Jane(Maize) 									Setswana
Mme Jane a re…
Folio strap: 
Photo: Use a photo of Jane 
Mo dikgannye fa gautshwane go builwe thata ka Mokgatlho wa Bašwa wa ANC o bua ka lefatshe (le ka dibanka le meepo) mme go a kgatlhisa go bona ka moo batho ba akanyang ka go farologana ka teng mabapi le ntlha e ya lefatshe. 
Ke tsaya lefatshe jaaka motswedithuso o re ntshang dijo le faeba go tswa mo go ona. Dilo di le dintsi mo lefatsheng di oketsega ngwaga le ngwaga – batho, diphologolo tsa gae, dikoloi, jj. Fela lefatshe lona ga le oketsege – le lekanyeditswe. Fa o akanya gore go na le boidiidi jwa batho ka lefatshe le lennyennye le le ka ntshang dikuno (gonne re tshwanetse go gakologelwa gore batho ba dirisetsa sebaka magae a bona – ditoropokgolo di dirisa lefatshe go gola), re tshwanetse go netefatsa gore karolwana nngwe le nngwe ya lefatshe e dirisiwa ka botlalo.
Mo Aforikaborwa gompieno, re na le seemo se se matswakabele koo bogolo jwa lefatshe la temothuo le le humileng le dirisiwang ke bantshakuno ba bogwebi ba basweu. Jaanong go na le dipuo tsa go baamoga lefatshe kwa ntle ga tuelo le go le abela bantsho. Ka ntlha e nngwe go na le lefatshe le le boitshegang mo taolong ya merafe (mo taolong ya pusomerafe), mme bogolo jwa lona ga bo dirisiwe. Go sa ntse gape go na le diketekete tsa diheketara tse di abilweng sešwa go ya ka mananeo a Lefapha la Merero ya Lefatshe. A se ke ka ga mmala wa letlalo la motho? Go ya ka nna, NNYAYA - go nna montshakuno yo o atlegileng wa mojelaganong, molemipotlana kgotsa wa mogwebi ga go tsamaelane ka gope le mmala wa letlalo la gago.
Re itse gore go nna montshakuno yo o atlegileng, o tlhoka kitso le bokgoni, metšhine, mebaraka le matlole a ditsenngwateng tsa ntshokuno. Go fa motho lefatshe Bonolo fela ga go mo dire montshakuno – fa o eme mo karatšheng, ga o koloi! Fa o na le lefatshe, ga o montshakuno. Fa o batla go bidiwa montshakuno, o tshwanetse wa bo o dirisa lefatshe la gago ka botlalo – o ntsha dikuno ka bontsi jo o ka bo kgonang.
Ke tshikinya gore re nee batho botlhe kemonokeng e ba e tlhokang mo lefatsheng le ba setseng ba na le lona, gore karolwana nngwe le nngwe ya lefatshe e ntshetse setšhaba sa rona dijo. Fa lefatshe le lotlhe le ntsha dikuno sentle, ke gona jaanong re ka nnang le go tshwenyega ka dintlha tse dingwe. Lefatshe le botlhokwatlhokwa thata, mme fa o na le lefatshe, o rwala maikarabelo a go le dirisa. Jaaka bantshakuno a re semeleleng mo ntshokunong e e tletseng mme re se itshwenye ka ditshwaelo tse di dirwang ke boradipolotiki ba ba itebeling ba le bosi.
