Measure								Tswana

Go lekanya ke go itse!



Instructions: 

Folio strap: Tsamaiso

Byline: Jane McPherson, Motsamaisilenaneo wa Lenaneotlhabololo la Grain SA



Bogologolotala pele temothuo e nna kgwebo ya seemo sa kgwebo se se kwa godimo, balemirui ba ne ba sa tshwenyegele go lekanya jalojalo.



Ba ne ba dirisa motshetelo mo masimong a bona – go ya fela ka gore ba na le o o kana kang, kgotsa gore ba ka kgona go gasa o o kana kang pele ga nako ya go lema. Ba ne ba dirisa diruiwa go goga mogoma – o tsena boteng joo pitse, tonki kgotsa pholo e ka bo kgonang. Ba ne ba gasa peo ka letsogo go tswa mo kgetsaneng e e kaleditsweng mo lotlhakoreng – gammogo le ka moo letsogo le neng le ka kgona go gasa peo ka teng. Ba ne ba tlhagola ka mabogo, ba laola disenyi ka tsela e ba ka e kgonang le go roba ka mabogo – kwa ntle ga go itse gore tota ba ne ba jetse diheketara tse kae, e bile ba sa itse le gore ba robile dithoro tse di kana kang. Sotlhe se ba neng ba se itse fela e ne e le gore a thobo e ba e robileng e tlaa kgona go fepa balelapa le loruo mo ngwageng o o tlang kgotsa nnyaya. Banna! Dilo di fetogile jang ne!



Gompieno re tlhoka go lekanya – fa re lekanya le go balela thata gona re kgona go nepa po! E bile ke gona re tlaa kgonang go laola seemo mo tirong ya temothuo thata. Mo kgannyaneng e, re tlaa bua ka ga dilo dingwe tse rona jaaka balemirui re tlhokang go di lekanya.



Tshimo

Re tlhoka go itse bogolo jwa masimo a re yang go a jala. Dipalelo tsotlhe tsa methamo ya maatla a terekere, disele, peo, monontsha le dikhemikale tse re tlaa di dirisang mo setlheng seno, di ikaegile ka bogolo jwa tshimo.



Mmu

Mebu e farologana thata, ka boteng jo bo kgonagalang le ka pharologantsho. Re tlhoka go itse mofuta le boteng jwa mmu o re yang go o lema wa tshimo nngwe le nngwe – o se ke wa bo wa akanya gore mebu ya gago yotlhe e a tshwana! Mofuta le boteng jwa mmu di na le seabe se segolo mo tseoditshwetsong ya gore ke sejalo sefe se se tshwanetseng go jalwa – dijalo dingwe ga di ka ke tsa jalwa mo mebung e e lopapadia. Fa o ka tshokane o ntse le mebu e e lopapadia, seo ga se matlhotlhapelo – go raya fela gore o tlaa tshwanelwa ke go swetsa gore ke dijalo dife tse o ka di jalang ka poelo mo mmung oo (kgotsa ka ntlha e nngwe, mafulo a o tshwanetseng go a jala go dirisa mebu e e humanegileng e ka poelo).



Seemo sa dikotla le PH ya mmu

Dimela tsotlhe di monyela dikotla go tswa mo mmung gore di gole le go tswelela. Dintlha dingwe jaaka pula le metsi a a tsamayang mo teng ga mmu di na le tshusumetso mo go nneng teng ga dikotla mo mmung. Ka go tsaya dikaommu, molemi o kgona go lekanyetsa seemo sa dikotla mo mmung gammogo le PH ya mmu (se ke selekano sa botlha mo mmung). Fa mmu o le botlha thata, le e bile dikotla di ka nna teng mo mmung oo, dimela ga di ka ke tsa di fitlhelela. Kwa ntle ga go itse seemo sa mmu, ga re kitla re kgona go balela mofuta le selekano sa monontsha o o batlegang go ntsha dijalo.



Dithemphereitšha

Dijalo tsotlhe di na le dilekanyetso tsa dithemphereitšha dingwe tse di ka di emelang. Re tlhoka go itse minimamo le makesimamo wa dithemphereitšha tse re ka di solofelang mo ngwageng otlhe, le gore serame sa ntlha se solofetswe leng. Fela fa re na le tshedimosetso e, re tlaa kgona go akanya gore ke sejalo sefe se re tlaa se jalang, mofutapeo o o tshwanetseng dithemphereitšha tsa rona gammogo le boleele jwa setlhakgolo sa rona. (Gakologelwa gore setlhakgolo ke nako ya go tswa jalong ya sejalo go fitlhelela se butswa – letlha la tsholofelo ya serame sa ntlha mo kgaolong ke lona le le tlhomang boleele jwa setlhakgolo).



Pula

Go botlhokwa thata go itse gore pula e e nang ka ngwaga mo kgaolong ya gaeno e kana kang le gore dipaka tsa komelelo di ka solofelwa leng. Re itse rotlhe gore ga re laole gore pula e ne leng, fela re ka dirisa palogare ya dipalopalo go dira ditogamaano. Malatsing ano, diponelopele tsa maemo a loapi di nepagetse e bile bontsi jwa makhubu a komelelo le bometsi, di bonelwa pele dikgwedi tse dintsi go sale gale – dirisa tshedimosetso e ka tshwanelo. Go lekanya pula ga go thata (dilekanyi tsa polasetiki di teng mme di tshwanetse go anamisiwa le polase ya gago). Morago ga pula nngwe le nngwe o ka lekanya gore e nele bokae mme wa kwala. Mmililitara mongwe le mongwe wa pula e e nang o tsena mo mmung mme o kolobise mmu go le gonnye fela – o tlhoka go lekanya pula gore o tle o itse tota gore mmu o kolobisitswe go le kae.



