Jane(Maize)										Setswana
Mme Jane a re…
Folio strap: 
Photo: Use a photo of Jane 
Mo go Pula mo dingwageng tse dintsi go fitlha jaanong re ntse re tsepamisitse kgopolo mo temothuong le ntshokuno fela, fa gongwe re lebala gore kwa ntle ga molemirui, go ne gotlhelele go ka se nne le ntshokuno le fa e le dijo kgotsa faeba (tlhale). A tota o itse gore o botlhokwa go le kana kang? A o itse gore o fepa setšhaba?
Rotlhe re ikgatolosa go bua ka HIV le AIDS – jaaka e kete ke sekhutso sengwe sa ditšhaba tsa lefatshe. Ga re tsee ope o hutsegile fa a tshwere ke kgatelelo ya madi, kgotsa bolwetse jwa sukiri kgotsa kankere. Ke tumelo ya me e e tletseng gore re tshwanetse go tsaya HIV le Aids jalo. Mogare o o tlhasela thulaganyo ya tshouto (immune) ya gago le go bulela malwetse a mangwe go go bolaya. Dikgang tse di monate ke gore o ka tshela botshelo jo bo fetileng jo bo itekanetseng le fa e bile o na le HIV. 
Re tshwanetse go dira eng?
Itlhatlhobele HIV gore o itse seemo sa gago. “Kitso ke maatla”.
Fa o na le mogare wa HI, bona kalafi ko tleleniking. Se amogele tirelo epe e e bokoa kwa tleliniking efe kana efe mme o netefatse gore fa o tshwanelwa ke go amogela “anti – retro virals” (ARV) (go ya ka palelo ya cd 4 ya gago) o di amogela ka gale le go di nwa jaaka o laetswe. Gajaana ga go na kalafi ya HIV, fela e a laolega, mme o ka tshela botshelo jo bo tletseng jo boleele fa o e laola sentle.
Fa o tlhatlhobetswe HIV le go fitlhelwa e go tshwere, itlhatlhobele le TB. Fa tshouto ya gago e le kwa tlase ka ntlha ya HIV, o na le kgonagalo ya go tshwarwa ke TB. Ke TB e e go tlhokisang keletso ya dijo, e e go dirang gore o gotlhole, e e go dirang gore o latlhegelwe ke mmele. Netefatsa gore fa e le gore o na le TB o bona kalafi, gore otle o fole – TB e a alafesega!
Fa ka fa go le lengwe. O tlhatlhobetswe TB mme wa fitlhelwa e go tshwere gona itlhatlhobele HIV – go a kgonagala gore o ka bo o tshwerwe ke TB ka gore tshouto ya gago e le bokoa.
Ga go tlhokege gore mongwe a swe ka ntlha ya gore a na le mogare wa HI – o tshwanetse go itse seemo sa gago le go bona kalafi. Tsweetswee itlhatlhobe mme fa o na le mogare, bona kalafi. Re lo tlhoka lotlhe! 
