Management (Maize)									Setswana 
Tsamaiso e e siameng e ka go dira botoka
Folio strap: Tsamaiso 
Byline: Tshedimosetso e kokoantswe go tswa Kaeding ya Tsamaiso ya Polase ka Poelo, ka Marius Greyling. 
Redraw the diagram and make each factor a bright different colour
A o tlhokomela diphologolo tsa gago ka tshwanelo? A kampo phulo mo polaseng ya gago e bontsha ditshupo tsa phulophetiso? A o na le maitemogelo a boitumelo jwa go boga katlego ya dijalo tsa gago? Morago ga thobo a o ne wa tlhokomela masimo a gago?
Ke eng se se dirang montshakuno mongwe go atlega go feta yo mongwe? Se se ka ganetsanelwa go ya go ile. Fela le gale kwa bokhutlong mabaka otlhe a supa kwa botennye jwa tsamaiso mme mo lobakeng lwa kgwebo ya temothuo – tsamaiso ya polase. 
Tlhaloso ya tsamaiso ya polase
Go na le ditlhaloso di le dintsi tsa tsamaiso ya polase fela ka go kopanya ditlhaloso tsotlhe, tsotlhe di batla di bolela gore tsamaiso ya polase ke “tiriso kgotsa kopanyo e e bokgoni ya metswedithuso yotlhe, ya setho le sebopego, go fitlhelela maitlhomo a kgwebo ya temothuo”.
Bangwe ba ka re ke puo ya molomo fela, fela a re kanoke tlhaloso re simolola ka maikaelelo kgotsa maitlhomo a kgwebo ya temothuo. Motho o ka nna sebete wa re maikaelelo a kakaretso kgotsa a botlhokwatlhokwa e ka nna go dira poelo mme ka tsela eo poelo e e itshegeleditseng. Ee, go ka nna le maitlhomo a tlaleletso jaaka go tokafatsa maemo a botshelo jwa gago, go ntsha kuno e badirisi ba ka e ratang go na le tse dingwe. Fela le gale maitlhomo a tlaleletso otlhe a ka atlega kwa bofelong fela fa go dirwa poelo. Le mororo se e se maitlhomo tota, bantshakuno ba bantsi ba rata go nna le go tsamaisa kgwebo ya temothuo ka ntlha ya tsela ya botshelo jo bo siameng. Fa go sa dirwe poelo tsela ele ya botshelo jo bo siameng le yona ga e sa tlhole e nna monate. Go ya ka dintlha tsa sematlole, maitlhomo a ka tlhagisiwa e le poelo e e siameng mo peeletsong, fela go dira dilo bonolo, a re re go dira poelo. Mo sebopegong sa motheo poelo e e bontshiwa ka tsela ya lotseno ntsha ditshenyegelo (P = L – D kgotsa L – D = P).
Metswedithuso ya setho le sebopego, e e umakilweng mo tlhalosong, le yona e tsewa jaaka dintlha tsa ntshokuno e bong tsamaiso, bodiri, lefatshe le khepetlele. Bodiri bo emetse badiri botlhe. Lefatshe le emela lefatshe tota (mmu (masimo), dimela (phulo), metsi. Khepetlele ke lereo la madi a a tshwaregang le dithoto tse di sa suteng tse dingwe jaaka dikago, logora, masaka, dithoro le tse dingwe le dithoto tse di sutang jaaka dipalangwa, didiriso, diterekere, loruo lo lo tsalang le ditsenngwateng tsa ntshokuno le tse dingwe. 
Ditiro tse nne tsa tsamaiso 
Kgato ya tsamaiso e na le ditiro tsa botsamaisi di le nne e bong bologamaano, borulaganyi, tiragatso le taolo, tse ka tsona: 
Bologamaano e leng se o tshwanetseng go se dira, o se dira jang, o se dira leng.
Borulaganyi e leng gore mang o tlaa dira eng, se tlaa diriwa leng, se dirwa kae (kabo ya metswedithuso).
Tiragatso ke go dira ka tota le ka diatla se se neng se logetswe maano le go rulaganngwa.
Taolo ke go tshwantshanya se se dirilweng, se siame kgotsa se sa siama jalo, le se se neng se logetswe maano a go rulaganngwa le go batla mabaka a phapogo gore o kgone go tokafatsa mo isagong.
