March (Maize)										Setswana 
Nako ya tshemelelo mo karolong ya loruo ya gago e go letile 
Instructions:
Folio strap: Tlaleletsoboleng
Byline: Jane McPherson, motsamaisalenaneo wa Lenaneotlhabololo la Bantshakuno la Grain SA 
Mopitlwe, ke nako e e didimetseng mabapi le ntshokuno ya mmidi, fela ke nako ya tshemelelo mo montshakunong yo o atlegileng. Mo montshakunong wa mmidi setlha sa selemo sa lethuuthuu se fetile mme ka fa lotlhakoreng lwa mmidi ke nako ya go kgwa mokhu.
Fela le gale bontsi jwa bantshakuno ba mmidi ba ba atlegileng bo na le karolo ya loruo e e tshwaelang mo tirisong e e feletseng ya metswedithuso ya tlhago yotlhe le go fokotsa diriseke tse di tsamaelanang le temodijalo.
Go na le dintlha di le mmalwa tse di amanngwang le thuo ya dikgomo tsa nama e e nang le poelo, e e leng yona selo se se tlwaelegileng thata se se diragadiwang ke bantshakunothoro. Dintlha tsotlhe tse, di amanngwa thata le maemo le pholo ya kgomo e namagadi. 
Ngwaga ya tsalo ya ntlha
Go godisa dinamane go nna dikgomo tse di tsalang tsa isagwe go ditshenyegelo, ka gore go fitlhelela e tsala namane ya ntlha ga e tsenye lotseno lope. Bantshakuno ga ba dumalane ka dingwaga tsa tsalo ya ntlha, fela o tlaa bo o se kgakala fa o re golo gongwe magareng ga dingwaga tse pedi le tse tharo. Fa namane e sa fepiwa sentle, e tlaa nna nnye thata go ka palangwa le go dusa, mme se se tlaa diegisa letlha la yona la tsalo ya ntlha. Mo botshelong jwa kgomo, maikaelelo ke gore e tsale ngwaga le ngwaga (mo kgweding e e tshwanang). Fa kgomo e setse e godile fa e tsala lwa ntlha gona hee, e tlaa tsala dinamane di le mmalwa mo botshelong jwa lotsalo lwa yona. 
Sekgala sa tsalo
Kgomo e ka tsewa jaaka feketori ya go ntsha dinamane. Paka ya go dusa ya kgomo ke dikgwedi tse robongwe mme ka gale e tlaa kgaoganngwa dikgwedi tse pedi tse dingwe le poo gore e kgone go ikhutsisa mmele wa yona fa e tshwaragane le go ntshetsa namanyane ya yona mašwi (eo e tshelang fela ka mašwi mo dibekeng tsa ntlha di le mmalwa tsa botshelo jwa yona). Keletso ke gore kgomo e bo e le nemeru gape mo dikgweding di le tharo morago ga go tsala gore e kgone go ka tsala gape mo kgweding eo ngwaga le ngwaga. Se ke se se eletsegang (maikaelelo) se se naya ntshokuno e e kwa godimo ya kgomo ka ngwaga kwa ntle ga go tsenya bokoa mo go yona. Fa kgomo e sa fepiwe sentle, ga e ne e kgona go tshwara poo le go tsala ngwaga le ngwaga.
Phesente ya tsalo 
Fa kelotsalo ya gago e le kwa godimo go tlaa nna le dinamane tse dintsi go ka rekisiwa kwa bofelong jwa setlha. Ka setegeniki go a kgonega mo kgomong e nngwe le e nngwe go tsala ngwaga le ngwaga. Go na le gale le dintlha di le mmalwa tse di amang phesente ya tsalo, fela seemo sa kgomo le sona ke nngwe ya dintlhakgolo (dintlha tse dingwe e ka nna pholo ya motlhape, rašio ya dipoo mo dikgomong, kgonotsadiso ya poo, jj). Dikgomo tse di sa tsaleng ngwaga le ngwaga ga di a tshwanela go tsholwa mo motlhapeng – ka bagami ba ba sa dueleleng tsela ya bona kgotsa go tshwaela mo tirolotsenong ya polase. 
Phesente ya phusetso 
Namane e e tshelang, e e itekanetseng, ke tshimologo e e siameng fela gore o bone lotseno, namane e tshwanetse go godisiwa go fitlha kgolo ya phusetso mme morago ya rekisiwa. Namane e tshwanetse go tsalwa e le kgolo le maatla a a lekaneng go ka ema e anya mo go mmaayo ka bonako le go simolola go gola. Seemo sa kotlo sa ga mmaayo se botlhokwa thata. Fa kgomo e le mo seemong se se siameng e bile e otlegile sentle, e tlaa nna mo maemong a a botoka a go tsala le go godisa namane e e itekanetseng. Dinamane tse di swang pele ga phusetso ke tatlhegelo mo moruing. Maiteko otlhe a tshwanetse go dirwa go fusetsa 100% ya dinamane tse di tsetsweng. 
