Livestock (Maize)								Setswana 
Oketsa poelo ya gago ka loruo
Instructions:
Folio strap: Tlaleletsoboleng
Byline: Kgannyana e tla ka Jane McPherson le Willie Kotzé 
Photo:	Ditshwantsho tsa kgomo 
Caption 1: Setshwantsho se se bontsha dikarolo tsa tsela ya tshilo ya dijo ya kgomo.
Caption 2: Mogodu le diteng tsa ona (moswang).
Caption 3: Setshwantsho se se atametseng thata sa lobota la mogodu.
Caption 4: Lobota lwa marakanamantsi.
Caption 5: Ponalo ya ditogwa tse di menaganeng tsa lobota lwa ntshothwane. 
Fela jaaka rotlhe re lemoga, temothuo ke kgwebo mme gore e tswelele, kgwebo e tlhoka go dira poelo. Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, go oketsegile go nna bokete thata go dira dipoelo mo ntshokunong ya mmidi.
Ditshenyegelo tsa ditsenngwateng di tsweletse go oketsega mme tlhotlhwa ya dithoro ga e kgone go lepalepana le se. Gajaana bantshakuno ba leka bojotlhe go oketsa go boelwa mo temong ya mmidi. Go na le ditsela tse di farologaneng tsa go atlega mo go se mme tsela e nngwe ya tsona ke go tsenya ntlha ya loruo. 
Bontsi jwa bantshakuno bo na le loruo: dikgomo, dinku, le dipodi. Di fula mo lefatsheng la phulo leo gantsi le lekaneng fela setlha sa selemo, fela gantsi ga go dirwe tlamelo e e lekaneng ya go fepa loruo le mo dikgweding tsa mariga. Fa o batla go nna, kgotsa o itsaya jaaka montshakuno wa loruo, o tshwanetse o akanye thata ka go nna montshakuno wa furu; o ka rua loruo fela fa o na le dijo tse di ka di jang. 
Gore o kgone go fitlhelela phitlhelelo e e kwa godimo ya loruo, go botlhokwa go tlhaloganya gore thulaganyo ya tshilodijo ya seotli e dira jang. Ka bokhutshwane, go na le mefuta e mebedi ya dithulaganyo tsa tshilodijo mo diphologolong tsa legae, tsa mogodumongwe, sekao kolobe, pitse (le motho) le diotli, sekao; dikgomo, dinku, dipodi (le difudi tsa bojang tse dingwe). Seotli se na le megodu e le mene, e mongwe le mongwe wa yona o nang le tiro e e kgethegileng. 
Mo letsatsing le le tlwaelegileng la kgomo, e tlaa tlhoka go fula diura di le robedi (go ja digwata), mme tse dingwe tse robedi e tlaa bo e robetse, mme tse dingwe tse di robedi e tlaa di dirisetsa go otla. Fa kgomo e sena go ja bojang e nwa metsi mme e bo e iketla go simolola tirego ya tshilodijo. Bogolo jwa dikarolwana tsa bojang jo bo jelweng fa e fula di dikgolo, mme ka jalo kgomo e kgobola bongwe jwa bojang le go bo tlhafuna lwa bobedi go dira gore dikarolwana di nne dinnye le go bo tlhakatlhakanya le mathe (a a tlhokelwang tshilodijo). Tshugo e ya semekhenike e dira gore go nne bonolo mo ditsenngwatennyeng go iphepa ka jona (go tlaa anelwa ka yona kgantelenyana mo kgannyanneng e). 
Tsela ya tshilodijo ya seotli 
Go simolola puisano, a re lebe tsela ya tshilodijo ya seotli.
Molomo
Molomo o dira tshimologo ya tirego yotlhe ka gore dijo di tshwanetse go jewa. Molomo o akaretsa boalo jwa meno (a a tlhogang morago ga tsalo), loleme le dikgeleswa tsa mathe. Go a kgonega go netefatsa dingwaga tsa seotli ka go lebelela meno a sona ka gore meno mangwe a tlhoga morago ga dingwaga tse di rileng: 
Tsela ya tshilodijo ya seotli 
Mometso o o leng tšhupu e e o golaganyang le molomo wa mogodu wa ntlha (o o bidiwang mogodu). 
