Mechanisation (Maize)									Setswana 



Tirisometšhine – matshego a bantshadikuno ba bantsi



Instructions: 

Folio strap: Tirisometšhine 

Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



Fa o ikaelela go nna montshadikuno wa dijalo wa mogwebi, ga go ne go tsaya lobaka go lemoga botlhokwa jwa tirisometšhine – diterekere, ditlamelo le metšhine. Kwa tshimologong, fa o bereka tshimo e potlana, o ka nna wa kgona go e bereka ka mabogo, kgotsa wa dirisa selemi se se gogwang ke diphologolo (ditonki kgotsa dipholo). Fela le gale, fa o simolola go bereka diheketara di le mmalwa o tlaa batla go dirisa metšhine gore o kgone go dira tiro e ntsinyana mo nakong e khutshwane.



Re itemogetse gore bantshadikuno ba bantsi ga ba kgone go tswelela pele e le ka ntlha ya go tlhoka go fitlhelela diterekere le metšhine, tse di lekaneng, kgotsa e le ka ntlha ya seemo se se bokoa sa dilwana tse. Terekere ga e na mosola ope mo montshadikunong fa e sa kgone go dira – le fa e ka nna ka lebaka lefe fela.



Tshekatsheko ya metšhine



Fa o na le ditlamelo, kgotsa o loga leano la go reka ditlamelo, o tlaa tshwanelwa ke go dira tshekatsheko mo ditlamelong tse di latelang:



Diterekere 

Go sekaseka terekere, sekaseka boleng jwa tse di latelang:

Tlhola dilekanyo tsa oli le metsi.

Batla rekoto ya tirelothulo ya terekere.

Leba maemo a dithaere.

Tlhola ditutlo tsa oli – di se ka tsa nna gona.

Dumisa terekere mme o reetse enjene.

Tsamayanyana o tlhole go dira ga tlelatšhe le dikere.

Huku le ditlamelo mme o tlhole dithulaganyo tsa dikuki (lifts) le haeteroleki.

A PTO e a dira?

A dilekanyetsi (gauges) le diponetsiboso tsotlhe di dira sentle?

Goga sediriso, o bone gore a terekere e na le maatla.



Terekere 
 
Mmotlolo (sekao)
 
kW
 
Maemo (a terekere e mo maemong a go dira – fa go se jalo tlhalosa bothata mme fa go kgonega lekanyetsa ditshenyegelo tsa paakanyo) 
 
Boleng
 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 


Dipolantere 

Tlhomamisa mofuta wa mekhenisime wa polantere – a ke polantere ya dipolata, polantere ya mowa kgotsa mekheniseme wa monwana?

Polantere e jala mela e le kae?

Haka polantere mo terekereng. Tshela peo le monontsha mo dikgamelong tsa polantere. Tsamaisa terekere sekgala sa dimmitara di ka nna lesome, mme o tlhole gore a mela yotlhe e a bereka. Fa peo/monontsha di sa tswelelele sentle jaaka go batlega, tlhola dikarolo tse di tsamayang ka kelotlhoko go bona bothata.

Tlhomamisa gore a polantere e na le dipolata tsa tlaleletso (fa e le polantere ya dipolata).





Polantere 
 
Mofuta 
 
Bogolo/palo ya mela 
 
Maemo (tlhalosa)
 
Sekgala magareng ga mela 
 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 


Dikgatshi tsa “boom”

Pele o haka sekgatshi, tlhola selekanyo sa oli mo pompong.

Haka sekgatshi mme o se gokelele mo PTO. Gokaganya sekgatshi, mme o bone gore a dinosele tsotlhe di a kgatsha.

Tlhola kgatelelo.

Fa go na le mathata, netefatsa gore bothata ke eng – a ke pompo, feletara kgotsa dinosele?

Fa sekgatshi se se mo kemong ya go dira a se ka baakanyega?



Sekgatshi 
 
Mofuta 
 
Bogolo / Palo ya dinosele
 
Maemo (tlhalosa)
 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 


Didiriso le tlamelo

Tlhatlhoba foreime – a e konegile kgotsa phanyegile? Tlhola mabadi a togetso (welding)

Tlhatlhoba diboutu le digokedi tsotlhe.

Tlhatlhoba dikarolo tse di tsenang mo mmung (dikara le didiseke) – a di tlhoka go emisediwa 

(fetolwa)?

Tlhatlhoba dipeipe le dipompo tsa haeteroleki – a di mo kemong ya go dira e e siameng kwa ntle ga go dutla?

Tlhatlhoba maotwana a go di rwala – tlhola kgatelelo ya dithaere.

Tlhola dibering tsa sediriso – a sengwe le sengwe se logeditswe le mo maemong a a siameng a tiriso?



Didiriso 
 
Mofuta 
 
Bogolo
 
Maemo (tlhalosa)
 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 

 


Netefatsa gore o dira tshekatseko e e tseneletseng mo diterekereng le ditlamelo tsotlhe gore o tle o se ke wa leka go bereka masimo a magolo go feta ka moo didiriso tsa gago di ka go letlang. Go botoka go dira poelo mo palong e potlana ya diheketara go na le go bona tatlhegelo mo palong e ntsi ya diheketara. Bereka fela bogolo jwa masimo a o ka kgonang go a bereka sentle.