Go ntse go le jalo, fa a tsweleletse go dirisa nngwe le nngwe ya ditiro tsa botsamaisi montshakuno/motsamaisi o tshwanetse go nna moeteledipele, mme o tshwanetse go tsaya ditshwetso, a tlhaeletsane fa gae le kwa ntle, a rome, a gokaganye dikgatotiro, a rotloetse batho ba gagwe le go tsweletsa taolo kwa ntle ga molao kgotsa semolao. 
Go ya pele gore o nne mo kemong ya go dira poelo e e tswelelelang le go fitlhelelang maitlhomo otlhe, kgwebo ya temothuo e tshwanetse go ntsha kuno le go kgona go e rekisa – ka jalo e tshwanetse go arabela ditlhoko tsa badirisi. Ka kakaretso dikuno e ka nna dijo, tlhale, dikota kgotsa diphologolo tsa naga. Lefoko “ditlhoko” le akaretsa dintlha tse di jaaka boleng le bontsi jwa kuno, nako e e rileng ya kgoroso le/kgotsa kgoroso e e tsepameng, lefelo la kgoroso kgotsa go paka. 
Mabapi le leanotheo la lotseno – ditshenyegelo = poelo (L – D = P/T), go botlhokwa go gakologelwa sengwe le sengwe se re se dirang kgotsa se ka dinako tse dingwe re sa se direng se re neng re tshwanetse go ka bo re se dirile, go ya ka kgwebo ya rona, ka se tlaa itshupa mo leanotheong. Lotseno lo ka oketsega kgotsa lwa fokotsega, fela jalo le ka ditshenyegelo. A re tsaya tsia megala yotlhe e re e letsang? A megala eo yotlhe ya rona e botlhokwa? A re tsaya maeto otlhe a go ya toropong tsia? A re tlamela loruo lwa rona ka phepotlaleletso fa go tlhokega? A ka gale re thula le go tlamela diterekere le metšhine e mengwe ya rona? 
Go ya ka puisano lereo tsamaiso ya polase ka jalo le ka tlhalosiwa e le go loga maano, go rulaganya, go diragatsa le go laola badiredi ba gago, lefatshe la gago le dithoto tse di sa suteng tsotlhe le dithoto tse di sutang tsotlhe tsa gago go akaretsa le ditsenngwateng tsa ntshokuno ka go etelelapele, go tsaya ditshwetso, go tlhaeletsana, go roma, go gokaganya, go rotloetsa le go tsweletsa taolego go ka ntsha dikuno tse badirisi ba di tlhokang ka poelo.
Go ka tlhalosiwa ka setshwantsho jaana:
Go etelela pele 
Go tsaya ditshwetso
Go tlhaeletsana 
Go roma 
TSAMAISO =						KUNO
Go gokaganya								
Go rotloetsa 
Go tshola taolego 
Potso e e boditsweng kwa tshimologong ya kgannyana e, e ka bodiwa ka tsela e nngwe ya gore a o loga maano, go rulaganya, go diragatsa le go laola go tlhokomela loruo lwa gago sentle? A o loga maano, go rulaganya, go diragatsa le go laola thulaganyo ya phudiso ya gago sentle? A ntshokuno ya dijalo e logetswe maano, rulagantswe, diragaditswe le go laolwa sentle go akaretsa ntlha e tshwana le tlhatlhobo ya mmu, go fa sekao?
Ditiro tse nne tsa tsamaiso di ka bonwa gape jaaka maotwana a sepalamo kgotsa terekere. Leotwana lengwe le lengwe le tshwanetse go pompelwa ka selekano gore sepalamo/terekere e tsamae sentle ka botlalo. Fela fa leotwana le le lengwe le ka se pompiwe sentle, kgotsa le phantšhile, sepalamo se sa ntse se tlaa tsamaya go ya pele fela ka bokgoni jo bonnye mme mo nakonyaneng e e sa fediseng pelo go tlaa nna le tshenyo e e boitshegang mo sepalamo se tlaa emang gotlhelele. Go tlaa nna jalo le ka kgwebo. Fa nngwe ya ditiro tsa tsamaiso e ka se ke ya diragadiwa sentle, kgwebo ya gago e tlaa ema tsi! Se e sa le gape kgwetlho ya isago; fa tsamaiso ya gago e sa tokafale ngwaga le ngwaga kwa bofelong kgwebo ya gago e tlaa ema, go ka raya gore ga go tlhole go dirwa dipoelo. Motho ga a ka ke a dira dilo ka tsela e le nngwe ngwaga le ngwaga, o tshwanetse go tokafala ka go oketsa lotseno lwa gago le/kgotsa go laola ditshenyegelo tsa gago.
