Maintenance								Tswana



Go diragatseng ka tlamelo?



Instructions: 

Folio strap: Tlamelo

Byline: Jane McPherson, Motsamaisilenaneo wa Lenaneotlhabololo la Grain SA



Ditshwantsho tse tsa koko e elametse mo dikgamelong tsa polantere le mae a beetswe mo thulubokosong ya terekere, di re tsibositse ka tlamelo ya dimatšhine. Konalo e ga e diragale ka letsatsi le le lengwe – ke dipholo tsa tlhokatlhokomelo ya dikgwedi le dingwaga tse dintsi. 



Tirisometshine ke karolotshwaragano ya temothuo ya kgwelo – kwa ntle ga yona re lekanyeditswe mo selekanyong sa tiro e motho a le mongwe a ka e dirang mo letsatsing le le lengwe. Tlamelo ya dimatšhine e setseele mokgwa wa botshelo – tlhokomelonyana ya letsatsi le letsatsi mme ka jalo ga go ka ke ga nna le mathata.



Tlobego gantsi e diragala fa terekere kgotsa sediriso se dira – fela gape ke yona tota nako e o di tlhokang ka yona. Fela le gale fa o ka tsaya tsia tlamelo ya thibelo, o ka ipolokela madi a man le nako e ntsi. Nako ya kemisotiro mo moleming ka setlha sa tshemelelo e ka tlhola tswelelopele kgotsa poelomorago mo moleming.



Eno ke Pula ya Sedimonthole e bile ke nngwe ya dikgwedi tse mo go tsone balemirui ba bantsi ba semeletseng mo masimong a bona – ba jala dijalo tsa mmidi tsa bofelo, ba tlhagola masimo go laola mofero, ba kgatshetsa sebokophetlhi le go roba korong ya bona. Go na le dikgakololo di se kae tse di ka go solegelang molemo.



Tlamelo ya letsatsi le letsatsi mo terekereng e botlhokwa thata go feta jaaka badirisi ba bantsi ba dumela. Sekao: fa o ka palelwa ke go tlhatlhoba le go tlamela terekere letsatsi le letsatsi, go ka diragala tse di latelang:

Setlhatswamowa (Air cleaner) se ka thibana ka ntlha ya leswe, le go tlhola tiriso e e kwa godimo ya leokwane le tatlhegelo ya maatla;

Setlhatswamowa se ka phunyega marobana le go letla leswe go tsena mo enjeneng, le go tlhola konalo pele ga nako;

Mothamo wa oli ya kerenkekheise e ka wela tlase, le go tlhola tshenyego e e boitshegang mo enjeneng ka ntlha ya tlhaelo e e lekaneng ya togetso;

Oli e e mo kerenkekheising e ka nna leswe, mme ya tlhola konalo e kgolo mo dikarolong tsa enjene tse di ka fa teng;

Thulaganyo ya tsidifatso e ka latlhegelwa ke setsidifatsi mme sa dira gore enjene e gotele go feta, le go tlhola tshenyego ya dibering, diphisetene le dibelofo;

Modutwana wa magweregwere a leokwane o ka thibana ka leswe le go dira enjene go tsamaya bokete kgotsa gona go ema (go duma);

Dikarolo tse di repileng kgotsa dikarolo tse di sa setelegang di ka tlholega (feila), tsa wa kgotsa tsa senyega, le go dira gore terekere e se ke ya babalesega go dirisiwa.



Thibela konalo le tshenyego tse di tlhotlhwagodimo tse, ka go tsaya metsotso e se kae letsatsi lenqwe le lengwe pele o dumisa terekere ya gago, go dira tlamelo e e latelang mo terekereng:

Tlhola le go tlamela setlhatswamowa.

Tlhola mothamo wa oli ya kerenkekheise.

Tlhola mothamo wa seedi sa thulaganyo ya tsidifatso.

Logetsa dikarolo tsotlhe tse di kirisiwang.

Tlhola modutwana wa magweregwere a leokwane.



Se se ka utlwala jaaka tiro e ntsi, fela fa o ka latela tsamaiso e potlana e, terekere ya gago e tlaa tswelela go go direla mme o tlaa roba dijalo tse di itumedisang kwa bokhutlong jwa setlha.



Kwa bokhutlong jwa setlha sa selemo, didiriso tse dintsi di bewa go fitlha setlha se se latelang. Pele o baya didiriso akanya tse di latelang:

Tlosa leswe lotlhe, mmu o o bopeletseng le kirisi e e leswe mo motšhineng.

Penta mafelo a pente e kgobogileng mo go ona.

Tshasa dikarolo tse di tsenang mo mmung ka pente kgotsa kirisi e ntsi go thibela go rusa.

Logetsa motšhine otlhe jaaka go atlanegisiwa mo kaeding ya modirisi.

Boloka didiriso ka fa gare (fa go kgonega) go thibela go onala.

Tsholetsa sediriso mme o se tshegetse go efosa boima mo dithaereng. Sireletsa dithaere mo letsatsing fa e le gore didiriso di beilwe kwa ntle (kgetse fela e siame).

Fa didiriso e le tsa haeterolike, tsenya lloko ya pabalesego le go tlosa kgatelelo mo diselintara tsa haeterolike kgotsa o digele motšhine fa fatshe. Gogela diselintara tsotlhe kwa morago go sireletsa diroto tsa diselintara mo go ruseng.



Ka nako e, dipolantere di tshwanetse tsa bo di setse di feditse tiro ya tsona ya botlhokwa ya go tsenya peo le monontsha mo mmung – jaanong ke nako ya tsona ya go bona tlhokomelo e nnye fela:

Tlhotlhora le go tlhatswa dibokose tsa monontsha, dibolayatlhatshana le dibolayadisenyi, gammogo le mase a dihopore tsa peo go thibela rusu le jego.

Tlhola dikarolo tse di onetseng kgotsa robegileng le go baakanya pele setlha sa jalo se se latelang.

Tshasa dibulaforo, dithipa kgotsa dikhabara tsa didiseke le dikarolo tse dingwe tsotlhe tse di pholetšhilweng ka oli kgotsa kirisi go thibela go rusa.

Logetsa dibering tsotlhe.

Lotlelela dimmakhase di le mo maemong a go tsamaya le go boloka polantere mo kagong.

Tshegetsa polantere ka diboloko ka maotwana a sa kgoma lefatshe kgotsa bodilo.