Palopalo ya dimela

Go botlhokwa go fetisisa gore o jale palo e e nepagetseng ya peo ka heketara gore o tle o kgone go fitlhelela palo ya dimela e e eletsegang ka heketara. Palo ya dimela e e eletsegang ka heketara e farologana go ya ka kgaolo nngwe le nngwe tota le go ya ka mebu e e farologaneng mo kgaolong e e tshwanang. Lebaka la botlhokwa jwa palopalo ya dimela ke gore semela sengwe le sengwe se tlhoka selekano se se rileng sa metsi le dikotla go kgona go gola ka botlalo – fa go le dimela di le mmalwa fela semela sengwe le sengwe ga se ka ke sa ntsha go lekane go bona thobo e e elediwang, mme fa go na le dimela tse dintsi di gaisanela metsi le dikotla mme le teng ga die kitta di ntsha thobo e e elediwang. Molemi o tshwanetse go itse gore bopharamola ke bokae le gore peo e katologane sekgala se se kae mo moleng – se ke ntlha e e masisi mo ntshodikunong ya dithoro.



Kelo ya nontsho

Dimela di thoka dikotla go gola le go dira dithoro. Selekano sa dikotla tse di batlegang se tlhomiwa ke thobo e e akantsweng. (thobo e e kgonegang e molemi o e ikaeletseng mo tshimong eo ka semela se se kg ethegileng seo). Dipholo tsa sekaommu se di tlaa neela seemo sa gajaana sa dikotla mo mmung, mme selekano sa dikotta se se tlhokang go tlalelediwa, go ya ka dipholo tse, se tlaa balelwa. Monontsha o botlhokwa thata, mo ntshodikunong ya dijalo, fela gape e turu thata se se dirang gore go nne botlhokwa ga balela ka nepo selekano sa monontsha se se tlhokegang le go tshela ka nepo sona selekano seo.



Tshelo ya dikhemikale (dibolayadisenyi le dbolayatlhatsama)

Eno ke karolo nngwe eo mo go yona go lekanya go leng botlhokwa thata. Dikhemikale tsotlhe tse di tla le katlanegiso ya kelotshelo. Se se balelwa ka kelotlhoko e tona go netefatsa gore molemi o atlega mo maitlhomong a kgatsho kwa ntle ga go senya dijalo kgotsa tikologo. Kelotshelo ya dikhemikale gantsi e akaretsa selekano sa metsi se se tshwanetseng go dirisiwa ka heketara – sekao: litara e le 1 ya khemikale mo dilitareng tse 250 tsa metsi ka heketara (se le sona ke selekanyo se se botlhokwa). Dikhemikale tse di dirisiwang mo ntshodikunong ya dijalo di kotsi le go tura, ka jalo go botlhokwa thata gore di dirisiwe jaaka go atlanegisiwa (Khaliboreišene ya sekgatshi ke kgokedi ya botlhokwa nngwe mo moleng wa ntshodikuno ya dijalo).



Go lekanya thobo

Morago ga go dira ka thata go go kana o fillheletse thobo e e kae mo heketareng nngwe le nngwe? Go na le matsapa a magolo thata a a tseelwang ntshodikuno ya dijalo mme kwa bofelong, go botlhokwa go itse gore totatota o atlegile go le kana kang. O simolotse ka mmu – o bo o o suga, o bo o swetsa gore o ya go jalang, o ya go dirisa mofutapeo ofe, o ya go tshela selekano sa monontsha se se kana kang, o ya go dirisa dikhemikale dife le gona selekano se se kana kang, o ya go dirisa dikhemikale dife le gona selekano se se kae sa nngwe le nngwe – tsotlhe tse di tsere nako, matsapa le madi a man. Jaanong go setse go roba sejalo le go se rekisa – o tlhoka go balela gore tono nngwe le nngwe e go jele bokae go e ntsha le lotseno lo o lo boneng mo go yona gore o tle o kgone go bona gore a o dueletswe matsapa agago kgotsa nnyaya.



Mo lenaneong la rona la Tlhabololo ya Molemirui, re kopana le balemi ba le mmalwa ba ba sa netefatseng bogolo jwa masimo a ba a jalang, mofuta le boteng jwa mmu, seemo sa dikotla tsa mmu, monontsha o ba rulaganyang go o dirisa, palopalo e ba e eletsang ya dimela kgotsa selekano sa dikhemikale tse ba rulaganyang go di kgatsha. Balemi ba tlhoka go lekanya – lekanya tshimo, mmu, dikotla, pula, dithemphereitšha, palopalo ya dimela, kelonontsho, trelo ya dibolayatlhatshana le diboladisenyi le thobo. Ka tsela e, o tlaa bo o le mo tseleng e e siameng ya go nna molemi wa mogwebi.

