Maintenance (Maize) 							Tswana						

Tlamelo ya sekgatshi 



Instructions : 

Folio Strap : Tlamelo 

Byline : E baakantswe go tswa Khosong ya Tlhabololo ya Bokgoni jwa Setegeniki ya Grain SA ke Jane McPherson.

Photos :



Matlhale a tlamelo le poloko a a siameng ga a rulaganye fela dipaakanyo tsa pele ga setlha tsa ngwaga o o tlang mme gape a godisa tiragatso ya sekgatshi fa gape a oketsa dingwaga tsa botshelo jwa sona.



Kamano ya pakatelele le dibolayasenyi tse dintsi tse di fetang mo sekgatshing e ka ja le go koafatsa dikarolo tsa sekgatshi, pente le digokedi tsa motlakase. Masalela a dikuno tse a ka nna kotsi mo mongweng le mongwe yo o dirang ka motšhine. Gape masaledi a dibolayasenyi a a iphitlhileng mo dikarolong tsa sekgatshi a ka senya dijalo fa a ka fetelela kwa setlhakgatshong sa ngwaga o o tlang.



Pabalesego ya sebele ya gago le ya balapa la gago, badiredi ba gago le dijalo, e dira gore go nne botlhokwa mo go wena go phepafatsa le go kgotlolola sekgatshi sa gago ka botlalo mo setlheng magareng ga dijalo le pele o se boloka mo marigeng. Gakologelwa gore bontsi jwa dikhemikale tse di dirisiwang mo temothuong di kotsi mo dimeleng le /kgotsa diphologolong, ka jalo go tshwanetse go elwe tlhoko thata go tlhaloganya dikotsi tse di ka nnang le go laola maemo ka fa go ka kgonegang ka teng.



Go phepafatsa didiriso tsa sekgatshi 

Tirego e ya tlamelo le poloko e e feleletseng e akaretsa dikgato di le tlhano.



Kgato 1 : Buisa 

Pele o simolola go phepafatsa sekgatshi sa gago, netefatsa gore o boeletsa setshwaokaelo sa sebolayasenyi se o se tshetseng. Setshwaokaelo se tlaa:

Go bolelela gore o ka nyeletsa sentle jang masaledi a kuno;

Go tlamela ka ditaelo tsa phepafatso tse di kgethegileng tse di ka tlhokegang;

Atlanegisa dikuno le kgotlololo; le 

Tlhalosa ka botlalo ditlamelwanatshireletso tsa Sebele (Personal Protective Equipment) tse o di tlhokang go tlhatswa sekgatshi sa gago ka pabalesego.



Kgato 2 : Tsokotsa 

Maikaelelo a go tsokotsa ke go tlosa moloiso ofe kana ofe kgotsa dikgaolo tse dikgolo tsa kuno tse di ka bong di sa ntse di le mo teng kgotsa godimo ga sekgatshi. Go phepafatsa ditlamelwana tsa sekgatshi go tsenyeletsa go kgadikanya metsi go tsamaya le thulaganyo yotlhe le go a tshela mo lefelong le le kailweng mo setshwaokaelong sa sebolayasenyi se o se dirisitseng (ka mafoko a mangwe, go kgatsha metsi/motswako wa khemikale o o tswapotsweng, o jaanong o bidiwang motsokotso (rinsate) mo kgaolong e e babalesegileng).



Go netefatsa gore o phepafatsa tanka gammogo le dipeipi le dinosele, gatlharisa tanka ka metsi a a phepa mme o tsamaise terekere sekgala se se khutshwane mo go nngwe ya ditsela tsa mo polaseng – go kgothosela mo tseleng go tlaa kgotlhokgotsa metsi, mme se se netefatsa gore a phatšhegela leteng lotlhe la tanka. Metsokotso e le mmalwa o dirisa selekanyo se sennye (e ka nna 10% ya mothama wa tanka ya sekgatshi) e botoka go na le go tlatsa tanka ka gangwe ka metsi a a phepa. Go ka nna botlhale go boeletsa tirego e ya tsokotso bonnye makgati a mararo.



Tlhopha lefelo le motsokotso o se neng o kgotlela ditlamelo tsa metsi, dinoka, dijalo kgotsa dimela tse dingwe le fa go ka se ikgateng metsi, le go tlholela batho matlhotlhapelo, gammogo le diphologolo le tikologo. O ka kgatsha mo molelwaneng wa tshimo kgotsa fa thoko ga tsela ya polase.



Netefatsa gore o minolosa tanka ya sekgatshi ka mokgwa o o tsamaelanang ka nepo le setshwaokaelo sa sebolayasenyi. O se ke wa bula dinosele fela le go o tlogela o tshologela mo mmung. Tsenya dinko tsa dinosele tsa mothamo o mogolo go bona mokgwa o o bonako le wa semolao wa go latlha motsokotso wa sekgatshi. Lentle la sekgatshi le lona le tshwanetse go tlhatswiwa. Gape, fa o tsokotsa sekgatshi o se ka wa tlhola megojwana ya metsi a a emeng a a ka fitlhelelwang ke bana, meotlwana, loruo le diphologolo tsa naga.



Kgato 3 : Minolosa 

Go latlha motsokotso wa sebolayasenyi go ya ka ditaelo tsa setshwaokaelo, tshela motsokotso mo lefelong foo dikuno tse di tlaa dirisiwang (gape, mo molelwaneng wa tshimo foo khemikale e kgatshitsweng, gantsi ke lone lefelo le le tshwanetseng). Boeletsa tirego ya minoloso morago ga kgotlololo le go tsokoletsa sekgatshi. Netefatsa gape gore o minolosa metsi a motsokotso a a phepa mo tankeng pele ga poloko go efoga tshenyo e e ka tlholwang ke go gatsela ga metsi ka fa gare.



