Jane(Maize)									Setswana
Mme Jane a re …
Folio strap: 
Photo: Use a photo of Jane 
A boitumelo jo bo boitshegang go nna karolo ya phanele ya tlhatlhobo ya kgaisano ya Molemirui wa Ngwaga. Go tserwe matsapa a dingwaga go dira lenaneotlhabololo la rona mme go ne go jesa monate go kgona go bona dikemo tsa manontlhotlho tse di fitlheletsweng ke bantshakuno bangwe. Go tlhopha bafitlhelelamakgaolakgang ba bararo go ntse bokete jo bo boitshegang ka mongwe ke mongwe a ne a dirile go tlala seatla!
Le mororo go le gontlentle le go duela go bona tswelelopele ya bantshakuno bangwe, go sa ntse gape go utlwisa pelo botlhoko go lemoga gore batho bangwe tota ga ba dire tswelelopele epe. Ka bomadimabe re sa ntse re fitlhela bantshakuno ba ba sa direng dilo tsa motheo ka tshwanelo – paakanyommu, nontsho, tlhophopeo e e nepagetseng le taolomofero. Fa o sa dire dilo tsa motheo ka nepagalo ga o kitla o nna montshakuno wa mogwebi. 
Gantsi batho ba go bolelela gore ga ba kgone go dira le go latela mekgwatiriso e e nepagetseng ka ntlha ya mabaka a le mmalwa – bangwe ba re ga ba na terekere, bangwe ba baya tshenyegelo ya go reka peo le monontsha molato, fa bangwe ba tshwaya puso phoso. Fa o batla go nna montshakuno yo o siameng, o tshwanetse go loga leano. Re bone dijalo dingwe tse di kgatlhisang tse di jetsweng ka letsogo – setshanyana se sennye sa lefatshe se ka ntsha dijalo tse di gaisang fa o ka baakanya mmu sentle, wa dirisa peo e e nepagetseng le monontsha le go laola mefero. Go botoka thata go jala kgaolo e nnye (e o ka e kgonang) le go dira sengwe le sengwe ka nepagalo, go na le go jala kgaolo e kgolo le go e dira manyanyabea ka ntlha ya lebaka lefe fela. Fela fa o setse o kgona go bereka kgaolo e nnye sentle, ke gona jaanong o ka atolosang kgaolo e o batlang go e bereka. 
Re tshwanetse go gakologelwa gore lenaneotlhabololo le la Grain SA le tlamelwa ka matlole ke diterasete tsa dithoro (bogolosegolo Maize Trust) mme ba ba re tlamelang ka matlole ba rata go bona tswelelopele. Fa go se na tswelelopele e e bonalang mo masimong, re tlaa patelesega go tswala lenaneo le mo dikgaolong tseo. Ammaaruri e tla nna letsatsi le le botlhoko go ka emisa go ema bantshakuno nokeng – fela le gale se, se mo maruding a lona. Fa kemonokeng le katiso tse re di tlhagisang di le mosola mo go lona, lo tlaa tshwanela go diragatsa diphetogo tse di tlhokegang mo mekgwatirisong ya ntshokuno ya lona. Go bokete go nna montshakuno yo o atlegileng, fela moo go mo maruding a lona – re gona go lo naya katiso le kemonokeng yotlhe e re ka e kgonang, fela lo tshwanetse go fetola ditsela tsa lona.