Boima jwa phusetso 
Bontsi jwa dinamane tse di fusediwang bo rekisiwa ka kilogerama, ka jalo fa boima jwa namane bo le kwa godimo, gona o tlaa bona tlhotlhwa e e kwa godimo. Bogolo jwa namane bo amanngwa thata le seemo sa kotlo sa kgomo le namame mo tsamaong ya ngwaga gammogo le mofuta wa lotso lwa kgomo. Go fusetsa namane e kgolo ka kgomo nngwe le nngwe go raya go bona lotseno lo lo botoka go tswa mo kgwebong. 
Jaaka go umakilwe, bontsi jwa bantshakunothoro ba ba atlegileng ba na gape le karolo ya loruo lo logolo mo ditirong tsa bona tsa temothuo – dikgomo (kgotsa loruo lo longwe) di dirisa mafulo a tlhago, mafulo a a jetsweng (a a jetsweng mo mmung wa kgono e e kwa tlase), mme gape le masalela a mmidi. Go nna montshakuno wa loruo yo o atlegileng go batla go golaganngwa thata le go kgona go tlamela loruo lwa gago ka dijo tse di lekaneng(feed) tsa boleng jo bo siameng ngwaga otlhe. Mo dikgweding tsa selemo bantshakuno ba bantsi ba kgona go ikanya mafulo a tlhago le phulo e e jetsweng go fepa loruo lwa bona, fela bantshakuno ba ba siameng ba rulaganyetsa loruo lwa bona mo dikgweding tse di tsididi le tsa komelelo tsa mariga.
Mo dikgweding tsa selemo bantshakuno ba bantsi ba jala furu e tala (gantsi outsu) magareng ga mela ya mmidi. Morago ga go roba mmidi dikgomo le dinku di letlelelwa go fula mo masimong koo di dirisang masalela a lotlhaka lwa mmidi, diako tse di oleng tsa mmidi, gammogo le furu e tala. Bantshakuno bangwe ba jala “seradella” mo gare ga mmidi. Se ke monawa o o monatenate le o o tletseng dikotla o o bileng o sa tlamele fela ka phulo ya boleng jo bo siameng mme gape e oketsa naeterojene mo mmung e e ka dirisiwang ke dijalo tse di latelang. Mo go Mopitlwe go thari go jala outsu le seradella, fela go sa ntse go na le nako ya go jala rae. Gakologelwa le gale gore o se jale rae yotlhe ka nako e le nngwe, o tlaa nna le furu e ntsi, e e tla latelwang ke paka ya tlhaelo e go tlaa bong go se na furu e e lekaneng. Rae ga e monate fa e setse e ungwile ka gore boboa jo bo ditedu jo bo tlhaba loruo mo molomong, nkong le matlhong. 
Fa o na le mafulo a a jetsweng a eragrotis, Mopitlwe ke nako e e siameng go e sega lwa bofelo. Boleng jwa bojang bo tlaa bo bo sa siama ka nako, kwa ntle ga gore o bo o nontshitse sentle fela o tlaa bo o na le digwata tse o ka di dirisang mo dikgweding tsa mariga. Gakologelwa gore ka gale o ka tlaleletsa ka selatso se se siameng gore dikgomo di tle di dirise digwata tsa boleng jo bo kwa tlase botoka, fela le gale fa o se na digwata, ga o kitla o kgona go felegetsa dikgomo tsa gago mo marigeng di le mo maemong a a siameng. Ka go sega le go beila bojang, o tlaa kgona go nontsha masimo mo dikgakologong le go bona dijalo tsa tlhaga tse di siameng mo setlheng se se latelang. Fa go kgonega sireletsa dibale mo maemong a loapi ka go boloka mo setorong, kgotsa o di pake ka mokgwa o o ka fokotsang go nelwa ke pula.
Mo dikgweding tsa mariga, o batla go tlhomamisa gore o fepa fela diphologolo tsa gago. Ga o batle dinwamadi dipe fela di ja dikgomo tsa gago. E ke nako e e siameng ya go alafela loruo lwa gago dinwamadi tsa ka fa teng (dibokwana) le tsa ka fa ntle (dikgorola). Fa o tlhoka kgakololo mabapi le se, botsa ba kgwebo ya temothuo, koporasi kgotsa ngaka ya loruo ba selegae ba gago (ba tlaa nna le ditipi le melemo ya go nosiwa). Fa o ka tshokane o dirisa mafulo a semorafe, go tlaa tswela botlhe mosola fa barui botlhe ba ne ba ka alafa loruo lwa bona ka nako e le nngwe, se se thibela dinwamadi go tswa mo diphologong tse di sa alafiwang go boela mo diphologong tse di alafilweng. 
Morago ga setlha se se metsi thata go nna ntsifalo ya ditshenekegi tse bontsi jwa tsona e leng dithwadi tsa malwetse a loruo. Tsweetswee netefatsa gore o bona kgakololo e e siameng ka ga lenaneo la meento ya dikgomo le dinku. Go botoka go senya madi mangwe mo meentong le go thibela malwetse, go na le go latlhegelwa ke phologolo go sa tlhokege. Fa o tlhokomela diphologolo tsa gago le go netefatsa gore ka metlha yotlhe di fepiwa sentle, le tsona di tlaa go tlhokomela le go go tsenyetsa lotseno lo lo tlaa nitamisang temothoro ya gago.
