Jane(Maize) (350 words)								Setswana
Mme Jane a re…
Folio strap: 
Photo: Use a photo of Jane 
Nako le nako re tlhoka go ema le go ipotsa gore re dira eng? Mo go lekeng go bona karabo re tlhoka gape go bua gore ga re dire eng. A re simolole ka se re sa se direng:
Ga re dirise borakonteraka ba basweu go lema masimo a bantsho.
Ga re direle batho temothuo.
Ga re leke go naya batho ditšhono tsa temothuo ba ba ntseng le ditšhono mo malobeng.
Ga re ikoketse marago ka matlapa.
Ga re leke go bona maduo a karata ya BEE mo go ba ba rekang dikuno tse.
Ga re leke go bona maduo a karata ya BEE mo go ba ba tlamelang ka ditsenngwateng.
Re dira eng? Re:
Tlhabololo bantshakuno ba bantsho – bantshakuno ba bantsho ba ba ikemetseng, ba ba itshegeleditseng. 
Katisa bantshakuno ba bantsho go tlhaloganya mabaka a gore ba dira eng, ba se direlang. 
Go rotloetsa bantshakuno go dirisa metswedithuso ya tlhago ka botlalo.
Go bontsha bantshakuno ba bantsho gore ba ka tlhokomela lefatshe le ba le dirisang.
Go thusa batho ba ba se nang gona, go itirela lotseno, le go intshetsa dijo, morafe wa bona le setšhaba sa rona. 
Go ntšhwafatsa sebopego sa temothuo – go tswa go madirelo a a mo thateng ya basweu go ya go le a a nang le kemedi ya ditlhopha tsotlhe tsa setso le semorafe. 
Go thusa batho ba ba nang le lefatshe – lefatshe la morafe kgotsa lefatshe le le hirilweng, kgotsa lefatshe la motho (go le dirisa sentle ka boitshegeletso le poelo).
Leka go dirisana le mafapha otlhe a puso go gokaganya thuso e e newang bantshakuno.
Loga maano gore bantshakuno ba nne le metšhine le didiriso 
Loga maano go fitlhelela dikabo go tswa kwa mafapheng.
Ke swaba thata fa gongwe fa ke utlwa gotwe batho ba “lemela” bantshakuno ba bantsho. Batho bangwe le mekgatlho mengwe, ba dirisetsa lefatshe la bantshakuno go iponela mesola, mme ba bo ba bitsa seo “tlhabololo ya montshakuno”. Fa o le montshakuno wa mosweu o dirisa lefatshe le e leng la montshakuno wa montsho – le hire, le duelele le go amogela gore o hirile lefatshe le go itemela mo go lona. Tsweetswee, se itire yo o thusang bantshakuno.
