Moisture (Wheat)								Setswana 
Tshomarelo ya bongola ya dijalo tsa korong
Instructions:
Folio strap: 
Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Bantshakuno la Grain SA
Dijalo tsotlhe di tlhoka metsi go gola, mme ntlha ya botlhokwa thata mo ntshokunong ya dithoro ya lefatshe le le omileng ke go nna teng ga bongola jo bo lekaneng ka nako ya kgolo ya sejalo sa korong sa gago. 
Go tswa kgweding eno, kgatiso ya Pula/Imvula ya korong e tlaa romelwa babuisi botlhe mme e seng fela bantshakuno ba ba buang Sesotho ba kwa Foreisetata. Re tshwanetse ka jalo go gakologelwa gore Kapabophirima e na le tlelaemete ya Mediterranean, se se rayang gore ba amogela pula mo marigeng, se e leng setlha sa jalo ya korong. Botlhokwa jwa tshomarelo ya bongola jwa mmu mo bantshakunong ba korong mo Kapa bo batla bo se botlhokwa jaaka bo ntse mo nageng e e setseng ya Aforikaborwa, koo re tshwanelang go somarela pula ya selemo mo mmung e dimela di tlaa dirisang bongola jwa yona ka nako ya dikgwedi tsa komelelo tsa mariga.
Ntshokuno ya dijalo e batla bongola. Dijalo tse di farologaneng di na le ditlhokego tse di bongola tse di farologaneng tse di tshwanetseng go tsewa tsia pele go tsewa tshwetso ya gore go iwa go jala sejalo sefe. Bongola gape bo sa ntse bo tlhokelwa go rotloetsa kumaganyo ya masalela a sejalo se se fetileng le go oketsa diteng tsa humase mo mmung, ka jalo go dirwa dikotla tsa sejalo se se tlang. 
O ka bo o ise o swetse gore a o ya go jala korong kgotsa nnyaya; tshwetso ya gago e tla bo e ikaegile ka go nna le poelo ga ntshokuno ya korong, gammogo le togamaano ya tirisolefatshe ya pakatelele ya gago. Bantshakuno ba bantsi ba tsere tshwetso go jala dijalo dingwe mo thefosanyong e e kgethegileng nngwe, go sa kgathalasege kwelotlase le godimo ya ditlhotlhwa mo pakeng e khutshwane. Go jala korong ngwaga le ngwaga go tlaa netefatsa gore o na le dijalo fa ngwaga o siame le gore o na le korong e o ka e rekisang fa tlhotlhwa e le kwa godimo (le mororo se se kgatlhanong le sona e le nnete – o tlaa nna le korong gape le mo dingwageng tse di maswe e bile gape o tlaa tshwanela go amogela ditlhotlhwa tse di kwa tlase fa di nna teng).
Go tlhokega gore o leke go netefatsa gore sejalo sa gago se nna le bongola jo bo lekaneng sentle mo mmung mo pakeng ya kgolo yotlhe ya sona. Mebu yotlhe e ka boloka metsi, le mororo e mengwe e tshwanetse botoka go gaisa e mengwe mo go bolokeng bongola jwa mmu. Mebu e e motlhaba thata ga e a siama thata go boloka metsi ka gore metsi a ka nwelelela botlhofo le go latlhega, kwa ntle ga gore go bo go na le llaga e e sa tsweleleleng (ya letlapa le mmopa) e e tlaa thibelang metsi go nyelela kwa tlasetlase. Mebu e e nang le dillaga tse di sa sutlhelegeng (sekao mmopa) mo botennye jo bo seng kwa tlase ga 600 mm go ya 1 m, e siametse sentle tshomarelo ya bongola jwa mmu le ntshokuno ya dijalo ngwaga le ngwaga. Mebu e mentsi kwa Foreisetatabotlhaba e tshwanela tlhaloso e, ke ka moo e tshwanelang ntshokuno ya korong ya mariga thata le mororo e le kgaolo ya pula ya selemo. 
