Money										Tswana

Go laola ditshenyegelo tsa gago



Instructions:

Folio strap: Mabaka a madi

Byline: Tshedimosetso e tswa mo kaeding ya Grain SA: Ntshodikuno le thekiso ya mmidi.



Ka kakaretso go tshwanetse go gakologelwe gore temothuo e dirwa go ikaeletswe go dira poelo. Go tlhokega madi a mantr go jala mmidi mme tlhomoditshenyegelo mabapi le ntshodikuno ya mmidi ke nngwe ya dintlha tsa botlhokwa mo tsamaisong ya temodithoro.



Go botlhokwa go kgaoganya ditshenyegelo ka ditlhopha tse di farologaneng di le pedi – ditshenyegelo tsa ka tlhamalalo kgotsa dithenyegelo tse di tlhomameng.



Ditshenyegelo tse di tlhomameng (Overhead costs)

Tse ke ditshenyegelo tse di amanang le tsamaiso ya tiro ya polase yotlhe – ke ditshenyegelo tse di ka se keng ka tlhamalalo tsa amanngwa le jalo ya sejalo se se kgethegileng. Gale ditshenyegelo tse di a tswelela go sa kgathalesege gore ke nako efe ya ngwaga kgotsa setlha. Ditshenyegelo tse di akaretsa dituelelo tsa palotlotlo, dituelelo sa banka, dituelo le meputso, dikgogo, metlakase, dilaesense le makgetho, dipaakanyo le tlamelo, merokotso mo dikadimong, ditshenyegelo tsa dipalamo, dikwalelo, jalo le jalo. Ditshenyegelo tse di ka farologana go tswa molemiruing go ya molemiruing, go ya fela ka: bogolo jwa polase, bokete jwa molato le tsela le tshenyegelo ya tsamaiso.



Ditshenyegelo tsa ka tlhamalalo

Tse ke ditshenyegelo tse di ka amanngwang ka tlhamalalo le sejalo se se jetsweng. Ditshenyegelo tse di akaretsa dilwana di tshwana le disele, monontsha, peo, dikhemikale, thobo, thekiso le badiri ba nakwana. Mo mabakeng a le mantr, ditshenyegelo tse di a tshwana ka heketara go sa kgathalesege gore ke mofuta ofe wa temo le thobo e e kgonegang ya sejalo se se jalwang.



Go botlhokwa thata gore togamaano ya matlole e e siameng e bo e dirilwe pele go ka jalwa sejalo sepe fela. Go botoka thata go baakanya le go jala kgaolo e nnye sentle gore o tle o nne le sebaka se se botoka sa go nna le dijalo. Go na le ditshenyegelo tse gantsi di sa akanngweng fa go rulaganngwa jalo ya sejalo – fa tlase go latela sekao sa mefuta ya tshugommu e e ka tlhokegang ka nako ya tirego ya ntshodikuno ya dijalo.



Dikgatokgonego tse di tlhokegang:

Go tshela laeme

Go desa masimo

Go repa masimo

Go lema ka mogoma wa ditšhesele

Go lema 

Paakanyo ya boalopeo

Go jala

Kgatsho ya dibolayatlhatshana le dibolayasenyi

Tshelo ya nontshogodimo

Tlhagola

Kgatshotlaleletso ya dibolayatlhatshana kgotsa dibolayasenyi

Thobo

Thoro ya dithoro ka dipalangwa.



