Marketing									Tswana

Go rekisa go bona tlhotlhwa e e gaisang



Instructions:

Folio Strap: Thekisommidi

Byline: E baakantswe go tswa khosong ya botsamaisi ya kgwebo ya temothuo ke Jane McPherson 



Gantsi go botoka go nna le mmaraka wa dijalo tsa gago pele o jala, fela le gale go batho ba le bantsi ba ba jalang pele, ka tsholofelo ya gore ba tlaa bona tlhotlhwa e e siameng fela fa dijalo di setse di ntshitswe. Ka nako e go botlhokwa go nna le leano la go rekisa dijalo ka nonofo ka fa go kgonegang ka teng gore o tle o bone madi a mantsi ka fa go kgonegang mo dikunong tsa gago.



Tlhamoleano ya thekiso e tshwanetse go dirwa mmogo le tlhamoleano ya tiragatso ya ntshodikuno. Kgono ya thekiso ya montshadikuno e botlhokwa fela jaaka dikgono tse di tlhokegang go ntsha kuno. Go oketsa dikgonothekiso tsa gago, go tshwanetse go tlhangwe maikutlo a a utlwalang le a a atlegileng mo thekisong, togamaano ya thekiso e e dirisiwang ke molemi ka sebele sa gagwe, kgotsa setlamo sa temothuo, ke karolo ya phakeji ya tsamaisomathata yotlhe e e dirisitsweng go netefatsa phalolo ya sematlole mo pakeng e telele. Temothuo e lebane le mefutafutaya dipelaelo le mathata a mantsi. Dipelaelo mo ditlhotlhweng di ketefatsa tlhamoleano fela e e dira batlhokwa, mme leanothekiso le thusa montshadikuno go fokotsa, mathata a ditlhotlhwa fela e seng go a fedisa.



Maikutlo a gago mo go akanyetseng mathata a tlaa nna le tshusumetso mo mokgweng o o tlaa tsayang ditshwetso tsa thekiso tsa gago ka ona. Dingwaga tse dintsi tse di fetileng fa go ne go sa ntse go na le thulaganyo ya thekiso e e laolwang, balemi ba le bantsi ba ne ba ngongorega gore ga ba dire dipoelo ka ditlhotlhwa tse di tlhomilweng. Jaanong ka gore thekiso e e laolwang e fedisitswe mme thekiso e le ya mmaraka o o gololesegileng, balemi ba bantsi ba ngongoregela gore ga ba kgone go laola mebaraka. Thulaganyo ya thekiso efe kampo efe, e tla ka setlhopha sa dikgwetlho mme go botlhokwa go tlamparela ditšhono tse di tlhagisiwang.



Go dira diphoso ke karolo ya botshelo - ga go fose kota go fosa motho - go dira diphoso tsa temothuo ke karolo ya temothuo. Fela le gale fa re tswelela go boeletsa diphoso di le dingwe gona ga re tswelele pele, re tshwanetse ra bo re dira diphoso di le mmalwa le gona e le diphoso tse dintšhwa gore re kgone go tswelela pele.



Tshekatsheko ya ditiro tsa thekiso e e fetileng

A o ne o kgotsofetse ka ditlhotlhwa tse o di boneng mo nakong e e fetileng?

Ke ditiro dife tsa thekiso tse di dirileng sentle?

O akanya gore ke eng se se dirileng gore togamaano e o e diragaditseng e dire sentle?

O fitlheletse ditlhotlhwa dife tsa tota go tshwantshanya le ditekanyetsoboleng tse di kwa tlasetlase kgotsa, godimogodimo tsa selegae le pologare ya bošetshaba?

Ke ditiro dife tsa thekiso tse di sa dirang sentle?

Go reng dingwe tsa ditogamaano tsa thekiso tsa gago di sa dira sentle?

Maitlhomo a kgwebo a gago ke eng mo dikgweding tse di lesomepedi tse di latelang le mo dingwageng tse tlhano tse di tlang - maitlhomo a a tlaa ama jang leanothekiso?



Kgwebo ya me ya temothuo e dira jang?

