Managing (Maize)										Setswana 

Go laola disenyi tsa mmidi ka mmidi wa bt

Instructions: 

Folio strap: Taolodisenyi

Byline: F.B. Peairs, moithutatshenekegi le moporofesara wa Colorado State University Extension, mo bonetetshing jwa temothuo ya ditshedi le tsamaiso ya disenyi.

 Create a Fact Box: Quick Facts...

Bacillus thuringiensis (Bt) ke baketheria ya mmu e e ntshang botlhole jwa setshenekegi.

Dijini (Genes) go tswa mo Bt di ka tsenngwa mo dimeleng tsa dijalo go di kgontsha go ntsha botlhole jwa setshenekegi, ka jalo di kgone go emelana le disenyi dingwe.

Maidi a mmidi a a nang le jini e le nngwe kgotsa go feta ya Bt (mmidi wa Bt) a kgona go emelana le disenyi dingwe tsa botlhokwa.

Maidi a mmidi wa Bt ke itlhophelo e e nonofileng le ya seikonomi kgatlhanong le dikalafi tsa dibolayatlhatshana tsa tlwaelo, fa tiro ya disenyi e e kobilweng e le mo ditekanyong tsa botlhokwa tsa seikonomi.

Thekenoloji e ntšhwa e re letla go tokafatsa mefuta ya dijalo ka go tlaleletsa ka dijini tse di tswang mefuteng e mengwe. Se se botlhokwa thata ka gore re ka fetola semelo, jaaka kemelano le ditshenekegi, e e ka tswang ka tlhago e se yo mo mefuteng ya dijalo tseo, kgotsa e e ka tswang e le bokete go sutisiwa mo mefuteng ya dijalo go dirisiwa dithekeniki tsa tsadisodimela tsa bogologolo. 

Tiragatso nngwe e e atlegileng ya thekenoloji e ntšhwa e ke tlhagiso ya maidi a mmidi a mantšhwa a a kgonang go emelana le disenyi tsa ditshenekegi dingwe ka ntlha ya tlaleletso ya jini go tswa mo baketherieng ya mmu ya tlhago. Maidi a a jalo a bidiwa “transgenic hybrids” le mororo e se maidi a tlolaganyolotso otlhe a a nang le semelo sa kemelano le ditshenekegi.

Le mororo maidi a mmidi a tlolaganyolotso a a emelanang le ditshenekegi a nonofile thata go laola disenyi tsa ditshenekegi, tiriso ya ona e tsositse ditlhobaelo. Metseletsele ya dipotso le dikarabo e e latelang e tlamela ka ponalo ya maidi a mmidi a a emelanang le ditshenekegi le tiriso ya ona mo taolong ya disenyi.

Bt ke eng? 
Bt ke khutshwafatso ya baketheria e e nnang mo mmung e e tlwaelegileng e e bidiwang Bacillus thuringiensis”. Bt gape e kaya dikuno tsa dibolayatlhatshana tse di dirilweng go tswa mo baketherieng e.

Bt e amana jang le disenyi tsa ditshenekegi

Mekgwa (strains) mengwe ya Bt e bolaya ditshenekegi ka botlhole jo bo bidiwang diporoteine tsa keresetale tsa setshenekegi (insecticidal crystal proteins) kgotsa “delta endotoxins”. Di tsewa di se kotsi mo bathong le mefuteng e e seng ya disenyi.



Mmidi wa Bt ke eng?
Ntshodikuno ya “delta endotoxins”e laolwa ke jini e le nosi mo baketherieng. Dipopego tse di fetotsweng tsa dijini tse di tsenngwa mo dimeleng tsa mmidi. Dimela tsa mmidi tse di nang le dijini tse di kgona go ntsha “delta endotoxin” ka jalo di nne botlhole mo ditshenekeging tse di ka tlhaselwang ke poroteine ya sebopego seo.

Goreng go dirisiwa dijini tsa Bt mo mmiding?

 “Delta endotoxins” tse di gasitsweng mo dimeleng di nyelela ka bonako fa di kopana le lesedi la UV. “Delta endotoxins” tse di ntshitsweng mo semeleng di sirelediwa mo leseding la UV. Gape disenyi tsa mmidi dingwe tse dikgolo tse dintsinyana di bokete le go tura go laolwa ka dibolayatlhatshana tsa tlwaelo, mme di bonolo go bolawa ke “delta endotoxins” tse di ntshitsweng mo ditogweng tsa dimela. Bayothekenoloji ya go tsenya botlhole jo bo tlhagisang jini ya Bt, mo mmiding e teng.



A mmidi wa Bt otlhe o botlhole? 

Go ka nna jalo kgotsa nnyaya! Dintlha tse pedi, tiragalo le mogodisi, di laola foo “delta endotoxins” di tlhagisiwang teng mo semeleng le gona ka bogolo jwa bokae. Ditlamo tsa dipeo tse di farologaneng di dirisa ditiragalo le bagodisi ba ba farologaneng, ka jalo maidi a tsona a tlaa farologana mo go reng ke ditogwa tsa semela sefe se go tlhagisitsweng “delta endotoxins” mo go sona.

Tiragalo ya tshenyo ke tiro ya sebopego ya go tsenya jini ya Bt mo matherialeng wa lotso wa semela sa mmidi. Fa ke gona fa go tlhomamisiwa lefelo la sebopego la jini ya Bt, (ke khoromosoume efe ke karolo efe ya khoromosoumu). Lefelo la jini le tshwaela gore ke kae mo semeleng mo “delta endotoxins”. Gajaana ga re na thekenoloji ya go laola foo jini ya Bt e nnang teng, ja jalo tiragalo nngwe le nngwe e tlhola dimela tse di farologaneng ka gore go ntshitswe “delta endotoxins” kwa kae le gona tse di kana kang.

