mme e seng dimpho kgotsa dikabelo.



Go reng bantshakunothoro ba bašwa ba kgaratlha go bona dikadimo?

Go na le dintlha di le mmalwa tse di tlhotlheletsang bonolo jo o ka adimang ka jona: 



Kgono ya tuelo go ya ka diphopholetsokelelo tsa madi a seatleng

Batho ba ba go adimileng madi ba tlhoka go itse gore kwa bokhutlong jwa paka o tlaa nna le madi go busa kadimo. Fa re ka tsaya temothoro jaaka sekao, go jala sejalo sa korong, o tlaa tlhoka go beeletsa bokana ka R5 000 ka heketara. Ka tlhotlhwa ya gajaana ya korong (mo setlheng se se tswang go feta se, bantshakuno ba paletswe ke go fitlhelela R2 000 ka heketara), o tlaa tlhoka go bona thobo ya ditono tse 2,5 ka heketara gore o kgone fela go tshela. Gakologelwa gore palogare ya thobo ya pakatelele e kwa tlase ga ditono tse 2 ka heketara mo dikgaolong di le dintsi. Fa montshakuno a batla go adima madi go lema korong, moadimi o tlaa sekaseka thobo ya pakatelele, tlhotlhwa e e solofetsweng ya korong le ditshenyegelo tsa go ntsha sejalo. Ka e nako, ga go ope yo o ikaelelang go adima bantshakuno go lema korong – mme lebaka le utlwala sentle. Ntshokuno ya korong ga e busetse sepe. 

Dipoelo tse di kwa tlase mo peeletsong ya khepetlele

Madirelo a korong gajaana a mo tlapukeng, fela gape go tshwanetswe go gakologelwe gore ka kakaretso fela poelo mo ntshokunong ya dithoro e mo kgatelelong, e e boitshegang. Go batla go nna le lefetiso mo kunong nngwe le nngwe, se se tlholang ditlhotlhwa di le kwa tlase, ntswa ditshenyegelo tsa ntshokuno di le kwa godimo mo go maswe. Tiragatso yotlhe fela ga e na poelo. Mo mabakeng a a ntseng jalo setheo sa kadimo ga se mafolofolo go ka adimisa madi gonne moadingwa a ka se kgone go naya moadimi poelo e e bonalang mo peeletsong ya khepetlele ya gagwe. 

Maitemogelo a montshakuno 

Fa o simolola kgwebo kgotsa boiphediso jo bošwa, o tlhaela maitemogelo mme go a kgonagala gore o dire diphoso. Gantsi go ntse jalo le ka bantshakuno ba ba tlhabologang – ga ba na maitemogelo a dingwaga tse dintsi le e seng yona rekoto e e netefaditsweng. Se se dira gore go adima madi go nne bokete e le ruri!

Tshireletso ya kadimo 

Jaaka go setse go umakilwe, moadimi o batla go itse gore fa o sa kgone go busa kadimo o tlaa kgona go rekisa dithoto tsa gago go busa madi a gagwe. Mo makgating a mantsi, montshakuno ga a kgone go neelana ka lefatshe e le sesireletsamolato (se e leng tlwaelo mo karolong ya bogwebi). Bontsi jwa bantshakuno ga se beng ba lefatshe (jaaka go ntse mo lefatsheng la morafe le le le hirilweng), gongwe montshakuno o ka tswa a na le bonto ya ntlha e e kwadisitsweng mo lefatsheng go bona theko ya lefatshe leo. Fa montshakuno a sa kgone go neelana ka tshireletsomolato, moadimi o ka nna a gana go adimisa ka madi, gonne a boifa gore o ka latlhegelwa ke peeletso ya gagwe. 



Bantshakuno ba sikologa jang lebaka la gore gale go tlhokega gore ba neelane ka tshireletsomolato go ka bona tseisomolato ya ntshokuno? 