Mogodu 
Mogodu kgotsa mogodu wa ntlha, o dira jaaka pidisetso e kgolo. Ga go na okosijene (mowa) mo mogodung mme ke sona se o bidiwang gore o anerobiki. Mogodu o tsentse dijo le digwata (roughage) (matheriale o o tshwanang le tlhaga) tse di jewang ke kgomo mme o na le mothamo wa diletara di le 100 - 120. Kgomo e e godileng e tlhoka go ja go batla go nna dikhilogeramo di le lesome tsa matheriale o omileng le diletara di le 50 tsa metsi ka letsatsi. Diteng tsa mogodu di tsholwa di tsamaya ka dinako tsotlhe. 
Mogodu le diteng tsa ona
Mo mogodung go na le ditshedinnye tseo di thugang bojang go nna mo sebopegong se se ka silwang ke kgomo. Kwa ntle ga dibaketheria tsa mogodu le potorosoa kgomo e ne e ka se ke ya sila dijo dipe. Baketheria ya mogodu e sila digwata go dira diesete tsa mafura tse di sa nnesigeng, go dira poroteine le dibetamine. 
Ditshedinnye tsa mogodu di dira ka mefuta e e kgethegileng ya digwata, go na le ditshetsana tse di farologaneng tsa difepi tse di farologaneng. Ke sona se go tlhokegang go tshola njo ya kgomo e sa fetofetoge ka fa o ka kgonang ka teng le go tlhagisa diphetogo ka bonya. Fa njo e fetolwa, ditshetsana tse di farologaneng di tlhoka go itsadisa go ka ikgontsha go mekamekana le dijo tse dintšhwa, mme se se tsaya malatsi a a ka nnang mararo. 
Marakanamantsi 
Marakanamantsi o itsege jaaka mogodu wa bobedi. Se se dira jaaka tsela magareng ga mogodu (wa ntlha) le ntshothwane (mogodu wa boraro koo monyelo ya metsi e diragalang gona). Marakanamantsi gape o dira jaaka serai sa selwana sengwe le sengwe se se sa silegeng se se ka bong se meditswe ke kgomo, sekao lenathwana la bothale, kgotsa letlapa, jalojalo. 
Ntshothwane 
Ntshothwane ke mogodu wa boraro mme o dirwa ka ditogwa tse di menaganeng di le dintsintsi. Tiro kgolo ya ona ke monyelo ya metsi. 
Ngati
Ngati ke mogodu wa bone le wa bofelo koo dijo tse di otlilweng tsa bo tsa otliwa di berekwang gona ke diensaeme tsa tshilodijo e le gore di fetolele dijo mo sebopegong se di ka monyelwang ke mala a masesane.
Mala a masesane 
Mala a masesane ke gona kwa monyelo e diragalang gona. Kwa bofelong dijo di tsenelela mo methapong ya madi a kgomo mme di isiwa kwa dirweng tse di farologaneng tsa kgomo go tsweledisa pele. 
Bokhutlo
Go tswa mo mmuisanong o o bonolo o o fa godimo, o simolola go lemoga gore go botlhokwa thata jang go fepa loruo lwa gago ka tshwanelo. Lobaka lwa go rua loruo e ka tswa e le go rekisa dikuno tsa lona (jaaka mašwi), boboa (nku kgotsa podi), kgotsa go rekisa bana ba tsona (dinamane, dikonyana le dipotsane), kgotsa go ja nama ya tsona. Fa diphologolo di fepilwe sentle, le go tlhokomelwa, di tlaa kgona go go tsalela mme ka tsela e tsa tshwaela mo go direng poelo mo kgwebong ya temothuo ya gago. 