Mogodisi le segoletsi sa lotso sese bolelelang jini ya Bt e e tsentsweng gore e tlhagise “delta endotoxins” leng le gona kae. Go na le bagodisi ba le bantsi ba ba farologaneng mme tlhopho ya mogodisi le yona e ama le gore go ntshiwa delta endotoxins kae le gona e e kana kang mo semeleng sa mmidi, go isa kwa dipharologanong mo maiding.

Go na le mefuta ae le kae ya mefuta ya mmidi wa Bt?

Go na le maidi a mmidi wa Bt a a farologaneng a le mantsi, mme mangwe a ka nna ditiragalo tsoopedi tsa sebokophetlhi sa mmidi le sebokomedi sa mmidi.

A maidi a mmidi wa Bt otlhe a tlaa neelana ka taolo e e lekanang?
Selekanyo sa taolo ya disenyi tse di kobilweng le kanamo ya taolo e e tlamelwang ke leidi, ke tiro ya tiragalo e e mo go lona. Go botoka go tshwantshaya taolodisenyi ka tiragalo go na le ka leidi. Tlhopha maidi a a tlaa dirang sentle mo kgaolong ya gago; mme o kope dipalopalo tsa taolo ya ditshenekegi tse di lebaneng ka kgethego le ditiragalo tse di fitlhelwang mo maiding ano.

A mmidi wa Bt o tlaa dira sentle mo kgaolong ya me?
Dimelo (traits) tsa Bt ga di a tshwanela go ama tiragatso ya leidi. Fa mofuta wa tlwaelo wa leidi o dira sentle mofuta wa Bt o tshwanetse go dira sentle le ona.

A ke sona fela semelo se se tsenyeleditsweng mo mmiding ka tsela ya lotso?
Maidi a mangwe a a nang le dimelo tse di tsenyeleditsweng ka lotso, jaaka kemelano le dibolayatlhatshana, a teng. Go tshwaraganwe le go tlhagisa dimelo tse dingwe tse dintsi mme di tlaa nna teng mo isagweng e e sa fediseng pelo.

A mmidi ke ona sejalo fela se se tsenyeleditsweng Bt ka lotso?
Nnyaya, dijalo tse dingwe di le dintsi di fetotswe go tlhagisa “delta endotoxins”. Fela le gale mmidi le katune ke tsona thata di dirisiwang mo kgwebong.

A go na le mesola mengwe mo go diriseng mmidi wa Bt go na le sebolayatlhatshana go laola sebokophetlhi sa mmidi?

Mmidi wa Bt o tlaa laola dibokophetlhi tsa mmidi kwa ntle ga go ama ditsomi gammogo le ditshenekegi tse dingwe tse di mosola. Se se tshwanetse go dira taolo ya disenyi tse dingwe jaaka dintana tsa segokgo bonolo, le mororo go se na dipalopalo tsa masimo go tshegetsa ntlha e.

A go na le dithapolo mo go diriseng mmidi wa Bt go tshwantshanya taolo ya tlwaelo ya sebokophetllhi?
Go tlaa nna le ditshenyegelo tsa tlaleletso mo go dirIseng peo ya mmidi wa Bt, go sa kgathalasege gore a go na le tlhaselo ya sebokophetlhi sa mmidi e e ikhonomikale. Taolo ya sekhemikale ya tlwaelo e go letla go leta go bona gore a tlhaselo e a tswelela, pele o beeletsa madi mo taolong ya ditshenekegi. Gape go tsamaelana le ditlhokego tsa polokesego (bona fa tlase) go ka tlhakatlhakanya ditiro tsa jalo, thobo le taolodisenyi.

A nka jala mmidi wa Bt mme ka lebala ka ditshenekegi le dintana?
Nnyaya, mmidi wa Bt ga o kitla o go letla gore o lebale gotlhelele ka disenyi. Ditlhóla le taolo di sa ntse di tlhokega mo disenying tse dingwe.

A go na le dithapolo tse dingwe mo go diriseng mmidi wa Bt go tshwantshanya le mekgwatiriso ya tlwaelo ya taolodisenyi?
Go ka nna le bothata jwa go bapatsa mmidi wa Bt go kobilwe mebaraka ya boditšhaba. Seemo sa mebaraka ya boditšhaba se fetoga ka bonako, ka jalo go thata go itse gore melawana e ka fetoga jang magareng ga tlhopho ya leidi la thobo. Se gantsi ke sona bothata mo ditiragalong tse di amogetsweng sešweng.

Ke dirise mmidi wa Bt kae mo tirong ya me?
Mmidi wa Bt o tshwanetse o dirisiwe fela foo bothata jwa tlhaselo ka sesenyi se se totilweng e leng kwa godimo. 

Go dirwang go efoga kemelano ya sebokophetlhi sa mmidi le mmidi wa Bt?
Babatlisisi ba diyunibesithi, madirelo a peo le EPA ba dira mmogo go tlhola maanotsamaiso a kemelano a a nonofileng le go ka diragadiwa. A thaetswe mo selekanotirisong (dose) se se kwa godimo le ditogamaanong tsa polokesego.

Togamaano ya polokesego ke eng?
Fa karolo nngwe e jetswe maidi a e seng a Bt, gona dibokophetlhi le dibokomedi tsa mmidi dingwe le dingwe tse di tswang mo dikgaolong tse di tlaa tlhaselwa ke Bt. Di tlaa gotana le difalodi go tswa mo mmiding wa Bt le go boloka tlhaselego ya lotso ya losika lotlhe foo.





