Machinery (Maize)								 SETSWANA
Go tlhokomela metšhine fa lethuuthuu le fedile
Instructions:
Folio strap: Tlamelo
Byline: Tshedimosetso e tswa mo Khosong ya Tlamelo ya Terekere le Didiriso tsa Polase
Mo setlheng sa selemo sa letlhanetlhane, go nna le lethuuthuu la gale la go batla go dira tiro yotlhe mo nakong e e leng gona. Bogolosegolo mo setlheng sa selemo se se fetileng dipula di nele thari thata ka jalo nako e e gona e ne e le botlhokwa go gaisa metlha yotlhe.
Ka gale, mo nakong e ya ngodiego, tlamelo le phepafatso ya diterekere le didiriso, di isiwa kwa tlasetlase mo lenaneong la ditlapele. Ka jaanong lethuuthuu le fetile, dira nako go tlhokomela didiriso tsa gago.
Tlamelo ya didiriso 
Dira tse di latelang mo didirisong tsotlhe:
Phepafatsa mmu, matlakala le bomoto jwa kirisi mo didirisong mme o pente mafelo a a kgobogileng kgotsa a onetse. Se se thibela rusu go senya didiriso le go leelefatsa botshelo jwa tsona.
Logetsa motšhine kgotsa sediriso sotlhe go ya ka dikatlanegiso tsa kaedi ya modirisi.
Go nna le poloko e e babalesegileng, fa go na le dikarolo tse di phuthegang, di digele tlase go kgoma lefatshe.
Sireletsa botlase le dikouletere mo rusung ka go di mota ka kirisi kgotsa pente ya sithebelarusu ya botlase jwa mogoma.
Kolaganya dikarolo kgotsa dipaakanyo dife le dife tse di tlhokegang. Di reke le go di tsenya pele ga setlha se se tlang.
Fa go kgonegang boloka didiriso ka fa gare mme o tlose bokete mo dithaereng.
Baya diboto ka fa tlase ga botlase go thibela go kgoma lefatshe le go rusa.
Golola disilentara tsa haeteroliki kgotsa o di somole gotlhelele go thibela diroto tsa silentara go rusa.
Tlamelo ya polantere 
Paakanyo e e tshwanetseng ya polantere e e jalang ka mela e ka raya pharologanyo magareng ga dijalo tse di nang le poelo le ditatlhegelo tse di boitshegang. Tlhopho, thothetso, khurumetso le katelo ya peo ke ditiro tse di masisi thata mo tirong ya ntshokuno ya dijalo. Fa polantere e sa dire sentle ka ntlha ya tlamelo e e bokoa, gona dipholo tse di ka nnang ke thobo e e kwa tlase go na le e e neng e solofetswe. Go tshwanetse go dirwe tse di latelang:
Thulega le go phepafatsa dibokoso tsa menontsha, dibolayatlhatshana le dibolayatshenekegi, gammogo le botlase jwa dikgamelo tsa peo go thibela rusu le jego.
Tlhola dikarolo tse di onetseng kgotsa robegileng, mme o tsenye tse di siameng pele ga setlhajalo se se latelang.
Tshasa dibulaforo, dikhurumetsathipa kgotsa diseke le dikgaolo dife kana dife tse dingwe tse di pholitšhiwang ka oli kgotsa kirisi go thibela go rusa.
Logetsa dibering tsotlhe.
Lotlelela ditshwai mo maemong a thoro mme o boloke polantere ka mo kagong. Baya polantere mo dibolokong maotwana a sa kgoma lefatshe kgotsa bodito.