Kgato 4 : Tlhatlhoba 

Morago ga motsokotso wa bofelo o ka tlhatlhoba sekgatshi sa gago le go dira dipaakanyo le diphetolo tse di tlhokegang. Le mororo sekgatshi se phepafaditswe, apara ditlamelwanatshireletso tsa sebele ka gale. Masalela mangwe a ka salela mo godimo le mo teng ga sekgatshi.



Dilo tse o ka di tlhokomelang ka nako le morago ga phepafatso:

Dinosele tse di sa nyalaneng kgotsa onetseng;

Disekirine tsa dinosele tse di senyegileng;

Disekirine tsa disefo tse di senyegileng;

Maphanyego, ditutlo le tiragatso ka kakaretso mo pompong;

Maemo a lethompo bogolosegolo bothubego le maphanyego;

Maemo a belofo, go bona ditutlo tse di ka nnang teng kgotsa mafelo ao disili di ka bong di repile; le 

Sebopego sa “boom” go bona maphanyego mangwe le mangwe a a ka baakanngwang.



Kgato 5 : Boloka 

Jaanong ka sekgatshi se phepafaditswe ka botlalo, o ka batla go ntsha dikarolo dingwe tsa sona tse di sa senyegang ka nako ya poloko.

Tlosa disefo (difeletara) mme o di tlhatswe ka mabogo ka metsi a sesepa (gakologelwa go rwala ditlelafo tsa kemelano le khemikale), di tsokotse mme o ka di boloka kgotsa wa di busetsa mo sekgatshing.

Tlhokomela dinosele, mebele ya dinosele ka kelotlhoko e e kgethegileng, mme o tlhatlhobe dibelofo. Masalela a khemikale a ka agelela mo dikgaolong tse mme a omelela mo marigeng, le go fokotsa setlhogo tiragatso ya sekgatshi mo setlheng se se tlang.

Tlosa dintlhana tsa nosele, disekirine, tlhatlhoba dibelofo, dikhurumelo le mebele ya dinosele go tswa mo dikopanong tsa mmele wa nosele. Gokela dikopano ka nepo.

Phepafatsa le go tsokotsa dintlhana tsa dinosele, mebele ya nosele mme o tlhatlhobe dibelofo. Di boloke mo sebolokelong se se tshwailweng. Boloka dibelofo tse di tlhatlhobilweng mo themphereitšheng ya phaposi mo marigeng go efoga tshenyo e e ka tlholwang ke kgatselo ya dithemphereitšha. 

 Tlosa dilekanyokgatelelo tsotlhe mme o khurumele diphatlhana tsotlhe mo sekgatshing. Boloka dilekanyi foo di ka se keng tsa gatsela kgotsa senyega.

Kwa bokhutlong, dikolosa sethibelakgatselo go ralala sekgatshi le polambing yotlhe go akaretsa “diboom”, dibelofo, dimenifouloto, dimetara, tsa kelelo le dillaene tsa kgotlhokgotso. Tlogela sethibelakgatselo go dikologa mo mathompong a “boom”. Se se tlaa silega legare la lethompo go thibela go oma le go phanyega. Go khurumela dintlhana tsotlhe tsa dinosele tsa “boom” go tlaa thusa go tshola sethibelakgatselo mo thulaganyong e, fela o ka tlhoka go bula nosele e le nngwe kgotsa tse pedi go letla sethibelakgatselo go dikologa le “boom”. Fa sethibelakgatselo se setse se tladitse thulaganyo yotlhe ka botlalo khurumela dinosele tseo.

Maikaelelo a kgato ya poloko ke gore sethibelakgatselo se kgorometse metsi a a saletseng a a ka bong a le mo thulaganyong le go silega mateng a dikarolwana tsotlhe. Letla sethibelakgatselo go nna mo pompong le dibelofo go efoga go rusa le tshenyo e e ka tlholwang ke mowa o o bongola o o ka bong o tshwaregile mo thulaganyong. Ka ntlha ya fa badiri bangwe ba tlosa pompo pele ga poloko, tlhomo ya dibelofo tse di tswalang mo matlhakoreng oobedi go ka bebofatsa tirego e. 

Sethibelakgatselo sa dirori tsa boithabiso ke sona ka tlwaelo se dirisiwang mo polokong ya dikgatshi tsa temothuo. Go farologana le sethibelakgatselo sa “automotive” ga se botlhole thata jalo mo diphologolong. Le mororo dikuno tsa sethibelakgatselo ya dirori tsa boithabiso di gatsela mo maemong a tsididi thata, ga di a tshwanela go rema. Le fa go ntse jalo, buisa ka gale setshwaokaelo sa sethibelakgatselo go netefatsa gore se tlaa diragatsa mo maemong a mariga a gago.

Jaanong ka sekgatshi se phepafaditswe, se kgotlolotswe le go tlhokomelwa mo marigeng, se siametse go bolokwa. Go mo pepeneneng gore poloko e e eletsegang ke ya ka fa tlase ga marulelo, kgakala le tshotlakako ya dielemente. Fela lefelo le le khurumeditsweng lengwe le lengwe le o le tlhophang le tshwanetse go nna kgakala thata le diedi le menontsha. Lorole le masalela go tswa dikunong tse, di ka ja pente le ditshipi mo sekgatshing.

Fa o sa batle go dirisa itlhophelo ya sethibelakgatselo mo polokong, ke mokgwatiriso o o siameng go tlosa pompo ya yunite ya sekgatshi mme o e boloke mo bobolokelong go emela setlha se se latelang. Gantsi metsi a nna mo pompong mme mo dikgweding tse di tsididi tsa mariga, metsi a a mo pompong a a gatsela mme a bo a thuba pompo –a e dira gore e tlhoke mosola.