Peeletso e e tlhokegang go jala sejalo e tsamaela R4 500 ka heketara. (Palogare ya tshenyegelo fela go tlhalosa puisano e). Fa montshakuno a tshwanela go lema diheketara tse 100, o tlaa tlhoka go adima R450 000. Se ke madi a a boitshegang e le ruri.



Fa go tsewa gore montshakuno o mo lefatsheng le le siameng, mo kgaolong ya pula e e kwa godimo, koo thobo e e akanyediwang e leng kwa godimo, le foo ditlhotlhwa tsa dijalo di kgontshang go ka dira poelo mo sejalong seo, montshakuno o ka ya go buisana le Land Bank kgotsa dibanka tsa kgwebo, kgotsa dikgwebo tsa temothuo kgotsa koporasi, go ka bona kadimo ya ntshokuno.



Re tsaya gape gore montshakuno ga a kgone go neelana ka lefatshe la gagwe e le sesireletsomolato sa kadimo, mme o tshwanela go tla ka sesireletsamolato sa mofuta mongwe. Fa ke teng fa inšorense ya ditsenngwateng e tsenang teng. Inšorense ya ditsenngwateng e diretswe go akaretsa “ditiro tsa tlholego (Modimo)” mme e seng mekgwatiriso ya temo e e bokoa. Ka mafoko a mangwe, montshakuno o tshwanetse go dira ka fa mekgwatirisong ya ntshokuno e e siameng, mme a nne le palogare ya thobo ya pakatelele e e amogelesegang gore a kgone go letlega go bona inšorense e. Setlamo sa inšorense se baya tswelelopele ya montshakuno leitlho go tloga fela kwa tshimologong, mme ba ka nna ba gana go sireletsa dijalo mo kgatong efe kampo efe – ba sekaseka mofuta le boteng jwa mmu, ditshekatsheko tsa dikaommu, tirego ya jalo, tlhopho ya mofutapeo, nontsho, pego ya tlhogô, taolo ya mofero le disenyi, mme kwa ntle ga gore tsotlhe tse di dirilwe go ya ka ditlhokegotaelo tsa bona, batla gana go inšora dijalo.



“Ditiro tsa tlholego” tse montshakuno a sireleditsweng kgatlhananong natso, fa inšorense e amogetswe, di ka tsenyeletsa komelelo, serame, merwalela, sefako le molelo. Gakologelwa, ga ba sireletse mekgwa ya temo e e bokoa. Fa o ka nna le tatlhegelo ya dijalo ka ntlha ya phoso ya gago, ga o ne o sirelediwa.



Fa o amogetswe mo inšorenseng ya ditsenngwateng gona setlamo se go netefaletsa ditono tse di rileng kgotsa lotseno (go na le dipholisi tse di farologaneng tse di dirang ka go farologana go le gonnye). Fela le gale, inšorense e akaretsa fela 60 - 65 % ya boleng jo bo sireleditsweng. A re re, sekao, palogare ya thobo ya pakatelele ya gago mo kgaolong ke ditono tse 4 ka heketara tsa mmidi, o o ka jang R1 500 ka tono, (ke sona boleng jo bo sirelediwang e leng R6000 ka heketara), inšorense e tlaa netefatsa fela 60% ya boleng joo, e leng R3 600 ka heketara. Jaanong o tlaa gakologelwa gore re rile ditshenyegelo tsa ntshokuno di tsamaela R4 500 ka heketara. Ka mafoko a mangwe o tlaa bo o inšoretswe kwa tlase ga ditshenyegelo tsa ntshokuno. Fa o ne o le setheo sa kadimiso, o ne o se kitla o batla go adima montshakuno madi, o itse sentle gore fa go tshokile go ka nna le tiro ya tlholego, montshakuno ga a ne a kgona go busa kadimo – le mororo a na le inšorense ya ditsenngwateng. Go tshwanetse go gakologelwe gape gore inšorense ya ditsenngwateng e turu, - mo ngwageng o o fetileng bantshakuno ba ba tlhabologang kwa Foreisetatabotlhaba ba ba neng ba jetse korong, ba ne ba tshwanela go duelela inšorense ya ditsenngwateng tsa bona go feta R850 ka heketara.



