Member (Maize)									Setswana 
Ke ka nna jang tokololo ya Grain SA?
Folio strap: Tlaleletsoboleng
Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Bantshakuno la Grain SA
Motho mongwe le mongwe yo o leng montshakuno wa dithoro, o ka nna tokololo ya Grain SA. Go na le botokololo jo bo farologaneng jwa mokgatlho o, fela jo bo tlwaelegileng thata, ke jwa ditokololo tsa bogwebi jo bo tletseng le ditokololo tsa setlhophathutano.
Dituelo tse di duelelwang botokololo jwa bogwebi jo bo tletseng ke R2 ka tono mo tonong e nngwe le e nngwe e e gorositsweng, ka tuelelo ya bonnye jwa R570 (go tsenyeletsa VAT)
Go na le botokololo jwa setlhophathutano jo bo jang R10 ka tokololo ya setlhophathutano ka ngwaga. Fa go na le batho ba ba ratang go dira setlhophathutano le go nna ditokololo tsa Grain SA, tsweetswee ikgolaganyeng le Motlhankedi wa Tlhabololo yo o gaufi le lona, bao maina le megala ya bona di tlhagelelang mo lemoragong la tsebe ya bofelo ya lokwalodikgannyana lo. Maitlhomo a ditlhophathutano ke go tshwara dipitso gangwe le gape, tse mo go tsona go buisanelwang dintlha tsotlhe tsa ntshokunothoro. Go nna tokololo ya setlhophathutano go raya gape go fitlhelela dikhosokatiso tse dintsi tse di tlhagisiwang ke Grain SA ngwaga otlhe.
Re solofela gore bontsintsi jwa bantshakuno ba ba tlhabologang bo tlaa nna ditokololo tsa bogwebi tse di feleletseng tsa Grain SA ka go duela lekgethwana la bona la R2 ka tono mo tonong nngwe le nngwe e ba e robang. Grain SA e tlhoka botokololo jwa gago gore re tle re kgone go buelela bantshakunothoro botlhe mo Aforikaborwa ka lentswe le le lengwe. 
