Mechanisation (Maize) 							Setswana 

Tsamaiso ya tirisometšhine – ke maikarabelo a ga mang?



Instructions: 

Folio strap: Tirisometšhine 

Byline: Willie Kotzé, moitseanape: Katiso le tlhabololo, wa Lenaneotlhabololo la Balemirui la Grain SA



O ka tswa o le lesego la go bo o amogetse diterekere le didiriso go tswa go Lefapha la Temothuo, kgotsa go tswa mekgatlhong mengwe fela. Go ka diragala gore o bo o sa newa didiriso tse e leng tsa gago ka sebele, mme e le gore go tlhokega gore o di arogane le bantshadikuno ba bangwe ba le mmalwa. Se se bokete tota. Gakologelwa le gale gore, o lesego go gaisa ba bantsi ba ba sa kgoneng go fitlhelela diterekere le didiriso gotlhelele.



Tirisometšhine ke lesego le legolo, fela e tlhoka tsamaiso. Go maikarabelo a magolo thata a a tshwanelwang go rwalwa ke mongwe le mongwe yo o amegang mo tirisong ya yona. Mekgwatiriso ya tsamaiso e e maikarabelo e tshwanela go buisanelwa mme jaanong go tsewe ditshwetso jaaka setlhopha – lo tshwanela go dumelana ka tsela e sengwe le sengwe se dirwang ka yona, mme lo tshwanela go netefatsa gore mongwe le mongwe mo setlhopheng o dumelana le ntlha nngwe le nngwe gore lo kgone go diragatsa ditshwetso moragonyana.



Dibakokgotlhang tse di kgonegang

Go na le dikabokgotlhang tse di kgonegang di le mmalwa mabapi le tiriso ya diterekere le didiriso tsa morafe, tsona di a latela:

A batho ba tshwanela go duelela go dirisa didiriso, fa go le jalo go reng?

Batho ba duela mo go mang go dirisa didiriso?

Fa ba tshwanela go duela, tuelo e tlaa balelelwa jang – ka ura kgotsa ka heketara?

Batho ba bantsi ba batla go dirisa sediriso ka letsatsi le le lengwe/le le tshwanang.

Montshadikuno a le mongwe o na le masimo a le mantsi mme o batla go bereka masimo otlhe a gagwe ka gangwe – fa e le gore bantshadikuno ba bangwe ba na fela le tshimonyana e le nngwe. Go ka berekwa diheketara di le kae ka motho?

Bantshadikuno ba tlaa tsaya disele kae? A mongwe le mongwe a reke modutonyana o o tletseng disele mo karatšheng ya selegae, a kampo setlhopha se tlaa nna le tanka e kgolo e mongwe le mongwe a ka pompang disele mo go yona?

Fa disele e ka rekwa ka bontsi, ke mang yo o ka tlhokomelang tiriso ya yona? Ke mang yo o tlaa rwalang maikarabelo?

A disele e tlaa rekwa le go rekisiwa ka tlhotlhwa e e tshwanang, kgotsa setlhopha se tlaa dira poelo e nnye, e e ka diresediwang go duelela dingwe tsa ditshenyegelo tsa tlamelo?

Fa sengwe se robega mo terekereng, ke mang a rwalang maikarabelo a dipaakanyo?

Morago ga go dirisa terekere, a e busiwa ka tanka e tletse disele?

Bakgweetsi ba terekere – a e ka kgweediwa ke mongwe le mongwe, kampo e nne le mokgweetsi yo o supilweng, kgotsa bogolo e nne mongwe yo o nang le laesense ya go kgweetsa terekere?

Sediriso se tota se abetswe mang?

A “beng” ba itshupile ka maina (k.g.r a sediriso se se ya go dirisiwa fela ke setlhotshwana se se lekanyeditsweng sa batho, kgotsa a se ka dirisiwa ke mongwe le mongwe go tswa morafeng otlhelele?)

Maitlhomo a motheo a sediriso se ke afe? (A ke go bereka masimo kgotsa a gape se ka dirisiwa jaaka sepalangwa?)

Sediriso se tlaa bolokwa kae – kwa bosireletsegong jo bo fa gare kgotsa magaeng a a farologaneng?

Diterekere di tlaa baakanngwa kae?

Ke mang a tlaa tsholang rekoto ya gore diterekere di tlaa baakanngwa leng?



Maikarabelo a mong/beng

A beng ba itse maikarabelo a bona mabapi le tiriso ya didiriso?

A go na le dithulaganyo ka ga tiriso ya sediriso?

A go na le melao le melawana mabapi le gore:

Ke mang a ka dirisang sediriso le gona leng?

Ke mang a ka dirisang (operate) sediriso?

Dipusetso tsa ditshenyegelo?

Dipaakanyo le dithulo?

Katiso ya badirisi (operators)?

Dikgato tsa pabalesego?

Kemisetso ya diterekere le didiriso ka tse dingwe?

Inšorense ya diterekere le didiriso?

Tshekatshekoseemo ya didiriso?

Konteraka le badirisi (operators) (fa motho a duelelwa go kgweetsa, j.j)?

Konteraka le mong wa lefatshe – go tshwanetse go dirwe eng, le gona ka seemo sefe?

Dinako tsa mananeotiro?

Dithulaganyo mabapi le khaliboreišene ya dikgatshi le dipolantere?

Tsamaiso morago ga tiro nngwe le nngwe – sekao, morago ga kgatsho ya masimo, go tshwanetse go tsholwe rekoto gore go dirisitswe dikhemikale dife?

Tlamelo le tuelelo ya disele?



Bakgweetsi 

Ke mang a tshwanelang go kgweetsa terekere? (ke mang a ka kopiwang go kgweetsa terekere?)

A go na le katiso nngwe e e tshwanelwang go tsenelwa ke bakgweetsi?

Ke mang yo o tla katisang mokgweetsi mabapi le tiriso ya terekere jaaka e laelwa mo kaeding ya mokgweetsi?

Ke mang a rwalang maikarabelo a tsamaiso ya bakgweetsi?

A terekere nngwe le nngwe e na le mokgweetsi a le mongwe fela, kampo batho ba ba farologaneng ba kgweetsa terekere ka dinako tse di farologaneng?

Fa go na le go feta mokgweetsi a le mongwe, ke mang a rwesiwang maikarabelo a terekere?

Ke mang a rwalang maikarabelo a go tšheka terekere moso mongwe le mongwe pele e ya masimong?

Ke mang a tshwanetseng go netefatsa gore maemo a terekere a letsatsi le letsatsi a mo seemong se se eletsegang?

A go na le didiriso mme a go na le ditshiamelo tsa go phepafatsa diterekere le didiriso?

Mathata fa a le teng a begwa mo go mang?

Ke dithulaganyo dife tse di ka latelwang go thula diphoso?

