Moisture (Maize) 								Setswana



Tshomarelo ya bongola ya ntshokuno ya dijalo mo lefatsheng le le omileng



Instructions: 

Folio strap: Tshomarelo ya bongola

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Ntlha ya botlhokwa thata mo ntshokunong ya dithoro mo lefatsheng le le omileng ke go nna teng ga bongola jo bo lekaneng mo kgolong ya sejalo se se rileng.



Tshedimosetso ke selekanyo sa pula gammogo le gore e ka solofelwa leng, malebana le kgaolo nngwe le nngwe ya Aforikaborwa e e teng. (botsa Lefapha la Temothuo la selegae). Se se ka dirisiwa fela jaaka kaedi mo thulaganyetsong ya ntshokuno ya dijalo.



Go reng re tshwanetse go somarela bongola mo mmung?

Ntshokuno ya dijalo e tlhoka bongola – dijalo tse di farologaneng di na le ditlhokego tse di farologaneng tsa bongola, se se tshwanetseng go tsewa tsia pele go tsewa tshwetso ka ga sejalo se se tlang go jalwa.

Go na ga pula ga tlhago ga go diragale tota ka nepo ka nako e e tlhokegang ya sejalo se se rileng sengwe le sengwe.

Ka kakaretso, dikgaolo tsa ntshodikuno ya dijalo mo Aforikaborwa di na le tlelaemete e e kgwatata.

Go tlhokega thata go netefatsa gore go na le bongola jo bo lekaneng ka nako ya go jala e e kwa setlhoeng go letla go mela le tlhamego ya medi go sa le gale. Nako ya jalo e e kwa setlhoeng e tlaa tsaya tsia ditlhokego tsa semela tsa bongola ka nako ya dikgato tse di masisi tsa go gola, mabapi le dipula tsa ngwaga le ngwaga tse di solofetsweng go na mo setlheng seo (sekao, go rulaganyetsa gore nako ya go ntsha lofetlho ga mmidi kgotsa go thunya ga sonobolomo, e nne paka ya go na thata ga pula).

Go rotloetsa go sugelelwa ga masalela a dijalo tsa ngogola le go oketsa diteng tsa humase mo mmung ka jalo o tlamela dijalo ka dikotla mo mmung.



A mebu yotlhe e ka boloka metsi?

Ee, le mororo mebu e e motlhaba thata mo llageng e e marose e tlogela metsi a mantsi go minyega.

Mebu ya dillaga tse di seng marose (sekao, e e mmopa) kwa botennye jo bo seng kwa tlase ga 600 mm go ya mmitareng o le mongwe, ke yona tota e tshwanetseng tshomarelo ya bongola mo mmung le ntshokuno ya dijalo ka ngwaga le ngwaga.



Re bebofatsa monyelo ya metsi a pula botoka jang mo mmung?

Nwelelo ya pula e tokafadiwa ke:

Boalogodimo jwa mmu jo bo sa lotaganang; le/kgotsa

Kobelo mo godimo ga mmu.



Bongola bo bolokwa jang mo mmung?

Metsi a bolokwa mo diphatlheng tse di fa gare ga dikarolwana tsa mmu.

Mebu e farologana go tswa go motlhaba, serokwa go ya go mmopa.

Mofuta mongwe le mongwe wa mmu o ka boloka selekanyo se se farologaneng sa metsi.

Motlhaba, mmopa le serokwa ka palogare di ka boloka bongola jwa 25 mm ka 150 mm ya mmu. (Mo mmung wa botengmedi jo bo nonofileng jwa mmitara e ole mongwe, go kgonega go boloka 180 mm ya pula).



Ke eng se se tlholang bongola go latlhega go tswa mo mmung?

Phasalalo go tswa letsatsing. Boalogodimo jwa mmu bo a gotela mme se se oketse mowafalo.

Tiro ya tsamaosetshikana mo mmung. Se ke motsamao wa bongola jwa mmu mo gare ga dikarolwana tsa mmu, go ya boalogodimong jwa mmu koo bo tlaa mowafadiwang go tsena mo loaping.

Phufulelo ka mefero kgotsa semela sefe kgotsa sefe se se ka kaiwang mofero mo tshimong. (Se ke nngwe ya dibako tse dikgolo tsa tatlhegelo ya bongola jwa mmu).



Re ka somarela bongola botoka jang?

Go netefatsa gore pula e e nelang mo mmung e ka nwelelela mo mmung, ka jalo re tshola boalogodimo bo le mo maemong a a eletsegang. Logôgô mo boalogodimong jwa mmu lo dira sekgoreletsi se se popota mme go ya pele metsi a pula a taboga fela fa godimo ga mmu mo boemong jwa go nwelelela mo porofaeleng ya mmu.

Leka ka bojotlhe go boloka masalela a dijalo tsa ngogola gore o fokotse kutlwalo ya tlhamalalo ya marothodi a pula mo boalogodimong jwa mmu ka jalo o nyenyefatse tlhamego ya logôgô. Go tshwanetse go gakologelwe gore go ya fela ka tshugo ya dirite, sejalo se ka tlhoka menontsha ya senaeterojene ya tlaleletso ka ntlha ya kgololo e e bonya ya dikotla tse di sa ntseng di le mo masaleleng a dijalo.

Morago ga dipula tse di bokete, thuba logôgô lo lo ka bong lo tlhamegile mo godimo ga mmu. Logôgô ga lo thibele fela nwelelelo ya pula ya tlaleletso, mme gape lo rotloetsa tiro ya tsamaosetshikana, e e omisang mmu.

Tshola masimo a gago a se na mofero paka yotlhe go tswa thobong ya dijalo tse di fetileng go ya jalong ya sejalo se se latelang.

Tlhamego ya “kobelo ya lorole” (dust mulch) mo boalogodimong jwa mmu e dira e le sekgoreletsi sa tiro ya tsamaosetshikana e e dirang gore bongola bo tsamae go tswa mo porofaeleng ya mmu go tsena mo lefaufaung. Le mororo kobelo e monyela phasalalo ya mogote go tswa letsatsing, mowafalo e sa ntse e diragala, mme ka kelo e e kwa tlasenyana go tswa ka 5cm e e fa godimo ya kobelo ya mmu o o omileng (“kobelo ya lorole”).

Kobelo e ka nna masalela a dijalo (go bua ka kakaretso) kgotsa “kobelo ya lorole” e e tshwanetseng go tsholwa jalo mo nakong yotlhe go ise go lengwe ka tshugommu ya semotšhine ya mmu.

Mo magareng ga dipula, go botlhokwa go tsweletsa “kobelo ya lorole” go somarela selekanyo sa metsi se se kwa godimo go tsamaya le porofaele ya mmu yotlhe.