Kwa ntle ga gore o bo o lesego tota go nna le nosetso, o tlaa tshwanela go ikanya pula go tsenya bongola mo mmung. Boalogodimo jo bo tlhanyaolotsweng jwa mmu, bo tlaa kgontsha pula go nwelelela mo mmung. O tshwanetse wa bo o setse o lemogile gore metsi a feta bonolo jang mo mmung o o thata. Kobelo mo godimo ga mmu le yona e thusa mo nwelelong ya metsi mo mmung; e sa ntse gape e fokotsa titaagano ya marothodi le go letla nako e telele gore metsi a nwelelele.
Metsi a bolokwa mo go tse di magareng ga dikarolwana tsa mmu. Mebu e farologana go tswa go motlhaba go ya go serokwa go ya mmopeng mme mmu mongwe le mongwe o ka boloka selekano se se farologaneng sa metsi. Motlhaba, mmopa le serokwa, e ka boloka palogare ya 25 mm ya bongola ka 150 mm ya mmu. (Mo mmung wa botengmedi jo bo feleletseng jwa 1 m, go kgonega go boloka 180 mm ya pula). Selekanyo sa bongola jo bo ka bolokwang mo mmung bo ikaegile ka mofuta wa mmu, seemo sa sebopego sa mmu le temego le botengmmu. 
Bongola jwa mmu bo ka latlhega go tswa mo mmung ka ntlha ya phasalalo ya marang a letsatsi. Boalogodimo jwa mmu bo a gotela mme se se oketsa mowafalo, tiro ya khapilari mo mmung (se ke motsamao wa bongola jwa mmu magareng ga dikarolwana tsa mmu), go ya boalogodimong jwa mmu koo a mowafalediwang mo lefaufaung, mme le ka ntlha ya phufulelo ya mefero le dimela dingwe le dingwe tse di kaiwang e le mofero mo tshimong. (Se ke sengwe sa dibako tse dikgolo tsa tatlhegelo ya bongola jwa mmu).
Re ka boloka bongola botoka jang?
Netefatsa gore pula e e nelang mo mmung e tsenelela mo mmung, le go tshola boalogodimo bo le mo maemong a a eletsegang. Legogo la boalogodimo le dira sethibedi se se thata mme dipula tse di latelang di taboge fela fa godimo go na le go tsenelela mo porofaeleng ya mmu.
Tlogela masalela a dijalo tse di fetileng ka bontsi jo bo kgonegang gore o tle o kgone go fokotsa titiagano ya marothodi a pula mo boalogodimong jwa mmu, mme ka jalo wa fokotsa tlhamego ya legogo. Go tshwanetse go gakologelwa gore go ya fela ka tshugego ya masalela, sejalo se ka tlhoka tlaleletso ya monontsha ya naeterojene ka ntlha ya kgololo e e bonya ya dikotla tse di salang mo masaleleng a dijalo.
Morago ga dipula tse di bokete, thuba legogo le le ka bong le tlhamegile mo godimo ga mmu. Legogo ga le thibele fela tsenelelo ya dipula tse di latelang mme gape le rotloetsa tiro ya khaphilari e e omisang mmu.
Tshola masimo a se na mofero paka yotlhe ya go tswa thobong ya dijalo tse di fetileng go fitlha dijalo tse di latelang.
Popo ya kobelo ya lorole mo godimo ga boalogodimo jwa mmu e dira jaaka sethibedi sa tiro ya khaphilari e e tlholang go tsamaya ga bongola go tswa mo porofaeleng ya mmu go tsena mo lefaufaung. Le mororo kobelo e monyela phasalalo ya marang a mogote wa letsatsi, mowafalo e sa ntse e diragala fela ka kelo e e bonya go tswa ka 5 cm e e fa godimo ya kobelo ya mmu e e omileng (kobelo ya lorole)
Kobelo e ka nna ya masalela a dijalo (go bua ka kakaretso) kgotsa ya lorole e e tshwanelang go tsholwa e siame mo pakeng yotlhe ya bogola (fallow) ka tshugo ya semotšhine ya mmu.
Dielemente dingwe tsa ntshokuno ya dijalo di botlhokwa mo go maswe mo go boneng katlego. O tshwanetse go boloka bongola ka bontsi jo o ka bo kgonang mme gape o tshwanetse go tshola masimo a gago a se na mofero ka dinako tsotlhe. Bongola ke nngwe ya dintlha tse di kgoreletsang thata mo ntshokunong ya dijalo 
