Jane(Maize)									Setswana 
Mme Jane a re…
Folio strap: 
Photo: Use a new photo of Jane 
Le mororo go tsewa matsapa a magolo go laola mofero, re bone gore mo setlheng se se metsi se se rileng seno bantshakuno ba bantsi ba kgaratlhile thata go laola mofero. Monongwaga o ntse sekao se se siameng go bontsha bantshakuno gore go dirisa taolomofero ya sekhemikale ke yone fela tsela! Mo makgating a le mantsi masimo a ne a kgobotlega gore bantshakuno ba ka tlhagola mo gare ga mela e bile mo makgating a le mantsi bantshakuno ba fentswe kgatlhanong le mefero.
Ke nako e e siameng go keleka masimo a gago gore o tle o lemoge mathata a o tla thulanang le ona ngwaga o o tlang. Mefero ga e a tshwanela go go tshoganyetsa – e ka nna mefero ya motlhogelaruri e e ka bong e ntse e le teng mo masimong mo ditlheng tse dintsi, kgotsa mefero ya ngwaga o o tlang e ka tswa mo peong ya mefero e e wetseng mo mmung mo setlheng seno.
Ga go ise go nne thari go dira pharologano mo masimong a gago. Gakologelwa tse di latelang:
Se itlhokomolose patsonyana e nnye ya mofero, laola patso eo pele e anama;
Tlhaola mofero gore o kgone go itse mmaba le go kgona go tsaya matsapa go o laola.
O se letlelele ka gope semela sa mofero go dira peo, bontsi jwa mefero ya motlhogelaruri e ka ikatisa ka peo le dikutwana. 
Laola mofero mo ntshokunong ya dijalo ya gale. Gakologelwa go batlisisa ka dibolayatlhatshana tse di kgonegang tse di ka dirisiwang go laola mofero. 
O se letlelele mofero go gola ka phuthologo mo molelwaneng. Tlhase e e maswe e ka tswa teng fa le go anamela mo masimong. 
Netefatsa gore paakanyo ya boalopeo jwa gago e siame, ga go a tshwanela go nna le mofero mo tshimong pele o jala. Se se tlaa fa dijalo sebaka go gola ntle le kgaisano.
Fa metlhogelaruri e le gona, akanya go dirisa mekgwa ya go-sa-lemeng gotlhelele, gore o tle o laole mefero sekhemikale. 
Tlhagola masimo mo go leng mefero ya motlhogelaruri. Tshugommu e ama mefero maswe. (Bona ntlhana ya bosupa fa godimo, mo mabakeng mangwe, taolomofero ya sekhemikale e ka nna tlhopho e e botoka).
Tlhokomela gore o se anamise mefero semotšhine ka go rwalela dinokwana tsa medi, digwete le medithola mo masimong a phepa, ka didiriso tsa semotšhine. Lobelo lwa go fitlha kwa tshimong e nngwe lo ka dira gore batho ba itlhokomolose go phepafatsa didiriso.
Tshwaya dikgaolo tse mefero e e leng mo go tsona mo polaseng ya gago mo letlhabuleng gore o tle o gakologelwe go di laola sentle mo setlheng se se latelang.
Ka lesego ditlhotlhwa tsa dithoro tsotlhe di bonala di tlhatloga – ke solofela ka pelo yotlhe gore le wena o tla tswelela gore wena – montshakuno – o bone poelo morago ga thobo le go rekisa dijalo tsa gago. Gakologelwa gore temothuo ke go feta tsela ya botshelo fela – ke kgwebo mme o tlhoka go tsepamisa matsapa otlhe a gago mo go direng poelo gore o tle o nne montshakuno yo o itshegeleditseng.