Ke ditheo tsa kadimiso dife tse bantshakuno ba bantšhwa ba ka di fitlhelelang tsa dijalo/loruo lo lo farologaneng?

Jaaka go itshupa mo puisanong e e fa godimo, go adimisana ka madi go na le mathata, mme go na le dintlha di le dintsi tse di tlhokang go tsewa tsia pele go kopiwa kadimo. Go na le ditheo tse di ka adimisang madi, fela fa di netefalediwa gore di tlaa busediwa madi. Go a kgonega mo bantshakunong go dira dikopo tsa dikadimo tsa ntshokuno go tswa kwa Land Bank, dikgwebo tsa temothuo (Senwes, OVK, NWK, MGK, GWK), dikoporasi tsa temothuo (VKB), dibanka tsa kgwebo, ditheo tsa tlhabololo (Koporasitlhabololo ya Temothuo ya Mpumalanga – (MADC), Banka ya Uvimba kwa Kapabotlhab, j.j Setheo sa kadimiso ga se patelesege go adima madi – tsotlhe di na le matshwaotlhopho le dipholisi tsa tsona tsa kadimiso. O ka buisana le mekgatlho e mme wa tlhotlhomisa ka ditlhokego tsa yona.



Go diragalang fa bantshakuno ba na le molato o o saletseng?

Mo dingwageng tse di fetileng, ka poelo ya temothuo e le mo kgatelelong, go ne go diragala gore bantshakuno ba dire ngwaga otlhe, ba ntshe dijalo tse ba di rekisang, mme kwa bokhutlong jwa setlha ga ba a kgobokanya madi a a lekaneng go duela kadimo ya bona ya ntshokuno. Se ke maemo a a kgobang marapo ka gore montshakuno o tlaa bo a diretse lesidi ngwaga otlhe, mme gongwe ga a ne a nna le gona go jala sejalo se se latelang. Le mororo go jala sejalo se se latelang e ka nna gona fela tsela ya go duela molato o o kwa morago, ditheo tsa kadimiso di tshwanetse go ela tlhoko, e se re gongwe tsa pegwa molato wa kadimo e e botlhaswa.



Ke kgakololo efe e re ka e nayang bantshakuno ka ga go adima madi?

Dira dipalelo tsa gago ka kelotlhoko e kgolo;

O se lekanyetse ditshenyegelo tsa ntshokuno tlase;

O se fetise tekanyetso thobo e e kgonegang;

O se fetise tekanyetso ya tlhotlhwa e e kgonegang ka tono;

Jwala fela mebu e e gaisang ya gago;

Tlhopha sejalo se se nang le bothata jo bo kwa tlase jwa go feila;

Bona kgakololo e e siameng;

Dira sengwe le sengwe sentle;

Jwala diheketara di le mmalwa mme o di dire sentle thata – se ikgame ka tiro le ka tekanyetso;

Fa o le setlabošweng, simolola ka bonnye mme o godise kgwebo ya gago ka iketlo (lekanyetsa mathata a gago);

Reka ditsenngwateng tsa boleng jo bo siameng, go tswa batlameding ba ba itsegeng;

Reka ka ditlhotlhwa tse di kwa tlase ka fa go ka kgonegang, fela o gatelele boleng;

Rekisa dijalo tsa gago ka tlhotlhwa e e kwa godimo ka fa go ka kgonegang; le 

Netefatsa gore o dira sengwe le sengwe ka nako e e siameng – o se emisetse sepe metsotso ya dikgobalo.



Jaaka o le montshakuno, o mosola thata mo go Aforikaborwa – ipele ka gore bantshakuno ba fepa le go apesa lefatshe!







 

 

 

