Management (Maize) 							Setswana 

Tsamaiso ya polase – dira le go tsweletsa poelo



Instructions: 

Folio strap: Tsamaiso

Byline: Tshedimosetso e kgobokantswe go tswa kaedi ya Tsamaiso ya Polase ka Poelo ka Marius Greyling

Grabbing quote: Fa o sa lekanye ga o ka ke wa kgona.



Jaaka rotlhe re itse, temothuo ke kgwebo mme fa o batla go nna montshadikuno wa bogwebi, go na le dintlha di le dintsi tse go ka tlhokegang go tsewa tsia go dira gore kgwebo ya gago e boelwe.



Tlhokomela tse di latelang:

Maitlhomo a motheo ke go dira le go tsweletsa poelo.

Sengwe le sengwe se se dirwang mo polaseng se ama lotseno, ka tsela nngwe. Lotseno - Tshenyegelo = Poelo/Tatlhegelo.

Dikatlanegiso di a dirwa gore go ka dirwa eng le/kgotsa go tlhokegang sa semolao mabapi le tsamaiso ya dikgaolo tse di farologaneng tsa tsamaiso mo polaseng. Gore a dikatlanegiso di a latelwa e tlaa nna itlhophelo le maikarabelo a montshadikuno/motsamaisi mongwe le mongwe.

Tshedimosetso – ya kwa ntle le ka fa gare (direkoto tsa selegae) e botlhokwa thatathata.

Kgwebo ya polase mo Aforikaborwa ke karolo e e tletseng ya motse wa lefatshe ka bophara, ka jalo e amiwa ke se se diragalang mo lefatsheng.

Polase e tsewa jaaka thulaganyo e e feletseng mme kgaolo nngwe le nngwe e ama dikgaolo tse dingwe, ka mafoko a mangwe tsela ya go tsamaisa kgwebo ke tsela e e sobokantsweng.



Botona jwa tsamaiso

Gantsi o utlwa se se latelang: “Goreng bantshadikuno ba bangwe mo dikgaolong tse di kgethegileng ba tswelela pele go feta ba bangwe ba ba lemang / ruang mo kgaolong e e tshwanang, kgotsa go reng bantshadikuno bangwe ba falola dipaka tse di bokete fa baagisani ba bona ba faladiwa ke maemo a a tshwanang le ao? Karabo ke gore bantshadikuno bangwe ba tsamaisa dikgwebo tsa polase tsa bona botoka go na le ba bangwe. Mme tota tsamaiso kgotsa mo lobakeng lo, tsamaiso ya polase, ke eng?



Tsamaiso ya poalse e ka tlhalosiwa jaaka tseo ya ditshwetso tse di gaisang mabapi le ditlamelwana tsa bodiri gammogo le ditlamelwana tsa tiragatso tsotlhe go fitlhelela maitlhomo a kgwebo e e rileng.



Go kgona go tsamaisa go ya ka tlhaloso, go raya gore montshadikuno o tshwanetse go diragatsa ditiro tsa tsamaiso tse nne, e leng togamaano, go rulaganya, go diragatsa le go laola, ka nonofo. Le mororo go kgonega go farologanya magareng ga ditiro tse nne tse, tirego ya tsamaiso ke tiregotsweledi. Ka mo gare ga tirego ya tsamaiso montshadikuno o tshwanetse go dirisa ditiro tsa tsamaiso di le mmalwa e leng go tsaya tshwetso, tlhaeletsano, tlhotloetso, kgobokanyo, go tlhomamisa boitiriso, kabelanotiro le go etelela pele.



Tsamaiso ya polase e tlhalosiwa e le tseotshwetso e e totileng maikaelelo. Go tsaya ditshwetso tse di gaisang mabapi le dintlha tsa temothuo tse di maleba, montshadikuno o tshwanetse go nna le tse di latelang:



Botho le maikarabelo;

Maitemogelo a tiriso;

Kitso ya setegeniki;

Botlhale jwa kgwebo; le 

Tshedimosetso ka polase e a e tsamaisang.



Dikgaolo tsa tsamaiso

Ka fa gare kgwebo ya temothuo mong/motsamaisi o tshwanetse go tsamaisa dikgaolo tse di latelang:



Tsamaiso ya ntshodikuno – tiragatso ya ntsho ya dikuno;

Tsamaiso ya theko – theko ya ditsenngwateng le dithoto tsa ntshodikuno;

Tsamaiso ya thekiso – thekiso ya dikuno;

Tsamaiso ya matlole – go tsamaisa matlole go akaretsa makgetho, thulaganyetso ya dithuo, mathata a kabakanyo;

Tsamaiso ya tsamaiso – go tsamaisa ofisi le direkoto;

Tsamaiso ya ditlamelwana tsa bodiri – batlhankedi le badiri;

Tsamaiso ya bogokaganyi – botsalano le tlhaeletsano;

Tsamaiso ya dithuo – taolo, tlamelo le thekiso;

Tsamaiso ya dithoto (stock) – taolo; le 

Tsamaisokakaretso – pholo le tshireletsego ya badiri, taolo ya molelo, bogodu le pabalesego ya mo polaseng.



Gore go ka tokafadiwa jang tsamaiso ya nngwe le nngwe ya dikgaolo tse le go oketsa le go tsweletsa dipoelo, go tlaa sekasekwa mo go Pula/Imvula mo dikgweding tse di tlang. Ditshikinyo le/ kgotsa dikatlanegiso, tse di tlaa nnang mosola go oketsa le go tsweletsa poelo ya kgwebo, di tlaa dirwa mabapi le kgaolo ya tsamaiso nngwe le nngwe. Kakanyo ya gore ke eng se se tlhokegang semolao le yona e tlaa tlhagisiwa. Fela le gale tlhopho e tlaa nna ya montshadikuno/motsamaisi mongwe le mongwe go di dirisa kgotsa nnyaya. Ga go patelediwe ope. Mabapi le ditlhokego tsa semolao, fa di ka se ke tsa dirisiwa, montshadikuno/motsamaisi o tlaa rwala maikarabelo a tshwetso ya gagwe.