Lotseno lo ka okediwa, sekao ka ditlhotlhwa tse di kwa godimo le/kgotsa ntshokuno e e kwa godimo ka yunite (mmidi – ditono/heketara), le/kgotsa maano a ntshokuno a a tokafaditsweng (go dira temothuo ka nepo) le/kgotsa bontshakuno jo bo oketsegileng le/kgotsa phetolo ya kgwebo le/kgotsa go anama ka dikgwebo.
Ditshenyegelo di ka lekanyediwa, sekao ka go buisanela ditlhotlhwa tse di kwa tlase tsa ditsenngwateng le/kgotsa maano a ntshokuno a a tokafaditsweng (go dira temothuo ka nepo) le/kgotsa go laola ditshenyegelo ka tiragatso ya ditekanyetsokabo le/kgotsa bontshakuno jo bo kwa godimo.
Mo kgwebong ya temothuo mong/motsamaisi o tshwanetse go tsamaisa dikgaolo tse di latelang:
Tsamaiso ya ntshokuno (ntshokunotota ya dikuno);
Tsamaiso ya theko (theko ya ditsenngwateng le dithoto tsa ntshokuno);
Tsamaiso ya thekiso (thekiso ya dikuno);
Tsamaiso ya matlole (go tsamaisa matlole go akaretsa makgetho, togamaano ya boswa, riseke le pelaelo);
Tsamaiso ya tsamaiso (ofisi le direkoto);
Tsamaiso ya bodiri (badiredi);
Tsamaiso ya bogokaganyi (kgokagano le tlhaeletsano);
Tsamaiso ya dithoto (taolo, tlamelo le thekiso ya dithoto) le ya setoko (stock) (taolo ya ditsenngwateng tsa ntshokuno); le 	
Tsamaiso ya kakaretso (dintlha tse di jaaka boitekanelo le pabalesego ya mo tirong, taolo ya melelo le pabalesego ya mo polaseng).
Le mororo dikgaolo tse di umakiwa bongwe ka bongwe, dikgaolo di gokagane e bile e kare fa o tsweletse o tsamaisa (go loga maano, rulaganya, diragatsa kgotsa go laola) kgaolo o tlaa bo o ntse o tshwaragane le go tsamaisa e le nngwe kgotsa go feta ya dikgaolo tse dingwe. Sekao, fa o tshwaragane le tsamaiso ya ntshokuno o ka bo o ntse o tshwaragane le tsamaiso ya matlole, tsamaiso ya theko le tsamaiso ya bodiredi. Se se dira tsamaiso ya polase go nna kgwetlho e tona.
Fela gape go boammaaruri gore o ka se ke wa tsamaisa kwa ntle ga tshedimosetso, ya ka fa gare le kwa ntle. Ka jalo tshedimosetso e tlhoka go kgobokanngwa, ka bontsi jo bo kgonagalang mme go ka dirwa fela ka go buisa, reetsa, go ela tlhoko le go kwala. Rotlhe re tshwanetse ra bo re tlwaetse polelo e e reng fa o sa kgone go lekanya ga o ka ke wa tsamaisa (if you cannot measure, you cannot manage). Fa osa itse gore phesentheiji ya tsalo ya motlhape wa dikgomo tsa nama tsa gago ke 60%, gona o ya go tsamaisa eng go tokafatsa phesentheiji ya tsalo? Jalo o simolola ka go rekota, jaanong o bo o kgobokanya tshedimosetso gore ke eng se se bakang gore phesentheiji ya tsalo e nne kwa tlase jalo le gore o ka tokafatsa kgotsa baakanya jang dibako tse. Go ntse fela jalo le ka dijalo tsa gago, ntshokuno ya mašwi, ntshokuno ya boboa, kelokgolo ya dikokwana tsa nama le tse dingwe.
La bofelo jaaka batsamaisi ba polase re tshwanetse go gakologelwa gape gore e sa ntse e le maikarabelo a rona go akanya ka tshomarelo ya tikologo, fa re ntse re tsamaisa dikgwebo tsa rona ka go diragatsa mekgwatiriso ya temothuo e e siameng.
