Jane(Maize)350 words								English
Mme Jane a re…
Folio strap: 
Photo: Use a photo of Jane 
Gautshwane jaana bobegakgang bo bonala bo bega thata ka bosenyi le bonweenwee. Go diragalang ka batho ba rona, dikemo tsa rona le maitsholo a rona? Gongwe re tshwanela go bua ka maitsholo!
Maitsholo a tiro a akaretsa molebo, boitshwaro, tlotlo, tlhaeletsano le tirisano – gore o tsamaisana jang le ba bangwe. Potso e e thata ke gore mo seemong se se siameng le go amogelesega ke eng kgatlhanong le gore ke eng se se phoso le se se gatelelang.
Mo dingwaganyaneng tse di fetileng go ntse le ditlamo le batho bangwe ba maitsholo a bona a tiro a neng a tlhobaetsa le go nna le kamego e e bosula mo bathong ba bangwe. Se se akaretsa go itlhaba ngololo fa ba bangwe ba dira sengwe se se sa amogeleseng. 
Maitsholo a tiro jaaka boikanyego, go dira tiro sentle, go tlotla se motho o se dirang, go nna le boikaelelo jwa maitlhomo le go ikutlwa/ go nna karolo ya ponelopele kgotsa togamaano e e bophara, go botlhokwa. Ga re a tshwanela fela go batla go dira, mme re eletse go dira selo se se tshwanetseng. Maitsholo a tiro a tswa ka fa teng!
Mo temothuong go na le ditšhono tse dintsi tsa go bua maaka le go tsietsa. Akanya ka batho ba ba adimang madi ba bo ba sa a buse morago ga thobo; kgotsa batho ba ba jalang dijalo, ba di rorele kwa mmarakeng ba bo ba dira jaaka e kete ga ba a roba sepe; kgotsa ba ba adimang madi go jala palo e e rileng ya diheketara mme ba bo ba jala go feta (ka jalo ba sa dirise ditsenngwateng tsotlhe mo masimong jaaka go rulagantswe). Batho ba ba sa tlotleng konteraka tsa bona, batho ba ba dirang diipato tsa go re goreng ba sa dire ka natla, batho ba ba rekisang dilo tse e seng tsa bona le batho ba ba rekang dilo tse di utswilweng...se ke lenaneo le le sa feleng.
Fa re batla go aga lephata la temothuo mo nageng ya rona re tshwanela go boela morago kwa dikgopolotheog tse di siameng tsa boikanyego, go dira ka natla, boikgapo le tlotlo. Mongwe le mongwe, go akaretsa le batho ba ba mo mafapheng a puso, o tshwanetse go dira tiro e e tshwanetseng ya letsatsi. E ke yona fela tsela e re tlaa atlegang ka yona fa e le gore re ya go feta tsela e dilo di dirwang ka yona – iphetole wena pele! Nna sekao, o ikanyege. A re boeleng kwa maemong ao re ka buang re sa ipelaele: lefoko la me ke tlotlo ya me!