O tlhoka go tsaya temothuo jaaka kgwebo, mme gangwe le gape go tlhokega go:

Sekaseka sešwa seemo sa matlole sa kgwebo yotlhelele ya gago.

Go patelesega gore direkoto tsa tiragatso le matlole tsa ngogola, go akaretsa le peotshenyegelo ya dijalo yotlhe, ditshupalotseno, tseno ya madi a seatleng le dibuka tsa matlole, di fediwe kgotsa di lolamisiwe 

Ditshupalotseno tse di akanyeditseng, go tsena ga madi a a seatleng le dibuka tsa matlole gammogo le peotshenyegelo ya kanoko yotlhelele, di ka baakanyediwa go supa ka nepo ditshwaetso tsa diponalo tsa ditlhotlhwa tsa mmidi tse di farologaneng mo kgwebong.

Go tsena ga madi a a seatleng go go sa lekanang ka dinako tse di farologaneng tsa ngwaga, go tlaa thusa go tlhagisa gore ke leano la thekiso le le gaisang lefe le le ka latelwang.

Ntshodikuno ya tiragatso, inšorense le tlhamoleano ya thekiso di tsamaya mmogo le tlhamoleano ya matlole.



Go tlhomamisa maitlhomo a peotlhotlhwa

Fa o sa itse gore dijalo tsa gago di go jetse bokae, go bokete go itse gore o tlhoka go bona bokae ka tono gore o tle o bone poelo. Akanya ka tse di latelang:



Balela ditshenyegelo tsotlhelele tsa ntshodikuno ka heketara le ka tono e e ntshitsweng.

Tsaya tsia ditshenyegelo tsa tlhamalalo - peo, monontsha, disele, dibolayatlhatshana, dibolayasenyi, badiri ba nakwana le inšorense ya dijalo.

Balela karolo ya ditshenyegelo tse di sa fetogeng (fixed) tse sejalo sa mmidi se tshwanelang go di rwala go tlhoma tlhotlhwa e e lekalekanang ya dipoelo/ditatlhegelo le poelo e e tlhokang go bonwa mo mmarakeng. Ditshenyegelo tse di sa fetogeng di akaretsa rente, tsalo (interest), badiri ba leruri, motlakase (ditshenyegelo tsotlhe tse di tswelelang o jetse le o sa jala dijalo).

Tlhotlhwatekatekano (breakeven) e tlhalosiwa jaaka tlhotlhwa eo mo go yona ditshenyegelo tsa tlhamalalo le tse di sa fetogeng tse di lekalekanang, di akareditsweng go fitlhelela poelo gotlhelele ya lefela (zero net profit).

Ntshodikuno ya mmidi gantsi ke karolo ya thulaganyo ya ntshodikuno leruo mo polaseng e e rileng. Ntshodikuno ya loruo ya phudiso kgotsa ya phepo, kgotsa tshilo le tlhakanyo ya mmidi go dira direšene tsa phepo, e ka nna tsona maatlatsweletso a ntshodikuno ya mmidi. Mmidi gape e ka nna sejalotlhobaelo se se ka dirisiwang mo leanothefosanong la dijalo la pakatelele mo polaseng. Ka jalo go botlhokwa go gopola dintlha tsotlhe tse fa o dira palelo ya tlhotlhwa ya minimamo - gopola go lekanyetsa boleng jwa mesola e mengwe mo go ntsheng dijalo.

O mo kgwebong mme fa o tshwanela go sala o le mo kgwebong o tshwanetse go dira poelo mo tirong nngwe le nngwe mo polaseng.



Go nna molemi wa dijalo go bokete mme go dintlha di le mmalwa tse di tshwanelang go tsewa tsia ka tshwetso nngwe le nngwe. Fa o tlogetse thekiso ya gago e bile o sa netefatse gore o direng, etela kgwebo ya temothuo ya gago e e gaufi, kgotsa bagwebi ba dithoro le go bona kgakololo ka fa go ka kgonegang ka teng. Le e bile motho a tshwanela go nna bori ka kgakololo, go sa ntse go na le batho ba ba siameng ba ba ikanyegang ba ba ka go thusang – ba batle o tla ba bona.



