Measurements (OPOT)						Setswana



PEO LE MONONTSHA – GAKOLOGELWA GO META!



Instructions:

Folio Strap:

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Khososng ya Bokonteraka ya Temothuo

Photos: 

Sekarapore

 Finger

 Polata

 Kgamelo ya monontsha

 Tsamao ya monontsha 

 Sekgweetso

 Sefetlho kgotsa sekurufu

 Molomo wa go ntsha monontsha

 Tšhupukaelo

 Kgamelo ya peo

 Kgoro ya sluice

 Setlhotlheletsi

 Diseke e e dikologang

 Leotwananaledi

 Leotwana le le kgethegileng go tsamaisa thulaganyo ya go meta

 Maotwanakgatelelo a a dirisediwang go tsamaisa maotwana



Dimekheniseme tsa go meta tsa motheo tsa peo le monontsha



Go meta peo – polantere ya dipolata

Mekgwa e e farologaneng e mentsi ya go meta peo e dirisiwa go netefatsa katoganyo ya peo e e nepagetseng. Sediriso se se tlwaelegileng ke polata le mofuta wa diphatlhana (e bontshiwa fa tlase).



Diseke e e metang e na le leseka (ring) la diphatlhana, nngwe le nngwe ka bogolo jo bo lekaneng fela go amogela tlhaka ya peo e le nngwe ka nako e le nngwe. Fa diseke e dikologa e relela mo godimo ga polata ya motheo, e e nang le phatlhana e le nngwe fela. Karolo ya diseke e khurumeditswe mme sekhurumetsi se se na le sekarapore se se gogolang peo efe kampo efe e e feteletseng e e sa ntseng e le mo godimo ga peo e e mo phatlhaneng, fa diseke e ntse e dikologa. Gape ka fa gare ga sekhurumetsi go na le monwana o o rweleng seporeng, o o relelang mo godimo ga diseke go kgorometsa go tswa mo phatlheng fa peo e feta mo godimo ga molongwana o o mo polateng ya motheo fa tlase ga diseke. Popego le bogolo jwa diphatlhana tsa diseke di botlhokwa go netefatsa gore ke peo e le nngwe fela e e tlaa tsenang mo phatlhaneng le go thibela peo go tlamela fa e tshwanetse go wela kwa ntle.



Go meta peo – polantere ya mowa

Go na le mefuta e mebedi ya dipolantere tsa mowa – e nngwe e na le kgatelelo e e sa siamang (negative) (e e budulelang peo le go e pateletsa go tsena mo phatlhaneng) fa e nngwe e na le kgatelelo e e siameng (positive). Ka dimekheniseme tse bogolo jwa peo ga bo botlhokwa go le kalo, jaaka mo polantereng tsa mowa – bololea bo tsuntsunyetsa peo e le nngwe go tsena mo phatlheng, go sa kgathalasege bogolo jwa peo. Bokanakang jwa peo jo bo jalwang bo ikaegile ka lebelo la polata e e dikologang.



Go meta monontsha

Go meta ka sefetlho (auger)

Sediriso sa go meta se se tlwaelegileng thata ke mofuta wa sefetlho kgotsa sekurufu. Sefetlho se ntse mo botlaseng jwa kgamelo ya monontsha. Gantsi sefetlho se dikolosiwa ke kgweetso ya tšheine go tswa leotwanakgweetsong la mo mmung. Fa se dikologa, monontsha o tshwara mo difulutung tsa sefetlho le go gogolelwa go ya bokhutlong jwa molongwana wa kgamelo ya monontsha.



Tsela e yosi ya go setela go meta ke go fetola diseporokete tsa tšheine magareng ga leotwanakgweetso la sefetlho.



Go meta ka diseke 

Sediriso sa go meta ka diseke se tlwaelegile thata mo dipolantereng tse di sa reng sepe tsa ditshenyegelo tse di kwa tlase. Diseke ya go meta ga se sediriso sa go meta se se siameng jaaka sefetlho. Bontsi jwa nako monontsha o elela go tswa mo kgamelong ya monontsha fela e thusiwa ke go dikologa ga diseke. Setlhotlheletsi ke popotlo mo godimo ga diseke mme e dira go fuduwa monontsha le go o thusa go ya kwa molongwaneng.



Tshetelo ya mofuta mongwe e ka fitlhelelwa ka go setela phatlha ya dikgoro tsa “sluice”



Go meta ga leotwananaledi

Sediriso sa go meta ka leotwananaledi le sona ke thulaganyo ya go meta e e siameng (positive).



Leotwananaledi le tlhomilwe ka fa gare ga kgamelo ka tsela e e leng gore menwana e dikologa ka fa ntle ga kgamelo.



Ka fa gare ga kgamelo monontsha o tshwarega magareng ga menwana ya leotwana, mme fa le ntse le dikologa menontsha e gopiwa go tswa mo kgamelong go wela mo tšhupung ya kaelo.



Go meta ka leotwananaledi go ka setelwa ka ditsela di le tharo:

Fetola diseporokete ka tšheinekgweetso go dira leotwana go dikologa ka bonako kgotsa bonya.

Fetola leotwananaledi ka le lengwe le le nang le menwana e meleele kgotsa mekhutshwane.

Maotwananaledi mangwe a ka tswa a na le “sluice gate” jaaka yunite ya go meta ya diseke. Go bula “sluice gate” go tlaa ntsha monontsha o montsi thata.



Go tsamaisa thulaganyo ya go meta

Ka re bone dikarolowana tsa polantere, gammogo le metheo ya thulaganyo ya go meta ya peo le monontsha – potso ke gore dikarolo tsotlhe tse di dikologa jang? 

Thulaganyo ya go meta gale e kgweediwa ke go tswa leotwaneng la tshegetso mo polantereng. Maotwanakgatelelo fa gongwe a dirisiwa jaaka maotwanakgweetso le maotwana a tshegetso. Fa gongwe go dirisiwa leotwana le le gokeletsweng mo polantereng. Leotwana le le ka tswa le le bokete jo bo lekaneng go bona kgogo e e lekaneng, kgotsa le gatelelwa kwa tlase ka seporeng. 



Makwapa a a kgethegileng a sa ntse a dirisiwa go netefatsa gore leotwana ga le relele thata. Lebelo la go dikologa la leotwana kgweetso le ikaegile ka lebelo la fa fatshe la terekere – fa terekere e taboga ka bonako, leotwanakgweetso le lona le tlaa dikologa ka bonako. Thulaganyo ya dikere, diseporokete le ditšheine e a dirisiwa go tlhoma lebelo la medikologo ya dimekheniseme tsa peo, mme thulaganyo e nngwe ya dikere, diseporokete le ditšheine e dirisiwa go tlhoma lebelo la medikologo ya mekheniseme wa monontsha.



Ela tlhoko gore mefuta e e farologaneng ya dipolantere e na le dimekheniseme tse di farologaneng – sekao, dingwe di na le matsogwana a a ka setelwang go ka bula go tlhotlheletsa kelelo ya peo le monontsha.



Go tlhotlheletsa lebelo la dimekheniseme go dirisiwa dirašio tsa kere – se ke kgopolotheo ya botlhokwa e e tlhokang go tlhaloganngwa thata.



