Maintenance (OPOT)						Setswana



Tlamelo ya polantere 



Instructions:

Folio Strap: 

Byline: Tshedimosetso e bonwe go tswa Khosong ya Bokonteraka jwa Temothuo



Tlamelo e e lolameng ya polantere ya dijalo ka mola go raya pharologano magareng ga poelo mo dijalong le ditatlhegelo tse di boitshegang. Tlhopho, jalo, khurumetso le katelo ya peo ke ditiro tse di masisi thata mo ntshodikunong ya dijalo. Fa polantere e sa dire sentle ka ntlha ya tlamelo e e bokoa, dipholo tse di tlaa bonwang e tlaa nna thobo e e kwa tlase go na le jaaka go ne go solofetswe.



Polantere ya go jala ka mola ke sedirisonepo mme jaaka motšhinenepo mongwe le mongwe, e tlhoka tlhokomelo e e boitshegang. A re bone gore se se akaretsa eng.



Tlamelo kwa tshimologong ya setlhajalo

Phepafatsa polantere thata.

Tlhola gore ga go na dikgoreletsi mo diyuniteng tsa polantere go ka thibela mekheniseme go dira ka tolamo.

Tlhatlhoba mekheniseme wa finger-pickup go bona dikarolo tse di onetseng kgotsa robegileng, baakanya kgotsa o emisetse dikarolo tse di senyegileng.

Tlhola sebutswedi kgotsa fene mo dipolantereng tsa mowa, tlhola disili, segolobogolo go dikologa diseke kgotsa diromo.

Tlhatlhoba matlase a dikgamelo tsa peo tsa mofuta wa dipolata.

Emisetsa dikarolo tse di supang go onala, jaaka cut-off pawl, knockout pawl diseporeng le polata ya tlase ya botlase jwa kgamelo ya peo, gammogo le dikarolo dingwe le dingwe tse di robegileng kgotsa onetseng.

Tlhola meburu yotlhe gore a e gagametse, gape tlhola le dikgokaganyo tsa mathompo le 

     dikasekete mo mametlelelong ya monontsha wa seedi.

Fa e le gore dimametlelelo tsa monontsha, sebolayatlhatsana le sebolayatshenekegi di ne di tshasitswe oli fa polantere e bolokwa di phimole gore di ome.



Poloko ka setlha sa jalo

Ka nako ya setlha sa jalo, tsenya polantere ka fa maribelong mo bosigong, kgotsa o e khurumetse go thibela go welwa ke bongola mo dikgamelopolokelong tsa dimetheriale.



Togetso

Logetsa polantere ya jalo ka mela go ya ka dipaka tse di atlanegisiwang mo kaeding ya modirisi

Dirisa mofuta o o nepagetseng wa selogetsi

Go efoga go kgotlela dibering, ka gale phimola dikgokedi pele o logetsa.



Pele ga poloko kwa bokhutlong jwa setlhajalo

Tlhotlhora le go phepafatsa dikgamelo tsa monontsha, sebolayatlhatshana le sebolayatshenekegi, gammogo le matlase a kgamelo ya peo go thibela go rusa le jego.

Tlhola dikarolo tse di onetseng kgotsa robegileng mme o tsenye tse dingwe pele ga setlhajalo se se latelang.

Mota dibulaforo, dikhurumetsi tsa thipa kgotsa diseke, le dikgaolo dingwe le dingwe tse di politšhilweng ka oli kgotsa kirisi go thibela rusu.

Logetsa dibering tsotlhe.

Lotlela dimmakhase mo maemong a thoro mme o boloke polantere mo kagong. Tshegeletsa polantere fa godingwana ka maotwana a sa kgoma lefatshe kgotsa bodilo.



TSIBOSO: O se ke wa boloka polantere ka kgatelelo ya haeteroliki e le mo silentareng sa rimoutu. Go tlosa kgatelelo ya haeteroliki, tima terekere mme o busetse matsogwana a haeteroliki kwa morago le kwa pele gantsinyana. Jaanong gokolola dillaene tsa haeteroniki mme fa go batlega tlosa silentara sa haeteroniki.



Dikgakololo tsa tshireletsego

Dikaedi tsa modirisi tsa polantere le terekere di akaretsa ditshikinyo tsa tshireletsego tse di kgethegileng. Fano re tlaa ama dikakanyo di le mmalwa. Ditshikinyo tse di tlwaelegileng tse di latelang ke tsa polantere e e jalang ka mola go thibela kgonegalo ya khutlego kgotsa tatlhegelo ya botshelo:

Ka gale fa polantere e sa dire e folosetse fa fatshe. Fa go kgonegang, dira tlamelo le ditshetelo ka polantere e kgomile lefatshe.

Netefatsa gore fa o dira ka fa tlase ga polantere o dirisa disetente tsa jeke kgotsa diboloko, go thibela polantere go wa.

Letla fela motho a le mongwe go tsamaisa terekere fa terekere le polantere di dira.

Go phepafatsa, logetsa kgotsa go setela motšhine o o tsamayang go ka go tlisetsa kgobalo. Go tsamaya kgotsa go ema mo mabogong fa polantere e tsamaya go ka dira gore o we.

Dira ka dikhemikale tsa temothuo ka diaparo tsa tshireletso tse di maleba. Tlhopho kgotsa tiriso e e sa tshwanelang go ka gobatsa batho, diphologolo, dimela, mebu kgotsa dithoto tse dingwe. Latela ditaelo tsa modiri wa khemikale.



